Jump to content

Tina Jaxa

Go tswa ko Wikipedia
Tina Jaxa
Tsalo
Albertina Jaxa

(1970-10-27) October 27, 1970 (age 55)
LetsoSouth African
TiroActress
Dingwaga tsa a le mo tirong1998–present
Mosadi
Prosper Mkwaiwa
(m. 2000; div. 2015)
Bana2
O fetheletsean Africa Movie Academy Award for Best Film Best Supporting Actress in a Feature Film

Albertina Jaxa (o tshotswe ka Phalane a le masome mabedi le bosupa, 1970) ke modiragatsi wa Aforika Borwa.Tina Jaxa o ne a na le seabe mo BET Redemption e le Evelyn Zikode yo o batlang go tsweletsa boswa jwa ga rraagwe. O itsege gape jaaka Dora mo setshwantshong sa pele sa NETFLIX sa 2024 sa Disaster Holiday.

Jaxa o simolotse tiro ya gagwe ya bodiragatsi ka 1993, fa a ne a tshameka mo Generations.[1] O ne a tswelela go nna leloko la batshameki ba soap opera ya Isidingo dingwaga di le tharo, mme moragonyana a boela kwa tiragatsong eo ka 2004.[2]

Jaxa o tlhageletse mo difiliming tse di akaretsang Oddball Hall, The Bird Can't Fly, le I Now Pronounce You Black and White.. O fentse sekgele sa Africa Movie Academy Award for Best Film e le Modiragatsi yo o Gaisang yo o Tshegetsang mo Filiming e e Kgethegileng ka ntlha ya seabe sa gagwe mo filiming ya 2013 ya difilimi tsa marato, Of Good Report. Jaxa o ne a tshameka karolo ya mothusi wa tlhokomelo ya mo gae Eve Sisulu mo setoring sa eTV sa Madam & Eve, mme go diragatsa ga gagwe go ne ga amogela ditshwaelo tse di siameng.[3] Jaxa o itsisitse go kgaotsa go diragatsa ka Firikgong 2014, mo go tsereng dikgwedi di robabongwe. Fa e sa le a boa kwa kgaotsong eo, o tlhageletse mo dipontshong tsa motshikhinyego tse di tshwanang Shreds and Dreams, Isikizi, 90 Plein Street, Ashes to Ashes, motseletsele wa drama ya Mzansi Magic ya Nkululeko, le mo motshamekong wa e.tv wa Rhythm City.[4]

Fa a sena go boela kwa Isidingo ka 2004, o ne a tswelela go diragatsa mo metshamekong le metlae e le mmalwa tsa motshikhinyego, go akaretsa le Khululeka, 7de Laan, Charlie Jade, The Final Verdict, Montana, Stokvel, Shreds and Dreams le paka ya bobedi ya Intersexions.

Jaxa o tlhageletse gape mo ditlhagisong tsa bobogelo, go akaretsa le Skewe Sirkel, e e neng e tsamaisiwa ke Marthinus Basson; Rygrond, e e neng e kaelwa ke Charles Fourie; le Soweto, e e laolwang ke Phyllis Klotz.

Go tloga ka 2015 go fitlha ka 2016, Jaxa o ne a tshameka mo motseletseleng wa telenovela wa ntlhantlha wa e.tv o o neng wa akgolwa thata wa Gold Diggers jaaka May Gumede mme a amogela mpho ya South African Film and Television Award (SAFTA) ya Modiragatsi yo o Gaisang mo seabeng seo. Ka 2016, Jaxa o ne a na le dikarolo mo motseletseleng wa bodiragatsi e mebedi:[5][6] Isikizi, motshameko wa seXhosa wa Mzansi Magic, o a neng a o amogelela tlhopho ya SAFTA ya Modiragatsi yo o Gaisang wa tshegetso mo motshamekong wa motshikhinyego,[7][6] le karolo ya tshegetso mo Telenovela ya eTV ya Ashes to Ashes.[8]

Ka 2019, Jaxa o ne a tlhagelela jaaka Noma mo motshamekong wa metlae wa SABC 1 wa Makoti.[9]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa 2000 Jaxa o ne a nyalana le moenjenere Prosper Mkwaiwa kwa Usambara Wedding Village, gaufi le Krugersdorp. Morago banyalani ba ba ne ba tlhalana morago ga dingwaga di le lesome le botlhano ba nyalane.[10] Banyalani ba ba ne ba nna le bana ba le babedi mmogo.

Ka 2015, dibeke morago ga loso lwa monna wa gagwe wa pele Prosper Mkwaiwa, Jaxa o ne a amega mo kganetsanong le Tina Dlangwana (mosadi wa bobedi wa ga Mkwaiwa) ka ga gore ke mang yo e neng e le molekane wa gagwe wa semolao.[11] Go ya ka Sunday Sun, mmaagwe Makwaiwa le ba lelwapa la gagwe ba lemoga Tina Mkwaiwa (mosadi wa ga Prosper wa setso) e le ene fela ngwetsi ya boammaaruri.[12][13][go tlhokega tlhaloso]

Ka Tlhakole 2015, Daily Sun e ne ya bega gore go bolelwa fa Jaxa a ne a tlhaselwa ke morwawe yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le lesome le boferabongwe. Go ya ka kgatiso eo, modiragatsi yo o ne a bula dikgetsi tse pedi tsa go titeo kgatlhanong le morwawe yo o neng a leka go mo tlhasela fa a ne a gana go mo naya madi.[14][15]

  1. Mueni, Priscillah (25 September 2019). "Details about Tina Jaxa and her boyfriend Ben 10". Briefly. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  2. "Tina Jaxa". TVSA. 27 October 1970. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  3. Zeeman, Kyle (22 July 2015). "Is Tina J really joining e.tv's new telenovela?". Channel. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  4. "Tina Jaxa plays jailbird on Rhythm City". SowetanLIVE. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2019.
  5. Pantsi, Nandipha (3 September 2015). "'I've been given a second chance' – Tina Jaxa". Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  6. 1 2 Dayile, Qhama (5 February 2018). "Tina Jaxa to retire from acting". Channel. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  7. "Tina Jaxa bags a role on new Mzansi Magic Xhosa drama". SowetanLIVE. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  8. "Ashes to Ashes is back with new actors – The Citizen". Citizen.co.za. 23 February 2016. Archived from the original on 14 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  9. Ngoasheng, Dimakatso (4 October 2019). "Actress Tina Jaxa on finding love again – 'I'll never give up on love based on previous love relationships'". Channel. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  10. "Prosper still married to Jaxa - TRUFM". Retrieved 19 Lwetse 2025.
  11. "A TALE OF TWO TINAS!". DailySun. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  12. "Tina Jaxa in a fight for late husband's millions". SowetanLIVE. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  13. "Tina Dlangwana comes clean". News24. 20 August 2015. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  14. John, Zenoyise (24 October 2017). "Tough times for Tina Jaxa". Channel. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.
  15. "Tina Jaxa allegedly assaulted by her son". ZAlebs. Archived from the original on 29 December 2019. Retrieved 19 Lwetse 2025.