Thenjiwe Mtintso
| Thenjiwe Mtintso | |
|---|---|
| Moemedi wa Aforika Borwa kwa Romania | |
| In office 2014–2016 | |
| President | Jacob Zuma |
| Pele Ga Gagwe | Duduzile Moerane Khoza |
| Morago Ga Gagwe | Jabu Mbalula |
| Mothusa mokwaledi wa African National Congress | |
| In office 1997–2004 | |
| Mopalamente wa Aforika Borwa | |
| In office Moranang a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1994 – Seetebosigo a le malatsi a mabedi ngwaga wa 1999 | |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Ngwanatsele a le malatsi a supa ngwaga wa 1950 Soweto Johannesburg Aforika Borwa |
Thenjiwe Mtintso (o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le malatsi a supa ngwaga wa 1950) ke molweladitshwanelo o o kgatlhanong le puso ya tlhaolele, mopolotiki le moemedi wa mafatshe wa kwa Aforika Borwa, o o berekileng mo maemong a a kwa godimo mo phathing ya African National Congress (ANC), Soutth African Communist Party (SACP), gape e le lebutswapele ka phathi ya uMkhonto we Sizwe.[1]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Thenjiwe o tsholetswe kwa Soweto,Johannesburg, a bo a golela teng. Ke morwadie Hanna "MaRadebe" Mtintso le Gana Makabeni, o a berekileng mo lekgotleng la babereki e le leloko la African National Congress (ANC).[2][3] Thenjiwe o ne a nna moithuti wa molweladitshwanelo mo lekgotleng la baithuti la Aforika Borwa la SASO le Black Conscious Movement (BCM) ka nako ya fa a le moithuti kwa University of Fort Hare.
Mangwe a maiphitlhelo a ga Thenjiwe le molao wa puso ya tlhaolele, ke fa a ne a tshwarwe ka Phalane 1976. Fa a tshwerwe, o ne a atlholelwa tsheegelo kwa thoko ya dingwag tsa tlhano ka Morule ngwaga wa 1976. Morago ga malatsi a le makgolo mabedi masome a robabobedi le bobedi a le mo kgolegelong, ene le Joyce Mokhesi ba ne ba gololwa.[1]
Ka 1977, fa Steve Biko, molweladitshwanelo o a neng a bereka le ene, a sena go bolawa ke mapodisi fa a emetse tsheko, o ne a tshaba. Morago ga loso lwa ga Biko, o ne a fudugela kwa Lesotho go nna bontlha kwa UMkhonto we Sizwe (ka SeZulu le seXhosa mafoko a a raya: tshaka ya setshaba) lekalana la ANC, le SACP.[1]
O ne a tlhophiwa go ya palamenteng morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa Aforika Borwa tsa batho ba ditso le merafe yotlhe ka 1994, e ne e le modulasetilo wa komiti ya tekatekano ya bong ka 1997.[4] Fa e sale ka 2007, o berekile e le moemedi wa Aforika Borwa kwa Cuba (go tswa ka 2003 go tsena 2008) kwa Italy (go tswa ka 2009 go tsena 2012, kwa Romania (go tswa ka 2014 go tsena 2016), le kwa Spain ( go tswa ka 2019 go tsena 2022).[2][5][6]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 "Thenjiwe Mtintso - Biography & Facts". Encyclopedia Britannica. Retrieved 24 November 2025
- 1 2 "Thenjiwe Mtintso". South African History Online. Retrieved 24 November 2025
- ↑ Service, United States Joint Publications Research (1978). Translations on Sub-Saharan Africa. p. 49.
- ↑ Muna., Ndulo (2007). Democratic reform in Africa : its impact on governance & poverty alleviation. James Currey. p. 157. ISBN 978-0-8214-1721-8. OCLC 1101267180.
- ↑ Collison, Carl (27 October 2017). "Women freedom fighters tell of sexual abuse in camps". The Mail & Guardian. Retrieved 24 November 2025
- ↑ "Profile for Commissioner Thenjiwe Mtintso" (PDF). www.ru.ac.za/. Archived (PDF) from the original on 7 August 2025. Retrieved 24 November 2025