Jump to content

Three Dikgosi Monument

Go tswa ko Wikipedia

Sehikantswe sa boronse sa dikgosi tse tharo se kwa lefong la Central Business District mo Gaborone, mo Botswana. Difikantswe tse di supa dikgosi tse tharo, kgotsa dikgosana tsa ditso: Khama III, Sebele I le Bathoen I. Dikgosi tse tharo di ne tsa nna le seabe se segolo mo go boneng boipuso jwa Botswana. Ka 1895, banna ba ba bararo ba ne ba ya kwa Great Britain go ya go kopa Joseph Chamberlain, Mokwaledi wa Puso wa Bikolone, le Kgosigadi Victoria go kgaoganya puso ya bokolone ya Bechuanaland le kompone ya ga Cecil Rhodes le Southern Rhodesia. Morago ga moo go ne ga ntshiwa tetla e e neng ya dira gore Botswana e busiwe ka tlhamalalo ke puso ya Gammamosadinyana go fitlha e bona boipuso. Go na le ditshipi di le thataro tse di nang le tshedimosetso e e maleba le go lwela boipuso jwa Botswana. Sekano sa lefatshe se tlhagelela fa pele ga ditshwantsho tse tharo. Kompone ya kwa Korea Bokone ya Mansudae Overseas Projects e ne ya newa konteraka ya go aga sefikantswe se, mme seo se ne sa swabisa babetli ba mo gae. Merafe ye mebona mo Botswana e leba se e le molao o o gateleng Batswana.

Tshimologo le thulaganyo

[fetola | Fetola Motswedi]

Dikgoshi tse tharo di ne tsa bidiwa "Basimolodi ba Setšhaba" ke makasine wa puso wa Kutlwano ka nako ya fa Botswana e ne e bona boipuso ka 1966. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, ba ne ba tsewa e le "batho ba ba neng ba emela bosetšhaba jo bo kopaneng ba ba neng ba buelela go ipusa sesha".[1]

  1. Parsons, Neil (2007). "Unravelling History and Cultural Heritage in Botswana". Journal of Southern African Studies. 32 (4): 679. doi:10.1080/03057070600995350.