Jump to content

Thulaganyo ya mabolokelo a mafatshefatshe

Go tswa ko Wikipedia

Thulaganyo ya mabolokelo a mafatshefatshe  ke thulaganyo ya dipatlisiso le go baya dintlha ka go batlisisa dilwana tse di tsamaelanang le boswa jwa ngwao ya kwa Kenya tse di kwa mafelong a ngwao jaaka mabolokelo a ditso mo lefatsheng ka bophara. Thulaganyo e e tsamaisiwa ke mabolokelo a ditso a kwa Kenya kwa toropokgolo Nairobi, le mabolokelo a ditso a Rautenstrauch Joest kwa Cologne, le a Weltkulturen kwa Franfurt, a bobedi jwa one a leng kwa Germany. Gore go nne le nyalano ya ditiragalo tsa ngwao kwa Kenya le kwa Germany, ditlhopha tsa botaki le bodiragatsi tsa The Nest collective (ya kwa Kenya) le SHIFT collective ya kwa Germany le France, ke maloko a thulaganyo e. Thulaganyo e le ditiro tsa yone, di engwe nokeng ke motheo wa Goethe-Institut ya Germany kwa Kenya, le lekgotla la German Federal cultural Foundation.

Motheo le tirisanommogo le mafatshe

[fetola | Fetola Motswedi]

Thulaganyo ya IIP, e tlhamilwe ka ngwaga wa 2018, e tlhalositswe ke pampiri ya Quartz fa ele letsholo le le tlhotlhomisang botaki jo bo utswilweng ebile bo beilwe kwa ntle ga melelwane ya lefatshe...go batlisisiwa gore di beilwe kwa kae kwa bophirima, ke mang yo o nang le thata ya go kopa gore di busiwe, le gore serodumo sa tsone se ka dirisiwa jang go dira ditlhabololo tsa botaki tse di tsepameng.[1]

Boswa jwa ngwao ya lefatshe la Kenya ga bo kgone go bonwa ke batho ba Kenya le baithuti mo lefatsheng ka bophara, thulaganyo ya IIP e itlama go fokotsa diphatlha tse di leng teng ka kitso ya dilwana tseo. Fa go tla mo polokelong ya dilwana kwa bophirima, thulaganyo e supile fa mangwe a mabolokelo a a tlhaela dintlha kgotsa a na le dintlha tse di sa siamang ka tiriso ya tsone. Ka ntlha ya go tlhoka kabelano mo metheong, babatlisisi le ba ba tsayang dintlha, mathata a a tsweledisa tlhoko boammaruri le go tlhoka go dirisiwa sentle ga dilwana tse.

Bokopano jwa babatlisis le babereki ba mabolokelo kwa Kenya le kwa Germany, dingwe tsa dilwana tse di kwa mabolokelong a Germany go kwadilwe ka tsone mo maranyaneng, go akaretsa dintlha tse dišha ka tiriso ya tsone ya pele.[2]

Njoki ngumi, leloko la Nest Collective, o ne a nopotswe mo tsebeng ya pampiri ya Artnet are: " bontsi jwa patlisiso bo kwadilwe jaaka kekete batho bantsho ga ba kitla ba bo bona, kgotsa ba akgela ka jone. - Re ne ra tshwanea ke go fetlha dikakgelo le dikakanyo tsa tlhaolele ya lotso le mmala, le go tlhatlhanya ka tsone gore re kgone go bona bonnennyane fela jwa dintlha ka bagolwagolwane ba rona le matshelo a bone a nako eo.[3]

Maikaelelo le ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa go lebelelwa dingangisano tsa ditso tsa bokolone, maikaelelo a matona a IIP ke go akaretsa maikutlo a abatho bantsho a le mantsi mo dikgangnyeng tsa mafatshe tsa dipusetso gore di seka tsa sokamela mo lotlhakoreng lo le nosi.[4]

Jaaka go supilwe mo tsebeng ya thulaganyo e mo maranyaneng,[5] IIP e ikaelela go atlega mo go tse di latelang:

  • Go aga botsalano le go tiisa tirisano mmogo gareng ga NMK le metheo e mengwe ya tlhwatlhwa le ba ba phuthang dilwana ba ba tshotseng dilwana tsa kwa Kenya jaaka bontlha jwa tse ba diphuthileng.
  • Go aga mabolokelo a a tseneletseng ya dilwana tsa kwa Kenya le tse dingwe tsa ngwao tse di kwa metheong e mengwe kwa ntle
  • Go neelana kitso le dintlha tse di thusang go supa sentle, go kwala le go baya le go supa dilwana tse.

