Thuthukile Zuma
| Thuthukile Zuma | |
|---|---|
| Moeteledipele wa babereki, lephata la ditlhaeletsanyo le ditirelo tsa poso | |
| In office Motsheganong 2014 – Morule 2015 | |
| Morago Ga Gagwe | Frans Mthombeni |
| Ka Ga Ena | |
| O tsetswe | Moranang a le masome mabedi le borobabongwe ngwaga wa 1989 |
| Mokgatlho | African National Congress |
| Batsadi | Jacob Zuma Nkosazana Dlamini-Zuma |
Thuthukile Zuma (o o tshotsweng ka Moranang a le masome mabedi le borobaboedi ngwaga wa 1989) ke ngwana wa ga Jacob Zuma le mosadi wa gagwe wa pele Nkosazana Dlamini-Zuma wa gofejane mo baneng ba bone ba bane ba basetsana.
E ne e le moeteledipele wa babereki wa ga tona Siyabonga Cwele kwa lephateng la ditlhaeletsanyo le ditirelo tsa poso, a nna moeteledipele o mmotlana wa ntlha mo ofising ya tona kwa Aforika Borwa. Go thapiwa ga gagwe go ne ga kgalwa ka ntlha ya bonana jwa gagwe, go ipelaetswa fa a tlhaela kitso ya maemo ao,[1] le go bo a le gaufi thata ka losika le tautona, se se gwetlha pelaelo ya go thapa ka losika.[2][3][4]
Dingangisano
[fetola | Fetola Motswedi]Thuthukile Zuma o ne a tlhasela phathi ya MK are ga e na lepele le le morago.[5]
Botshelo jwa a le mmotlana
[fetola | Fetola Motswedi]Zuma o alogile kwa Westerford High School ka Morule 2006, a ya go feleletsa degree ya gagwe ya anthropology ka 2012 kwa University of Witwatersrand.[6] Ene le mogolowe Nokuthula Nomaqhawe le Gugulethu Zuma-Ncube ba na le kompone ya Nyenyedzi Productions, e e gatisitseng setshwantsho se se kgatlhisang sa Mzansi magic sa It's For Life, ka 2011.[7] Ka 2011 gape, ene le mogolowe Gugulethu ba ne ba ithaopa kwa Luthuli House, ofisikgolo ya African National Congress.[8][9]
O ne a nna leloko la lekgotla la tshireletso ya lefatshe e le o o amanyang kompone le setshaba selekanyo sa ngwaga, morago ga ditlhopho tsa 2015, o ne a ya go nna moeteledipele wa babereki mo lephateng la ditlhaeletsanyo le ditirelo tsa poso, kwa a neng a amogela madi a ngwaga le ngwaga a a tsamaelang sedikadike. Go ne ga begiwa fa maemo ao a ise ke a itsisiwe setshaba, le ntswa melawana ya phiro e re go tshwanetse go diriwa jalo.[1][2][9] Pego e e tswang kwa lephateng e ne ya supa fa tona a bone boitseanape jwa gagwe go dira tiro eo. Losika lwa gagwe lo ne lo sa lebelelwa. Komiti ya pereko e ne ya tlhotlhomisa go thapiwa ga gagwe morago ga ikuelo ya batho.[1]
Zuma o ne aithola marapo mo maemong a gagwe a moteledipele wa babereki ka Morule 2015. [6]Ka 2017 o ne a tswelela ka go amana le ANC, le dipolotiki mo boemong jwa ga rragwe le mmaagwe.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 Czernowalow, Martin (22 September 2014). "DTPS mum on Thuthukile Zuma". ITWeb Technology News. Retrieved 26 November 2025
- 1 2 Pillay, Verashni; Mataboge, Mmanaledi (25 July 2014). "Zuma's daughter gets top state job". Mail & Guardian. Retrieved 26 November 2025
- ↑ "Ministry defends appointment of Zuma's daughter". Business Day. 25 July 2014. Retrieved 26 November 2025
- ↑ "Zuma's daughter lands top job aged 25". eNCA. 25 July 2014. Archived from the original on 16 July 2018. Retrieved 26 November 2025
- ↑ Amashabalala, Mawande (14 September 2025). "Jacob Zuma's daughter attacks MK Party". Sunday World. Retrieved 26 November 2025
- 1 2 Mothombeni, Aubrey (22 February 2016). "President Zuma's daughter quits government post". Sunday World. Archived from the original on 22 July 2018. Retrieved 26 November 2025
- ↑ Pauw, Jacques; van der Merwe, Jeanne (27 July 2014). "Jacob Zuma's family empire". City Press. Archived from the original on 1 August 2014. Retrieved 26 November 2025
- ↑ "Zuma's daughters spark job controversy". The Star. 30 September 2011. Retrieved 26 November 2205
- 1 2 Smith, David (29 July 2014). "Jacob Zuma accused of nepotism after giving daughter ministry position". The Guardian. ISSN 0261-3077. Retrieved 26 November 2025
- ↑ "Zuma and Dlamini-Zuma's daughter attacks ANC leaders". The Citizen. 6 February 2017. Retrieved 26 November 2025