Jump to content

Thomo ya ga Kgabo

Go tswa ko Wikipedia

Thomo ya ga tautona ya go tlhotlhomisa ka mathata a lefatshe kwa Mogoditshane le metse setoropo e mengwe, e e itsegeng gape e le thomo ya ga Kgabo, e ne e le thomo ya go tlhotlhomisa ya ngwaga wa 1991 e simolotswe ke puso ya Botswana.E ne e tlhametswe go tlhotlhomisa magatwe a gore lefatshe le a rekisiwa ebile le rekwa e se ka fa molaong mo metseng setoropo e tshwana le Mogoditshane ntle le tetla ya maphata a tsa ditsha. Englishman Kgabo o ne a tlhomiwa modulasetilo wa yone. E ne ya gatisa maduo le dikakanyetso mo pegong ya Kgabo, e e neng ya itemogela gore ka ntlha ya go tlhaela ga matlo le go retelelwa ga mafaratlhatlha a lephata la ditsha, bontsi jwa thekiso ya lefatshe kwa Mogoditshane ga e ka fa molaong.

Thomo e ne ya baka matlhabisaditlhong a matona mo polotiking fa e supa mothusa tona ebong Peter Mmusi le tona wa temothuo Daniel Kwelagobe ka monwana, bobedi bo bo ne bo le mo ditirong tsa maemo mo phathing e e busang ya Botswana Democratic Party. Ba ne ba ithola marapo mo maemong a bone, mme phathi ya ba tlhopha gape go nna baeteledipele ba yone mo bokopanong jo bo latelang. Kgotlatshekelo e ne ya latola magatwe a gore Mmusi le Kwelagobe ba na le seabe ka ba ne ba sa neelwa sebaka sa go ipuelela. Matlhabisaditlhong a, a ne a baka makgamu a mabedi go nna teng mo phathing, ba ba neng ba eme Mmusi le Kwelagobe nokeng le ba ba neng ba le kgatlhanong le bone, makgamu ao a ne a nna tshoso e rwelelng mo polotiking ya Botswana mo masomeng a dingwaga a le mabedi.

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Molao wa lefatshe la merafe o tlhomamisitswe mo Botswana ka ngwaga wa 1968, morago ga boipuso jwa Botswana. O ne wa tlhama maphata a ditsha a a okamelang kabo ditsha.[1] Lephata lengwe le lengwe la kabo ditsha le ne le itebaganya le morafe monhwe kgotsa setlholha mo morafeng.[2] Maphata a e ne e le batlhokimedi a ditsha, ba tsaya maikarabelo a a neng e le a kgosi ya morafe,ebile a na le letsogo le le fa godimo mo thekisong ya ditsha ba lebeletse se se siametseng morafe.[3] Go ne go na le maphata a a le lesome le bobedi a mabotlana le a masome mararo le boraro a matona ka ngwaga wa 1992.[4]

Lefatshe la Botswana le ne la itemogela tlhabologo e tona ka dingwaga tsa 1980, se se baka go atolosiwa ga metse setoropo gaufi le ditoropokgolo. Banni ba basha ba ne ba fudugela mo metseng e ka bofefo jo bo gaisang ka fa ditsha di neng di abiwa ka teng le ka fa matlo a neng a agiwa ka teng, se se baka tlhaelo.[5] Maphata a kabo ditsha a ne a itemogela go kgalwa, se se gwetlha puso go tsaya kgato.[6] Kabo ditsha ya metse setoropong bogolo jang kwa Mogoditshane, e ne e tsweletse ka nako e,ka tsela e e tlolang molao wa lefatshe la morafe.[7][8] Baagi ka ba ne ba sa kgone go rekisa lefatshe ka ntlha ya tlhaelo le go imelwa ga maphata, ba ne ba tlola maphata mme ba rekise ese ka fa molaong.[5][9] Bontsi jwa baagi ba ne ba belaelwa fa ba na le lefatshe go se ka fa molaong, mme kgotlatshekelo e itemogela bothata mo go lekeng go bona beng le go ntsha batho.[10]

Tlhotlhomiso

[fetola | Fetola Motswedi]

