Thibelo ya kgwebo ya bokgoba ya batho bantsho
Firman ya ngwaga wa 1857, e gape e bidiwang thibelo ya kgwebo ya bokgoba jwa batho bantsho ke kitsiso e e ntshitsweng ke kgosi Abdulmecid ka ngwaga wa 1857.
Kitsiso e e ne e emisa semmuso go tsisiwa ga makgoba a kwa Aforika mo bogosing jwa Ottoman. Le fa go ntse jalo, kitsiso e e ne e itsisiwe ka ntlha ya kgatelelo ya mafatshe a mangwe, e ne ya seka ya diragadiwa ya nna mo mokwalong fela. E ne e kgapela kwa ntle kgaolo ya Hejaz, e e neng e le yone boremelelo jwa kgorogo ya kgwebo ya makgoba go kgabaganya lewatle le lehibidu.
Motheo le Kitsiso
[fetola | Fetola Motswedi]E ne e le nngwe ya ditsamaiso tse di emetseng go emisiwa semmuso ga bokgoba kwa bogosing jwa Ottoman, go akaretsa kitsiso ya 1830, kemiso ya kgwebo ya makgoba ya kwa Instabul ka 1847, kemiso ya kgwebo ya makgoba kwa Persian Gulf, kiletso ya kgwebo ya makgoba kwa Circassia le Georgia ka 1854 go tsena 1855, kemiso ya kgwebo ya bokgoba jwa batho bantsho ka 1857 le bokopano jwa Maesemane le Ottoman ka ngwaga wa 1880.[1]
Kitsiso e ntshitswe ka nako e bogosi jwa Ottoman bo neng bo gateletswe ke mafatshe a bophirima go emisa bokgoba le kgwebo ya jone. Molao wa kemiso o ne o tsamaelana le maiteko a sesha a nako ya Tanzimat. Kitsiso ya 1854 e ne e emisitse kgwebo ya makgoba go tswa kwa Caucasus. Ka ngwaga wa 1855, kgwebo ya go isa makgoba a Aforika kwa Crete le Janina e ne ya emisiwa.[2] E ne e le kemiso kgatlhanong le tsela e le nngwe ya kgwebo ya makgoba a kwa Aforika go ya bogosing jwa Ottoman.
Ka ngwaga wa 1857, kgatelelo ya lefatshe la Britain e ne ya baka gore kgosi wa Ottoman a ntshe kitsiso e e kganelang kgwebo ya makgoba go tswa Sudan go ya Ottoman Egypt go kgabaganya lewatle le lehibidu go ya Ottoman Hijaz.[3] Kitsiso e e ne ya seka ya emisa bokgoba,ebile ya seka ya kganela kgwebo ya bokgoba, e ne ya seka ya emisa le go tsewa ga makgoba go stwa kwa mafatshenga mangwe kwa ntle ga bogosi go kgabaganya melelwane go ya bogosing jwa Ottoman.
Ditlamorago
[fetola | Fetola Motswedi]Le fa go ntse jalo, kemiso ya kgwebo ya bokgoba jwa batho basweu ya pele e ne e setse e bakile go tsuologa ga Hejaz kwa kgaolong ya Hijaz, mo go bakileng gore kgwebo ya bokgoba kwa Hijaz e seegelwe kwa thoko mo kemisong ya kgwebo ya bokgoba go kgabaganya lewatle le lehibidu,[4] mme ga nna mo mokwalong fela go sa diragadiwe. Kitsiso ya 1857 e ne ya seka ya diragadiwa. Kgwebo ya makgoba go kgabaganya lewatle le lehibidu go ya Ottoman Arabia e ne ya tswelela, fela jaaka kgwebo ya makgoba go kgabaganya Atlantic le go kgabaganya Sahara go fetwa ka Lybia, le kgwebo ya makgoba go ya Ottoman Egypt go fetwa ka Sudan.[5]
Go tlhoka go diragadiwa ga kitsiso ya 1857 go ne ga baka gore lefatshe la Vritain le tswelele le gatelele. E ne ya salwa morago ke bokopano jwa kgwebo ya bokgoba jwa Maesemane le batho ba Egepeto ka ngwaga wa 1877.
Ditshedimosetso tse dingwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ [1] The Palgrave Handbook of Global Slavery Throughout History. (2023). Tyskland: Springer International Publishing. p536
- ↑ Toledano, E. R. (2014). The Ottoman Slave Trade and Its Suppression: 1840-1890. USA: Princeton University Press. 124
- ↑ Schiffer, R. (2023). Oriental Panorama: British Travellers in 19th Century Turkey. Tyskland: Brill. p. 186-187
- ↑ Miers, S. (2003). Slavery in the Twentieth Century: The Evolution of a Global Problem. Storbritannien: AltaMira Press. p. 17
- ↑ UNESCO General History of Africa, Vol. VI, Abridged Edition: Africa in the Nineteenth Century Until the 1880s. (1998). Storbritannien: University of California Press. p74