Theresa Amerley Tagoe
| Theresa Amerley Tagoe | |
|---|---|
Theresa Amerley Tagoer e ne e le mopolotiki wa mme wa kwa Ghana | |
| Mopalamente wa bokone jwa Ablekuma kwa Ghana | |
| In office Firikgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1997 – Firkgong a le malatsi a marataro ngwaga wa 2001 | |
| President | Jerry John Rawlings |
| Mothusa tona wa kgaolo ga Accra ka bophara | |
| President | John Kufuor |
| Mothusa tona wa matlo le pereko | |
| President | John Kufuor |
| Mothusa tona wa ditsha le dinaga | |
| President | John Kufuor |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Theresa Amerley Tagoe Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1943 |
| O Tlhokafetse | Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2010 Accra |
| Mosetshaba wa | Ghanaian |
| Bonno | Ghana |
| Tiro | Mopolotiki |
Theresa Amerley Tagoe (o o tshotsweng ka Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1943[1], a tlhokafala ka Ngwanatsele a le masome mabedi le botlhano ngwaga wa 2010) o a neng a itsege gape e le Iron Lady,[2] e ne e le mopolotiki wa mosadi kwa Ghana,le leloko le le eteletseng pele la phathi ya New Patriotic Party, le leloko la pele la palamente ya kgaolo ya botlhophi ya Ablekuma kwa borwa.[3][4][5][6]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Tagoe, wa morafe wa Ga, o tshotswe ka Morule a le lesome le boraro ngwaga wa 1943.[7]
Thuto
[fetola | Fetola Motswedi]Tagoe o tsene sekolo se segolwane kwa Aburi Girls kwa a neng a le moeteledipele wa baithuti ba bangwe.[7] O alogile ka bachelor's degree ya puo ya French go tswa kwa University of Ghana.[8]
Tsa bopelotlhomogi
[fetola | Fetola Motswedi]Tagoe o ne a na le sekolo sa basetsana sa bokwaledi se se neng se akaretsa thuto ya French, ga mmogo le go simolola mananeo a boutlwelobotlhoko a akaretsa la go thusa basetsana ba dikhutsana go ithuta ditiro tse di nang le mosola, le lenaneo la go rekisa ditlhapi tse di omeleditsweng la basadi.[9]
Tiro ya sepolotiki
[fetola | Fetola Motswedi]Theresa Tagoe e ne e le mothusa tona wa kgaolo ya Accra, le mothusa tona wa ditsha,dinaga le meepo mo pusong ya ga John Kufuor.[2]
Tagoe e ne e le mongwe wa barulaganyi ba phathi ya New Patriotic Party,ba basadi.[2][10]
O tlhophilwe go ya palamenteng ka Firikgong a le malatsi a supa ngwaga wa 1997 morago ga go nna mofenyi kwa ditlhophong tsa 1996 tsa Ghana. O ne a amogela ditlhopho di le masome mararo le borobabongwe, masome a robabongwe mo lekgolong, palo e e lekanang le ditlhopho di le dikete di le masome mane le bosupa, makgolo a marataro,masome a mane le bone, a fenya Ebo Hawkson wa National Democratic Congress o ene a iponetseng masome a mararo le botlhano, masome a supa mo lekgolong,kgotsa ditlhopho di le dikete di le masome mane le bobedi,makgolo a matlhano,masome a marataro le borobabobedi.
Boswa
[fetola | Fetola Motswedi]Tagoe o berekile e le leloko la khansele ya lefatshe,gaoe e ne e le leloko la kgansele ya basadi ba baeteledipele mo mafatsheng. Sekele ya Dansoman e ne ya reelelwa ka ene,e bidiwa "Theresa Ameley Tagoe Roundabout", le sehikantswe se ne sa tlhomiwa go mo fa tlotlo.[11][12][13][14]
Botshelo jwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Theresa Tagoe o ne a na le bana ba basimane ba le babedi.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Amerley-Tagoe, Theresa". Ghana MPS. Retrieved 2025-10-27
- 1 2 3 "MPs pay last respects to Theresa Tagoe - MyJoyOnline.com". Myjoyonline. 2011-01-28. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "MPs pay tribute to Theresa Amerley Tagoe". Modern Ghana. Retrieved 2025-10-25
- ↑ ocansey[mike@busylab.com], michael. "Ghana Districts - A repository of all districts in the republic of Ghana". Ghana districts. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "MPs pay tribute to Theresa Amerley Tagoe". Ghanaian Chronicle. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "Radio Recogin". recogin. Retrieved 2025-10-27
- 1 2 ocansey[mike@busylab.com], michael. "Ghana Districts - A repository of all districts in the republic of Ghana". ghana districts government of ghana. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "PGA Member Theresa Tagoe dies after long illness". Parliamentarians for Global Action. Retrieved 2025-10-27
- ↑ Personal knowledge from my 1999 visit with her in Accra.--Dr. Nancy Glock-Grueneich
- ↑ "NPP mourns Theresa Amerley Tagoe". ghanaweb. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "Dansoman Roundabout named after Theresa Tagoe". GhanaWeb. 2020-11-26. Retrieved 2025-10-27
- ↑ Bureau, Communications. "President Akufo-Addo Tours Greater Accra Region". presidency of government of ghana. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "Akufo-Addo begins two-day tour of Greater Accra Region today". Citinewsroom - Comprehensive News in Ghana. 2020-11-24. Retrieved 2025-10-27
- ↑ "Theresa Tagoe's statue unveiled". Graphic Online. Retrieved 2025-10-27