Jump to content

Thosola/Rasephiphi

Go tswa ko Wikipedia
Syphilis
Electron micrograph of Treponema pallidum
SpecialtyInfectious disease
DikaiFirm, painless, non-itchy skin ulcer[1]
CausesTreponema pallidum usually spread by sex[2]
Diagnostic methodBlood tests, dark field microscopy of infected fluid[3][4]
Differential diagnosisMany other diseases[3]
PreventionCondoms, not having sex[3]
TreatmentAntibiotics[5]
Frequency45.4 million / 0.6% (2015)[6]
Deaths107,000 (2015)[7]

Rasephiphi ke bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo jo bo bakwang ke mogare yo bitswang [./Treponema_<i id= pallidum].[1] Go kgonagala gore dikai di itshupe.[8] Lefa go ntse jalo, di farologana go ya ka gore ke kgato efe mo go tse nne e e leng teng (ya ntlha, ya bobedi, jo bo iphitlhileng, le ya boraro).[2] Kgato ya ntlha gantsi e itshupa ka sesonyana, se le sengwe (bolwetse jo bo thata, jo bo sa utlwaleng, jo bo se nang ditlhabi jwa letlalo gantsi bo fa gare ga 1 cm le 2 cm ka bophara) le fa go ka nna le dintho di le dintsi.[3]   Mo thosola ya bobedi, go nna le go ruruga go go sa bonaleng sentle, mo gantsi go akaretsang diatla le direthe tsa maoto.[3] Gape go ka nna ga nna le dintho mo molomong kgotsa mo bosading[3] Mo thosola e e sa bonaleng, e e ka tsayang dingwaga, go na le dikai di le mmalwa kgotsa ga go na dikai[3] Mo thosola ya boraro go na le borurugo (go gola go go bonolo, go go seng kankere), mathata a boboko, kgotsa dikai tsa bolwetse jwa pelo.[4] Rasephiphi e itsege jaaka "mo etsa yo mogolo" ka gonne e ka baka dikai tse di tshwanang le tsa malwetsi a mangwe a mantsi.[2][3]

Rasephiphi e anamisiwa thata ka tlhakanelodikobo.[3] Gape e ka fetisetswa go tswa go mmè go ya kwa ngwaneng ka nako ya boimana kgotsa fa ngwana a tsholwa, e e felelang ka thosola ya tsalo.[3][9] Malwetsi a mangwe a a bakwang ke mogare wa Treponema a akaretsa di-yaws (subspecies pertenue), Pinta (subspecie carateum), le nonvenereal endemic syphilis (subspeèce endemicum).[4] Malwetsi a mararo ano ga a tshelanwe ka tlhakanelodikobo.[10] Go tlhatlhoba gantsi go dirwa ka go dirisa Ditlhatlhobo tsa madi; megare e ka bonwa gape ka go dirisa maranyane a maekorosekopo a a lefifi.[3] Centers for Disease Control and Prevention (U.S.) e rotloetsa basadi botlhe ba ba itshofetseng gore ba tlhatlhobiwe.[3]

Bodiphatsa jwa go fetisa thosola ka tlhakanelodikobo bo ka fokodiwa ka go dirisa sekausu.[3] Bolwetsi jwa Rasephiphi bo ka alafiwa sentle ka Dibolayamegare.[5] Sebolayamegare se se dirisiwang thata nako e ntsi ke benzathine benzylpenicillin e e tsenngwang ka lemao mo mmeleng.[5] Mo go ba ba nang le go ganana thata le penicillin, go ka dirisiwa doxycycline kgotsa tetracycline.[5] Mo go ba ba nang le Neurosymphilis, go akantshiwa benzylpenicillin kgotsa Ceftriaxone e a rotloediwa.[5] Ka nako ya kalafi batho ba ka nna ba nna le mhikela, go opiwa ke tlhogo, le ditlhabi tsa mmele, e leng mokgwa o o itsegeng jaaka Jarisch-Herxheimer.[5]