Go rarabolola dipelaelo tsa lefatshe le le seng ka fa molaong, tlhotlhomiso e ne ya bulwa ke Peter Mmusi, o a neng a tshwere maemo a mabedi a mothusa tautona wa Botswana le tona wa tsa selegae, ditsha le matlo.[6] Tshekatsheko ya molao wa lefatshe la morafe ya puso e ne ya ribolola gore maphata a ditsha ga a na babereki ba ba lekaneng kgotsa baemedi ba merafe, ka jalo e ne ya gakolola go ntsha baemedi ba dikgosi tsa merafe.[11] Mmusi o ne a kops gore tautona wa Botswana, Quett Masire a tlhame letsholo la tlhotlhomiso mabapi le thekoso ya lefatshe e e seng ka fa molaong. Thomo e ne e tlaa etelelwa pele ke Englishman Kgabo o e neng e le motho o o tlotlegang mo  phathing ya Botswana Democratic Party ebile e sale e nna leloko fa e tlhamoes ka ngwaga wa 1962.[6] Thomo e ne ya tlhomiwa ka ngwaga wa 1991, kgwedi ya Phukwi,[5] mme dikopano di ne tsa diragadiwa mo dikgweding di le tlhano.[8]

Ka Phalane ngwaga wa 1989, Mr Kwelagobe o ne a kwala ikuelo a e neela tona wa tsa selegae, ditsha le matlo ka bo ene, o a neng a laela lephata la kabo ditsha go sala morago kopo ya ga Kwelagobe. Kopo ga ya a ka ya sala morago ditsela tsa tlwaelesego. Lephata la kabo ditsha le ne la neela Kwelagobe setlankana sa tshimo. Se se ne sa baka kgotlhang e nngwe ka Kwelagobe o ne a batla tshimo eo e fetolwa go dirwa kadimo e e letlang mong go simolola kgwebo mo tshimong, tona o ne a dumalana gape le Kwelagobe.

Pego ya Kgabo mo dipatlisisong tsa thomo mabapi le Mmusi le Kwelagobe[7]


Thomo ya ga Kgabo e gatisitse dipatlisiso mo pegong ya Kgabo ka Morule ngwaga wa 1991.[11] Thomo e ne ya tlhomamisa gore thekiso ya lefatshe gantsi e dirwa ntle le tetla go tswa kwa lephateng la kabo ditsha. E ne ya ribolola ditsha di le makgolo a robabobedi masome a mane le motso kwa Mogoditshane tse di seng ka fa molaong, go na le kgonagalo ya gore go be go na le tse dingwe, go akanyediwa fa masome a robabongwe mo lekgolong a masimo a ne a kgaogantswe  ebile a agilwe matlo a bonno. Gantsi lefatshe le le neetsweng merafe le rekisediwa batho ba eseng baagi ba morafe o, ba akaretsa batho ba eseng Batswana.[5]

Thomo e ne ya supa puso ka monwana go bo e retelelwa ke go aba ditsha mo nakong e e rileng,e re ke lone lebaka la gore go bo go rekisiwa lefatshe e se ka fa molaong. Bontsi jwa bareki le barekisi ba dumela fa se e le lebaka la ditiro tsa bone. Bontsi bo ne bo ganetsa gore ditsha tsa bone di ka fa tlase ga lephata la kabo ditsha fa ba le neetswe pele ga go nna le lephata le. Ba bangwe ba ne ba tsietsa bareki ka go ba rekisetsa lefatshe le e seng la bone.[6]

Batho ba ba neng ba botsolosiwa ka nako ya tlhotlhomiso ba ne ba tlhomamisa gore ba ba tsayang karolo mo thekisong ya lefatshe ba akaretsa matona a puso. Ka nako ya bokopano jwa yone, thomo e ne ya upolola fa tona wa temothuo Daniel Kwelagobe a tsieditse lephata la ditsha ka go kopa mothusa tona Mmusi go dirisa dithata tsa gagwe jaaka tona wa tsa selegae,ditsha le matlo go mo abela ditsha. Mmusi o ne a laela lephata go amogela kopo e ba sa sale tsamaiso morago.[9] Thomo e ne ya upolola gape gore go nna le seabe ga matona a puso jaaka Kwelagobe le Mmusi ke sekai se se rotloetsang setshaba go sa sale molao morago. Fa godimo ga maemo a bone mo palamenteng, Mmusi e ne e le modulasetilo wa BDP fa Kwelagobe e ne e le mokwaledi mogolo wa phathi.[7] Thomo e ne ya fetsa ka gore Mmusi ga a dira sentle fa a dumalana le kopo ya ga Kwelagobe ya go neelwa lefatshe kwa Nkoyaphiri, mme fela ga a dira sepe se se kgatlhanong le molao.[6]

