Jump to content

Theo-Ben Gurirab

Go tswa ko Wikipedia
Theo-Ben Gurirab
Theo-Ben Guribab ka 2006

Theo-Ben Gurirab ( o o tshotsweng ka Firikgong a le masome mabedi le boraro nwgaga wa 1938 a tlhokafala ka Phukwi a le lesome le bone ngwaga wa 2018) e ne e le mopolotiki wa Namibia o o berekileng mo maemong a puso a a farologaneng.[1] O berekile e le tonakgolo wa bobedi wa Namibia go tswa ka Phatwe a le masome mabedi le borobabobedi ngwaga wa 2002 go tsena Mopitlo a le malatsi a le masome mabedi ngwaga wa 2005, morago ga go fokodiwa maemo le go ithola marapo ga ga Hage Geingob. Pele e ne e le tona wa pele wa mafatshe a sele go tswa ka 1990 go tsena 2002 a nna tautona wa palamente ya United Nations go tswa ka 1999 go tsena 2000. O ne a nna motsamaisa dipuisano tsa palamente ya Namibia go tswa ka 2005 go tsena 2015,[2] fa a ne a tlhatlhamiwa ke Peter Katjavivi. Gurirab o ne a felela a ithola marapo mo polotiking ka 2015.

Botshelo jwa a le mmotlana ke thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Guirab o tshotswe ka Firikgong a le masome mabedi le boraro ngwaga wa 1938[3] kwa Usakos kwa kgaolong ya Erongo. Ka ngwaga wa 1960 o ne a aloga mo dithutong tsa diploma tsa go ruta ka nako ya a le kwa sekolong se segolwane sa Augustineum kwa Okahandja, ka 1964 fa a tshabile a le kwa United States, o ne a aloga ka degree tsa sepolotiki go tswa kwa Temple University kwa Pennsylvania.[4]

Tiro ya gagwe ya sepolotiki

[fetola | Fetola Motswedi]

Gurirab o ne a tshabile go tswa ka 1962 go tsena 1989. Pele o ne a tshabela kwa Tanganyika, kwa a neng a fenya dithuso tsa madi tsa United Nations a fudugela kwa United States.[5] E ne e le mothusa moemedi wa SWAPO kwa United Nations le United States go tswa ka 1964 go tsena 1972, a nna tlhogo ya bodiredi jwa SWAPO kwa United Nations go tswa ka 1972 go tsena 1986. Morago o ne a nna mokwaledi wa SWAPO wa mafatshe a sele go tswa ka 1986 go tsena 1990.[6]

E ne e le leloko la SWAPO la palamente e e neng e tsweletse ka Ngwanatsele ngwaga wa 1989 go tsena Mopitlo ngwaga wa 1990, pele fela ga boipuso,[7] ebile a nnile le seabe se segolo mo go kwaleng molaomotheo wa Namibia.[4] Go tswa ka 1990 go tsena 2015 o ne a nna leloko la palamente,[6] a bereka gape mo komiting ya legare ya SWAPO.[4] E ne e le tona wa mafatshe a sele go tswa ka boipuso jwa 1990 go fitlhelela a tlhophiwa ke tautona Sam Nujoma go nna tonakgolo ka Phatwe a le masome mabedi le bosupa ngwaga wa 2002,a tlhatlhama Hage Geingob.[8]

Fa a bereka e le tona wa mafatshe a sele, o ne a tlhophiwa go nna tautona wa United Nations General Assembly ka Lwetse a le lesome le bone ngwaga wa 1999, a dira mo maemong ao go fitlhelela ka Lwetse 2000.[9] Mo dikatlegong tsa ga Gurirab kwa UN go na le go nna modulasetilo wa dipuisano tse di bakileng go busediwa ga Walvis Bay kwa kgaolong ya Namibia, e le go tlhomamisa tharabololo ya khansele ya tshireletso ya makgolo a mane, masome a mararo le bobedi.[5]

Morago ga ditlhopho tsa 2004, Gurirab o ne a tlhophiwa go nna molaola dipuisano tsa palamente kwa tshimologong ya sebaka sa palamente sa Mopitlo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 2005.[6][10]

O ne a amogela ditalama tse di neng di le kwa godimo mo maemong a borataro, di le makgolo a mararo, masome a supa le bosupa mo tlhophong ya komiti ya legare ya SWAPO kwa bokopanong jwa ngwaga le ngwaga jwa Phatwe 2002.[11] O ne a nna mongwe wa ba bakwa godimo ka ditlhopho gape mo ditlhophong tsa komiti ya legare ya Ngwanatsele 2007.[12]

