Jump to content

Tiriso e siameng ya madi

Go tswa ko Wikipedia
Tiriso ya madi

Madi ke sedirisiwa se se botlhokwa, go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. O dirisa madi go reka dijo, diaparo, boitlosobodutu le bonno. Madi ga a ke a lekana go tlamela halofo ya baagi ba dinaga tseno fa di ntse di kgaratlhela go lwantsha lehuma mo magaeng a tsone. Go na le batho ba le dimilione di le 63,1 ba ba nnang mo Aforika Borwa mo bogareng jwa 2025 go ya ka Statistics SA,[1] mme mo palong eo go na le batho ba ba thapilweng le ba ba sa thapiwang. Bontsi jwa batho ba ba berekang ba lwantshana le lehuma, dikoloto le go boloka madi a bone. Bontsi jwa batho ba ba sa berekeng ba kgaratlhela go bona madi a go itshedisa. Se ditlhopha tse pedi tse tsa batho di tshwanang ka sone ke keletso ya go dira madi a mantsi ka go betšha,[2] go utswa kgotsa bonweenwee,  e leng dilo tse di sa ba solegeleng molemo ka dinako tsotlhe. Kwa bokhutlong motho mongwe o a tshwarwa, o a tshwarwa kana o a phutlhama mme seo se ka felela ka go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhobaela kana go ipolaya.[3]


Go botlhokwa go nna fa fatshe nako le nako o sekaseke botshelo jwa gago, ga go ope yo o ratang go tshela botshelo jo bo ngomolang pelo. Ka tsela eo o kgona go bona gore o dira phoso efe le gore o dirisa madi go feta selekanyo kae go sa tlhokege.  Go dira tekanyetsokabo[4] go botlhokwa thata mme fa o latela tekanyetsokabo eo ka kelotlhoko, o ka nna wa bona diphetogo mo matlotlong a gago. Ka metlha dirisa madi a gago ka botlhale mme o boloke kgotsa o beeletse go feta se o se dirisang, madi a o a bolokileng a tla go solegela molemo mo isagong.  Fa o iphitlhela o le mo boemong jo, mo go bone matswela a ka go tsenyang mo mathateng a a oketsegileng, o se ka wa dira jalo. Fa e le gore o na le bothata jwa go betšha, batla thuso mo go (National gambling board South Africa.[5] kgotsa ba bangwe ba ba tshwanang le bone.  Madi ga a ke a lekana mongwe le mongwe mme ga o tlhoke go boga fa o ka bona thuso. Ke wena fela o ka kgonang go ithusa.

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.statssa.gov.za/?p=18613
  2. https://www.gamcare.org.uk/understanding-your-gambling/how-can-gambling-affect-your-life/
  3. https://theconversation.com/many-suicides-are-related-to-gambling-how-can-we-tackle-this-problem-228017
  4. https://nfb.co.za/knowledge/articles/knowledge-detail/2024/09/29/how-does-a-lack-of-budgeting-affect-your-financial-well-being
  5. https://www.ngb.org.za/stakeholder-information/national-responsible-gambling-programme/#:~:text=You%20can%20also%20contact%20the%20SARGF%20National,the%20operator's%20premises%20*%20A%20trespassing%20charge