Jump to content

Tiego Tawana Secondary School

Go tswa ko Wikipedia
Sekolo se se tlotlegileng mo motseng wa Dithakong Village

Tiego Tawana Secondary School ke sekolo se segolo sa motse wa Dithakong village .Ke sekolo se se mo gare ga motse mme se dikologilwe ke sekgwa.Ke sekolo se se tummeng ka dipholo tse dintle tsa ngwaga le ngwaga,bogolosegolo mo barutwaneng ba marematlou,"seno se bontsha gore ngwana sejo wa tlhakanelwa"ka tiro e bagolo,barutabana le mogokgo wa sekolo ba agisanang ka teng.Tiego Tawana Secondary School ke sekolo se se ikagetsweng ke morafe ka go tlhakantsha ditlhogo.[1]

Ngwaga le ngwaga mo tlase ga Ngaka Modiri Molema,Tiego Tawana Secondary School e dula e le mo mmepeng ka diro e ntle e e tswileng diatla.Le gantsi mo go tsa motshameko barutwana ba Tiego Tawana Secondary School ba ne ba ntsha bokgoni jwa bone gonne ba ne ba fenya dikolo ka go farologana mo go tsa motshameko.Ditiro tsotlhe tseo barutwana ba Tiego Tawana Secondary e sedirang ba botsha go kgona go akanyetsa le go utlwa sentle se se anelwang ke mogokgo le barutabana ba bona.

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://schoolclick.co.za/tiego-tawana-secondary-school-pass-rate-principal-photos-reviews/