Tigist Shibabaw
Tigist Shibabaw (1980 – Ferikgong 2008) E ne ele moopedi wa kwa Ethiopia, e le mongwe wa batlhami ba kopelo ebe Harlem-based hip hop fusion band Bole2Harlem.[1] O tsholetswe kwa Chagni, Ethiopia, jaaka kgaitsadie , wa moopedi Gigi.
Botshelo jwa gagwe jwa pele
[fetola | Fetola Motswedi]Tigist o tsholetswe le go golela kwa Chagni, torotswana e e kwa bokonebophirima jwa Ethiopia. E ne e le mongwe wa bomonnawe ba le lesome, a tsaletswe mo lelapeng la balemirui ba kofi ba ba neng ba ikaegile ka noka ya selegae go bona thobo ya bone. [2]
Tiro ya gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Tigist o ne a fudugela kwa United States ka ngwaga wa 2000 go ya go dira tiro ya mmino, a kopana le mogolowe wa mosetsana Gigi, yo o neng a setse a le moopedi. Kwa tshimologong rraabo o ne a ileditse Gigi go nna motshameki wa mmino.[ 2]
Tigist o ne a tshameka le kgaitsadie Gigi mo alebamong ya ntlha ya Gigi; morago ga moo a nna moopedi yo mogolo wa Bole2Harlem. Motlhami-mmogo wa setlhopha le motlhami David Schommer o tlhalositse lentswe la gagwe le go opela jaaka "karolo e e botlhokwa ya modumo wa Bole2Harlem".[ 3]
Loso lwa gagwe
[fetola | Fetola Motswedi]Tigist o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a mabedi le borobabobedi kwa Bahar Dar, Ethiopia, kwa go tweng o ne a ya go dira mokete teng ka bonako morago ga go fetsa go rekota le Bole2Harlem ka Ferikgong 2008. Tshedimosetso e e mabapi le maemo a loso lwa gagwe ga e ise e tlhagelele, go akaretsa letlha le le nepagetseng la loso lwa gagwe;[1][4] O ne a fitlhwa gareng ga ba lelapa la gaabo kwa Chagni, toropo e a tsholetsweng kwa go yone.[ 5]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi][1] "BBC - Awards for World Music 2008". www.bbc.co.uk. Retrieved 9 October 2020.
[2] "Ejigayehu Shibabaw Official Myspace". Archived from the original on 12 September 2009. Retrieved 20 December 2010.
[3] "Bole2Harlem: Hearing Ethiopia in New York". NPR.org. Retrieved 9 October 2020.
[4] 2b0rn0t0b (11 October 2016). "... my passion for ethiopian music ...: Ejigayehu 'Gigi' Shibabaw - Gigi [2001] [ethiopia]". ... my passion for ethiopian music ... Retrieved 2 January 2025.
[5] "Ethiopian Singer Tigist Shibabaw of Bole 2 Harlem Dies in Bahar Dar". 21 January 2008. Retrieved 1 May 2010