Thuto ya go Emelana le Tiriso e e sa Siamang ya Diokobatsi
Ponalo
Thulaganyo eno e ne e bonala thata ka dingwaga tsa bo 1980 le bo 1990. Ka nako ya fa e ne e tuma thata, D.A.R.E e ne ya fitlhelwa mo dikgaolong tsa dikolo tsa Amerika di le 75% mme e ne ya tlamelwa ka madi ke puso ya Amerika. Thulaganyo eno en ale mapodisa a a etelang diphaposi tsa sekolo se se potlana, a tlhagisa bana gore diritibatsi di kotsi mme di tshwanetswe go ganwa. D.A.R.E e ene e batla go ruta bana gore ba ka emelana jang le kgatelelo ya balekane ya gore ba dirise diritibatsi. Gape e ne ya kgala bojalwa, motsoko, go kwala mo dipopegong tsa dikago le go dira di-tattoo ka ntlha ya go gatelelwa ke balekane.