Go tswa ka 2008 go tsena 2011,[13] Gurirab e ne e le tautona wa dipalamente tse di kopaneng (IPU), lekgotla la dipalamente tsa mafatshe a a kopaneng.[14]

Gurirab o ne a tlhophiwa gape mo palamenteng mo diltlhophong tsa bopalamente tsa 2009, tse mo go tsone SWAPO e neng ya nna le palo e ntsi go fetisa tse dingwe ya ditilo. Fa mapalamente a nna mo ditiling tsa one ka Mopitlo a le masome mabedi ngwaga wa 2010, ba ne ba dumalana ka mowa o le mongwe go busetsa Gurirab mo maemong a go tsamaisa dipuisano tsa palamente. Fa a bua ka nako ya tiragalo eo, Gurirab o ne a gatelela botlhokwa jwa molaomotheo: "jaaka mongwe wa bakwadi ba one, ebile ke le mongwe wa matona a a berekileng ka lobaka, le batlhami ba lefatshe la rona, ke itse ka tebelopele e molaomotheo e o o fang Namibia, ga mmogo le tsholofetso ya bokopano, kagisano, puso ya batho ka batho, molao, seriti sa batho, le maitlamo a go sireletsa se re se kgobokantseng mo tshokolong ya kgololesego le boipuso."[15]

Ka Phatwe 2014, fa SWAPO e tlhopha baemedi ba bo palamente ba ditlhopho tsa Ngwanatsele 2014, Gurirab o ne a seo mo go bone.[16] Fa palamente e simolola go kopana ka Mopitlo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 2015, Gurirab o ne a tlhatlhamiwa ke Peter Katjavivi.[17]

Gurirab o tlhokafaletse kwa sepateleng sa Windhoek ka Phukwi a le lesome le bone ngwaga wa 2018 ka ditiragalo tsa tlwaelesego.[18] O bolokilwe kwa mabitleng a bagaka.

  • 1999: Bongaka jwa molao, kwa University of Namibia[4]
  • Maemo a ntlha a Order of the sun[4]
  • Fa e sale ka 2002: leloko la lekgotla la mafatshefatshe la Raoul Wallenberg[13]
  1. Krasno, Jean E. "Interview with: Theo-Ben Gurirab". United Nations Dag Hammarskjöld Library. Archived from the original on 15 July 2018. Retrieved 08 October 2025.
  2. "Gurirab Theo Ben". www.parliament.na. Archived from the original on 2 May 2021. Retrieved 08 October 2025.
  3. September, Andre (23 January 2018). "Theo-Ben Gurirab at 80 – a personal reflection". The Namibian.
  4. 4.0 4.1 4.2 4.3 4.4 Liswaniso, Mwaka (18 July 2014). "Theo-Ben Gurirab (1938 ...) An educator, politician and diplomat". New Era. p. 6.
  5. 5.0 5.1 "Dr. Theo-Ben Gurirab (Namibia)". United Nations. Retrieved 08 October 2025.
  6. 6.0 6.1 6.2 Profile at Namibian Parliament website. Archived 8 March 2020 at the Wayback Machine
  7. List of members of the Constituent Assembly, Namibian Parliament website.
  8. Christof Maletsky (28 August 2002): "Nujoma shuffles the Cabinet pack", The Namibian via allafrica.com.
  9. Peter Mwaura, "Namibian to lead UN General Assembly", Africa Recovery, volume 13 #2–3 (September 1999), page 4.
  10. "New parliament takes office in Namibia", VOA News, 20 March 2005.
  11. "The ruling party's new Central Committee" Archived 9 March 2003 at the Wayback Machine, The Namibian, 27 August 2002.
  12. Christof Maletsky, "Swapo big names dropped", The Namibian, 3 December 2007.
  13. 13.0 13.1 "Theo-Ben Gurirab IPU President 2008–2011". Inter-Parliamentary Union. Retrieved 08 October 2025.
  14. "IPU chief condemns undemocratic transition of power in Madagascar". Xinhua News Agency. 4 April 2009. Archived from the original on 6 April 2009.
  15. John Ekongo, "New MPs take their seats", New Era, 23 March 2010.
  16. "Swapo undergoes massive transition... Complete overhaul in parliamentary ranks" Archived 21 March 2023 at the Wayback Machine, New Era, 1 September 2014.
  17. "Katjavivi is now Speaker of the National Assembly" Archived 16 November 2018 at the Wayback Machine, NAMPA, 20 March 2015.
  18. "Namibia mourns liberation hero Gurirab". Southern Times. 14 July 2018. Archived from the original on 4 May 2019. Retrieved 08 October 2025.