Jaaka Nanette Snoep, mogogi wa mabolokelo a Rautenstrauch-Joest a ne a supa mo puisanong, thulaganyo ya IIP ga se ka dipoelo fela, mme e leng ka tirisano mmogo le go nna le kitso ka dilwana tse.[2] Go tsaya karolo mo dithulaganyong tse dingwe ka maikaelelo a go tsaya gape boswa jwa ngwao ya Aforika kwa bokone, IIP e dirile tirisano mmogo le thulaganyo ya Open restitution ya Aforika.[6]

Dipuisano tsa go sutisa dilwana

[fetola | Fetola Motswedi]

Fa godimo ga dipuisano gareng ga IIP le babatlisis ba mafatshe, dipuisano ka go sutisa kgotsa go fudusa dilwana di nnile teng ebile tsa gatisiwa mo maranyaneng. Ka ngwaga wa 2019, ka kgwedi ya lwetse, mongwe wa batsaya karolo e ne e le moitseanape wa ditso tsa botaki jwa kwa France Benedicte Savoy, mokwadi o mongwe wa pego ya dipoelo tsa boswa jwa ngwao ya Aforika, o a neng a baya IIP mo mmepeng ka dipuisano tse di tsweletseng kwa Europe, morago ga kakanyetso ya tumalano ya go busetsa boswa jwa ngwao ya Aforika jo bo mo mabolokelong a kwa bophirima.[7]

Ditshupo tsa ntlha tsa phatlalatsa

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2021, Mopitlo a le lesome le bodupa, thulaganyo e ne ya dira ditshupo tsa ntlha di bidiwa ditshekatsheko tse di sa bonaleng - go botsolosa dikgobokanyo tsa kwa Kenya mo mabolokelong a ditso a kwa bophirima, kwa mabolokelong a ditso a kwa Kenya.[8] Ditshupo tse di neng di kopantse dipatlisiso tsa baithuti, botaki le go lwela ditshwanelo, di ne di ikaelela go botsolosa gore dilwana tse di tserweng kwa Kenya go isiwa kwa dikgobokanyong le mabolokelong kwa bokone jwa lefatshe di ka busediwa jang mo Kenya.[9]

Go supa go tlhoka go nna teng ga dilwana tseo, mafelo a tshupo a le lesome a a senang sepe a ne a ne a bewa mo pontsheng e e bidiwa "Go supa tse di seong". Seabe se sa bataki ba ba neng ab tsaya karolo mo IP e ne e le go supa dilwana ste di seong kwa Kenya, mme di bonwa kwa mabolokelong a Germany. Go tswa ka Motsheganong 2021 go tsena ka 2022 a simologa, ditshupo di tla supiwa kwa mabolokelong kwa cologne le Frankfurt.[10]

Polokelo tshedimosetso ya go batla dilana tsa Kenya tsa ngwao

[fetola | Fetola Motswedi]

Go netefatsa neelano ya dintlha le dipatlisiso, polokelo tshedimosetso ya maranyane ya dilwana tsa ngwao tse di kwa metheong e le masome a mararo mo lefatsheng ka bophara e ne ya dirwa. Ka ngwaga wa 2020, Ngwanatsele, e ne ya fa lefelo le dintlha ka dilwana di feta dikete di le masome a mararo le bobedi.[11]

IIP e ne ya gatisa gape pampiri ka dipuo tsa seesemane le se Jeremane, go pata ditshupo, e e leng teng mo kgatisong le mo maranyaneng.[12]

  1. Dahir, Abdi Latif (12 December 2018). "Kenya is starting to track its valuable stolen artifacts worldwide—with German help". Quartz Africa. Retrieved 27 June 2025.
  2. 1 2 Deutsche Welle. "How a Cologne museum is dealing with its colonial heritage | DW | 01.10.2019". www.dw.com. Retrieved 27 June 2025.
  3. Brown, Kate (18 March 2021). "Artists and scholars from Europe and Africa are collaborating to help Kenya reclaim its art from foreign museums". Artnet News. Retrieved 27 June 2025.
  4. "Exhibition". International Inventories Programme. Retrieved 27 June 2025.
  5. "About the IIP Project". International Inventories Programme. Retrieved 27 June 2025.
  6. "Open Restitution Africa – Towards transparent restitution". Retrieved 27 June 2025.
  7. Object Movement Dialogues #3 | Prof Dr. Bénédicte Savoy, retrieved 27 June 2025
  8. "Invisible Inventories opens March 17th". International Inventories Programme. 16 March 2021. Retrieved 27 June 2025
  9. "Exhibiting Kenya's 'invisible' artefacts". Business Daily. 2 April 2021. Retrieved 27 June 2025.
  10. "Invisible Inventories: questioning Kenyan collections in Western museums". Contemporary And. Retrieved 27 June 2025.
  11. "Explore the Database". International Inventories Programme. Retrieved 27 June 2025.
  12. "The Invisible Inventories Zine - an introduction". International Inventories Programme. 21 April 2021. Retrieved 27 June 2025.