Tiriso botlhatswa ya diritibatsi
Diritibatsi di emisitse matshelo a bana ka bontsi ka ntlha ya kgatelelo ya tsona.Bana ba latlhegelwa ke lesedi,kakanyo le bokamoso.Se se tlholwa ke gore fa o di dirisa gangwe le gape o ka iphitlhelela o tlogetse sekolo gongwe ebile o le kwa ntlolefitshwaneng gonne fa o sena madi a go di reka o akanya go senyetsa batho ba bangwe.Bagolo ba latlhegetswe ke tshepo mo baneng ba bona.Ga ba kgone go ba kgalemela ka gonne ba ka ba tlhagisetsa kotsi gongwe go ba gobatsa kana go ba ragisa thokolo.
Tota se se utlwisa botlhoko tota fa o le motsadi , o godisitse ngwana ka bokete gore a nne le bokamoso Jo bo kgatlhisang ntekwane ena o lebeletse go kgatlhisa ditsala.Ke rotloetsa moswa mongwe le mongwe go seka a tsewa ke phefo,gopolang kwa le tswang teng Mme le direng ka thata go fokotsa go tla gore le direng bagolo ba lona motlotlo ka go fetsa sekolo,go tsweletsa dithuto tsa lona gore le nneng batho ditshabeng.
Thotloetso e ke e tlisang mo seshweng ke gore le gakologelwe gore mo botshelong ga gona "part2".Motho o abetswe go tshela gangwe fela.Ka jalo tla re diriseng tshono e ,ka go ikgogela kwa morago nyana mo dilong tsa lefatshe.Gakologelwang gore monate wa lefatshe ga o fele go fela motho.A re lekeng go ikgatolosa ditsala ka gonne gongwe gone ke tsona tse di digelang.Se letleleleng go tlhola le gatelelwa megopolo ke ditsala tsa lona.