Ka ngwaga wa 2022 go ne go na le batho ba le dimilione di roba bobedi ba ba tshwerweng ke bolwetsi jwa thosola mo bagolong ba dingwaga di le lesome le botlhano go ya go tse masome a mane le boroba bongwe lefatshe ka bophara.[8] Mo dingwageng di le masome a mabedi tse di fetileng go nnile le koketsego e kgolo mo lefatsheng lotlhe ya batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jo.[11] Ka ngwaga wa 2015, batho ba ka nna dimilione di le 45,4 ba ne ba tsenwa ke bolwetsi jwa thosola,[6] mme ba le dimilione di le thataro ba ne ba na le bolwetse jo.[12]  Ka ngwaga wa 2015, e bakile dintsho di ka nna 107,000, go tswa go 202,000 ka 1990.[7][13] Morago ga go fokotsega thata ka go nna teng ga mokento wa penicillin ka dingwaga tsa bo 1940, dipalo tsa go amiwa ke bolwetsi di oketsegile go tloga ka tshimologo ya mileniamo mo mafatsheng a mantsi, gantsi di kopane le megare ya human immunodeficiency (HIV).[4][14] Seno go dumelwa gore ke ka ntlha ya go oketsega ga tlhakanelodikobo, boaka, go fokotsega ga tiriso ya sekausu, le mekgwa e e sa babalesegeng ya tlhakanelodikobo gareng ga banna ba ba tlhakanelang dikobo le banna.[15][16][17]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. 1 2 Ghanem, Khalil G.; Hook, Edward W. (2020). "303. Syphilis". In Goldman, Lee; Schafer, Andrew I. (eds.). Goldman-Cecil Medicine (in Sekgoa). Vol. 2 (26th ed.). Philadelphia: Elsevier. pp. 1983–1989. ISBN 978-0-323-55087-1. Archived from the original on 30 June 2023. Retrieved 8 May 2023.
  2. 1 2 3 Ferri, Fred F. (2022). "Syphilis". Ferri's Clinical Advisor 2022 (in Sekgoa). Philadelphia: Elsevier. pp. 1452=1454. ISBN 978-0-323-75571-9. Archived from the original on 1 July 2023. Retrieved 7 May 2023.
  3. 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 11 12 13 "Syphilis – CDC Fact Sheet (Detailed)". CDC. 2 Ngwanatsele 2015. Archived from the original on 6 Tlhakole 2016. Retrieved 3 Tlhakole 2016.
  4. 1 2 3 4 Kent ME, Romanelli F (February 2008). "Reexamining syphilis: an update on epidemiology, clinical manifestations, and management". Annals of Pharmacotherapy. 42 (2): 226–36. doi:10.1345/aph.1K086. PMID 18212261.
  5. 1 2 3 4 5 6 "Syphilis". CDC. 4 Seetebosigo 2015. Archived from the original on 21 Tlhakole 2016. Retrieved 3 Tlhakole 2016.
  6. 1 2 GBD 2015 Disease and Injury Incidence and Prevalence, Collaborators. (8 October 2016). "Global, regional, and national incidence, prevalence, and years lived with disability for 310 diseases and injuries, 1990-2015: a systematic analysis for the Global Burden of Disease Study 2015". Lancet. 388 (10053): 1545–1602. doi:10.1016/S0140-6736(16)31678-6. PMC 5055577. PMID 27733282. {{cite journal}}: |first= has generic name (help)
  7. 1 2 GBD 2015 Mortality and Causes of Death, Collaborators. (8 October 2016). "Global, regional, and national life expectancy, all-cause mortality, and cause-specific mortality for 249 causes of death, 1980-2015: a systematic analysis for the Global Burden of Disease Study 2015". Lancet. 388 (10053): 1459–1544. doi:10.1016/s0140-6736(16)31012-1. PMC 5388903. PMID 27733281. {{cite journal}}: |first= has generic name (help)
  8. 1 2 "Syphilis". www.who.int (in Sekgoa). World Health Organization. 21 May 2024. Archived from the original on 17 August 2024. Retrieved 16 August 2024.
  9. Woods CR (June 2009). "Congenital syphilis-persisting pestilence". Pediatr. Infect. Dis. J. 28 (6): 536–7. doi:10.1097/INF.0b013e3181ac8a69. PMID 19483520.
  10. "Pinta". NORD. Archived from the original on 16 August 2018. Retrieved 13 April 2018.
  11. Ghanem KG, Ram S, Rice PA (February 2020). "The Modern Epidemic of Syphilis". N. Engl. J. Med. 382 (9): 845–54. doi:10.1056/NEJMra1901593. PMID 32101666.
  12. Newman, L; Rowley, J; Vander Hoorn, S; Wijesooriya, NS; Unemo, M; Low, N; Stevens, G; Gottlieb, S; Kiarie, J; Temmerman, M (2015). "Global Estimates of the Prevalence and Incidence of Four Curable Sexually Transmitted Infections in 2012 Based on Systematic Review and Global Reporting". PLOS One. 10 (12): e0143304. Bibcode:2015PLoSO..1043304N. doi:10.1371/journal.pone.0143304. PMC 4672879. PMID 26646541.
  13. Lozano, R (15 December 2012). "Global and regional mortality from 235 causes of death for 20 age groups in 1990 and 2010: a systematic analysis for the Global Burden of Disease Study 2010". Lancet. 380 (9859): 2095–128. doi:10.1016/S0140-6736(12)61728-0. hdl:10536/DRO/DU:30050819. PMID 23245604. Archived from the original on 19 May 2020. Retrieved 14 July 2020.
  14. Franzen, C (December 2008). "Syphilis in composers and musicians--Mozart, Beethoven, Paganini, Schubert, Schumann, Smetana". European Journal of Clinical Microbiology & Infectious Diseases. 27 (12): 1151–7. doi:10.1007/s10096-008-0571-x. PMID 18592279.
  15. Coffin, L. S.; Newberry, A.; Hagan, H.; Cleland, C. M.; Des Jarlais, D. C.; Perlman, D. C. (January 2010). "Syphilis in Drug Users in Low and Middle Income Countries". The International Journal on Drug Policy. 21 (1): 20–7. doi:10.1016/j.drugpo.2009.02.008. PMC 2790553. PMID 19361976.
  16. Gao, L; Zhang, L; Jin, Q (September 2009). "Meta-analysis: prevalence of HIV infection and syphilis among MSM in China". Sexually Transmitted Infections. 85 (5): 354–8. doi:10.1136/sti.2008.034702. PMID 19351623.
  17. Karp, G; Schlaeffer, F; Jotkowitz, A; Riesenberg, K (January 2009). "Syphilis and HIV co-infection". European Journal of Internal Medicine. 20 (1): 9–13. doi:10.1016/j.ejim.2008.04.002. PMID 19237085.