Dikgakololo

[fetola | Fetola Motswedi]

Thomo e ne ya gakolola go baakanya lephata la kabo ditsha ka go emisa maphata a mabedi le go nna le a le mabedi fela a a itebagantseng le metse setoropo. Mabapi le maloko, e ne ya gakolola gore babereki ba rutiwa gape, le gore metse e tshwanetse go ela tlhoko gore e romela mang go emela morafe, le gore baemedi ba dikgosi ba tshwanetse go nna le seabe se segolo mo dikgannyeng tsa maphata a kabo ditsha. E ne ya gakolola gape gore puso e tshwanetse go gagamatsa gore ke mang o o e nnang bontlha jwa lephata. Mo diphetogong tsa semolao, thomo e gakolotse gore tiro ya maphata e tshwanetse go tlhomamisiwa mo molaong, le gore kotlhao ya thekiso ya lefatshe e gagamadiwe ke dikgotlatshekelo.[10]

Go rarabolola thekiso ya lefatshe e se ka fa molaong mo go setseng go diragetse, e ne ya gakolola gore puso e tseye lefatshe lotlhe le le rekisitsweng e se ka fa molaong mme e duele beng ba lefatshe ka ditlhabololo tsa lefatshe le le tsewang, le gore beng ba lefatshe ba ba nnang mo go lone ba neelwe dikgwedi tse tharo go tswa mo ditsheng.

E ne ya akanyetsa gape gore go ba neela lefatshe le le lekanang go sele e le tsela ya go ba duela fa ba batla,se se ka fa molaong wa kabo ditsha.

Katlholo mo tshekong ya lekgotla la kabo ditsha la Kweneng kgatlhanong le Kabelo Matlho le ba bangwe e ne ya supa fa makgotla a kabo ditsha a sena taolo mo ditsheng dingwe tsa beng ba tsone, thomo e ne ya gwetlha katlholo e. E ne ya gakolola gore lefatshe lepe le le abilweng ke dikgosi pele ga go nna le lekgotla la kabo ditsha, mo molaong le tshwana le le le abilweng ke la kabo ditsha ka jalo le mo tlhokomelong ya lekgotla leo. E ne ya re se tsheko e se supang se thata go se tlhaloganya.[10]

Phetolo ya puso

[fetola | Fetola Motswedi]

Puso e ne ya kwala pampiri e e neng e dumalana le bontsi jwa dikgakololo tsa thomo.

  1. Ng'ong'ola, Clement (1992). "Land Problems in Some Peri-Urban Villages in Botswana and Problems of Conception, Description and Transformation of "Tribal" Land Tenure". Journal of African Law. 36 (2): 140–167. doi:10.1017/S0021855300009864. ISSN 0021-8553. JSTOR 745406.
  2. Ng'ong'ola 1992, p. 149.
  3. Ng'ong'ola 1992, p. 152.
  4. Ng'ong'ola 1992, pp. 149–150.
  5. 1 2 3 4 Manatsha, Boga Thura (2020). "Reflections on the Acquisition of Land by Non-citizens in Botswana". Journal of Land and Rural Studies. 8 (2): 185–204. doi:10.1177/2321024920914784. ISSN 2321-0249.
  6. 1 2 3 4 5 Ntuane, Botsalo (2018). "President Festus Mogae: The Regent Who Became King". Botswana Notes and Records. 50: 333–338. ISSN 0525-5090. JSTOR 90026925.
  7. 1 2 3 Lekorwe, Mogopodi H. (1998). Botswana, Politics and Society. J.L. van Schaik. ISBN 978-0-627-02231-9.
  8. 1 2 Ng'ong'ola 1992, p. 158.
  9. 1 2 Sebudubudu, David (2003). "Corruption and its control in Botswana". Botswana Notes and Records. 35: 125–139. ISSN 0525-5090.
  10. 1 2 3 Ng'ong'ola 1992, p. 158.
  11. 1 2 Ng'ong'ola 1992, p. 162.