Jump to content

Thenjiwe Lesabe

Go tswa ko Wikipedia

Thenjiwe Lesabe e ne e le motshegetsi wa bosetšhaba wa Zimbabwe yo gape e neng e le morutabana, mogale wa ntwa le molweladitshwanelo tsa sepolotiki.

Botshelo jwa pele le tiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Khumalo o tsholetswe kwa Hope Fountain gaufi le Bulawayo ka Firikgong a tlhola malatsi a le matlhano ka ngwaga wa 1932. O tsene sekolo se sebotlana sa White Water mme morago a katisiwa go nna morutabana kwa Hope Fountain. E ne e le morutabana kwa sekolong se sebotlana sa Lotshe kwa Mkokoba pele a tlogela tiro ka 1949 mme a ikopanya le Bantu Mirror jaaka mmegadikgang.[1]

Bolweladitshwanelo tsa sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Magareng ga 1949 le 1953 e ne e le molweladitshwanelo tsa sepolotiki mo setlhopheng sa loago se se bidiwang Gama Sigma Club se se neng se lebagane le dikgang tsa loago tsa Maaforika. Ka 1957 o ne a tsenelela Khonkerese ya Bosetšhaba ya Aforika ya Borwa jwa Rhodesia a nna mongwe wa maloko a ntlha a lekoko.[2]

Ka 1960, o ne a nna leloko la National Democratic Party mme a tlhophiwa go nna modulasetilo wa Komiti ya Kgaolo ya Bulawayo kwa komiting ya ntlha ya makala a a farologaneng. Jaaka modulasetilo o ne a kopanya mafelo a mabedi a Mzilikazi le Barbourfields mme a bopa lekalana le le bidiwang Mziba.

Morago ga go thibelwa ga NDP le go tlhamiwa ga ZAPU, Lesabe o ne a nna mo maemong a gagwe a go nna modulasetilo wa Women's League mo lekokong le leša go fitlha lekoko le lone le thibelwa ka 1962.[3]

Lesabe o ne a tswelela ka go nna molweladitshwanelo le fa lekoko le ne le thibetswe mme moragonyana a nna karolo ya Lekgotla la Batlhokomedi ba Batho (PCC)[4] le mo go lone a neng a tlhophiwa go nna leloko la Lekgotla la Bosetšhaba. PCC (e e neng e le sediriswa sa ZAPU go tshaba thibelo) ka boyone e ne ya thibelwa ka 1964.

Magareng ga 1970 le 1974 o ne a tsamaya lelefatshe a letsa meropa ya tshegetso ya ZAPU. Kwa Khonkereseng ya ANC ka 1975 o ne a tlhophiwa go nna Mokhuduthamaga wa Bosetšhaba jaaka tlhogo ya ZAWU fa Josiah Chinamano a ne a tlhophiwa go nna mothusatautona mme Joseph Msika a ne a dirwa Mokwaledikakaretso.

Moragonyana o ne a fudugela kwa Zambia fa ntwa ya kgololesego e ne e gakala mme a newa taolo ya go buisana le baagi ba boditšhabatšhaba le go ngoka boipuso.

Lesabe o tlhophilwe go nna Leloko la Palamente la Matobo ka thekethe ya PF-Zapu morago ga boipuso. Ka 1984 o ne a tlhophiwa go nna tlhogo ya ZAWU kwa Khonkereseng ya ZAPU.

Morago ga go saeniwa ga Tumalano ya Kutlwano magareng ga ZANU le ZAPU, o ne a dirwa mothusatona wa Bojanala mme a direla mo Komiting ya Basadi fa a le mo ZANU PF. Ka 2009 o ne a tswa mo ZANU PF mme a boela kwa ZAPU.

Lesabe o tlhokafetse ka 2011 mme a ganelwa ka maemo a bogaka mme a newa phitlho ya puso.[5] Go tloga ka 2003 go fitlha a tlhokafala o ne a bewa mo lenaaneng la dikiletso tsa United States.

  1. "Bantu mirror." (in en). The Library of Congress. https://www.loc.gov/item/sn97059030.
  2. "1932 to 2011: the life of Thenjiwe Lesabe". www.newzimbabwe.com. Archived from the original on 3 March 2018. Retrieved 2018-03-07.
  3. "About Thenjiwe Lesabe - Pindula, Local Knowledge". www.pindula.co.zw (in Sekgoa). Retrieved 2018-03-07.
  4. Mpofu, J. M. (2014-09-09). MY LIFE IN THE STRUGGLE FOR THE LIBERATION OF ZIMBABWE (in Sekgoa). AuthorHouse. ISBN 9781496983244.
  5. "Nhloko declared national hero, Lesabe gets state funeral". https://www.herald.co.zw/nhloko-declared-national-hero-lesabe-gets-state-funeral/.