Tiro ya sesole ya Meryln
Tiro ya sesole ya Meryln (e e itsegeng gape ka ntwa ya malatsi a robabongwe) e ne e le tiro ya sesole sa Aforika Borwa (SADF), sesole sa lefatshe la South West Africa (SWATF) le sepodisi sa lefatshe la South West Africa (SWAPOL) ka nako ya ntwa ya molelwane wa Aforika Borwa le ntwa ya selegae ya Angola ka Moranang ngwaga wa 1989. Maikaelelo a tiro e e ne e le go fema go sutlhelela ga ditsuolodi tsa PLAN le SWAPO kwa lefatsheng la South West Africa kgotsa Namibia go tswa kwa boremelelong jwa bone kwa Angola. Ditlhaselo tse di ne di tlola molao wa go emisa ntwa o o simolotseng ka Moranang a rogwa ka ngwaga wa 1989 ka go dira tumalano ya makgolo a mane, masome a mararo le botlhano ya lekgotlha la khansele ya United Nations, le molao tumalano ya mafatshe a mararo a Angola, Cuba le Aforika Borwa. Pele, ditlhaselo tse tsa PLAN di ne di rarabololwa ke sepodisi sa lefatshe la South West Africa, ga latela SADF le SWATF, ba ba neng ba ntshitswe go thusa sepodisi se se neng se sa kgone go tswa kwa tirong ka ntlha ya tumalano ya kagiso. Ditlhaselo tse le kgotlhang e e diragetseng morago di ne tsa fela morago ga gore dipuisano tse di neng di rulagantswe ka potlako di bake molao wa Mount Etjo le go emisiwa ga ntwa.
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1988, kgwedi ya morule e le masome mabedi le bobedi, kwa United Nations kwa toropokgolo New York, baemedi ba dipuso tsa Aforika Borwa, Cuba le Angola ba ne ba kopana go baya monwana tumalano ya kwa New York e e itsegeng e le tumalano ya mafatshe a mararo.[1] Se se ne se emetse phelelo ya dipuisano tse di lesome le bobedi gareng ga mafatshe a mararo, tse di neng di simolotse ka Moranang a le malatsi a mararo nwgaga wa 1988, moulasetilo wa tsone e le moemedi wa kwa America Chester Crocker, di tseneletswe gape ke babusi go tswa kwa Soviet Union.[1] Phelelo ya dipuisano tse di lesome le bobedi e ne ya nna tumalano e e neng e amanya go tlhomiwa ga tumalano ya United Nations ya makgolo a mane, masome a mararo le botlhano le go busa masole a lefatshe la Cuba kwa Angola.[1]Tumalano e e ne ya baka go busiwa ga masole a Cuba a le dikete di le tharo, ga salwa morago ke go tsenelela kwa bokone jwa Angola ga masole, mme masole otlhe a felela a dule kwa Angola ka ngwaga wa 1991. Phukwi a rogwa.[1] Letsatsi la go tlhomiwa ga tumalano ya United Nations ya makgolo mane, masome a mararo le botlhano e ne e le Moranang a rogwa, ngwaga wa 1989.[1] Tumalano e le fa go ntse jalo, ga ya a ka ya fedisa kgotlhang gareng ga baba ba babedi mo ntweng ya selegae ya Angola ebong MPLA le UNITA.[1] Go tlhomamisa gore lefatshe la Cuba le ikgogetse morago le go tlhamiwa ga komiti e e elang dilo tlhoko go ne ga dumalanwa. Lekgotla la UN le ne la dira thulaganyo ya nako ya ditiragalo mo dikgweding di le supa, e e neng e tlhokiwa ke batsaya karolo botlhe go ya kwa Moranang a rogwa le go feta. Masole a SADF a ne a ya go fokodiwa go nna banna ba le dikete di le lesome le bobedi ka dibeke di le thataro pele ga Moranang a rogwa, mme a isiwe kwa mafelong a one a boremelelo kwa SWA/Namibia pele ga a fokodiwa go nna banna ba le sekete le makgolo a matlhano dibeke tse di lesome le bobedi morago.[2] SWATF le masole a mo kgaolong a ne a ya go ntshiwa mo tirong, marumo le ditlhobolo tsa bone di katiwa.[2] Masole a PLAN le one a ne a tshwanetse go nna kwa mafelo a bone a boremelelo go tswa ka Moranang a rogwa.[2] Lephata la molao le thokgamo le ne tla sala le sepodisi sa SWA, fa sepodisi sa UNTAG sa mafatshefatshe se tla ela tlhoko go tlhoka go tsaya letlhakore ga bone.[2] Sesole sa UNTAG se ne se solofetswe go goroga kgwedi ya Mopitlo e ya bokhutlong, ya Morannag e simolog, ba tla ela tlhoko SADF le PLAN.[2] Ka kgwedi ya Mopitlo e le lesome le bone ngwaga wa 1989, mokwaledi mogolo wa lekgotla la UN o ne a romela makwalo kwa Aforika Borwa le SWAPO a akantsha fa e tlaa re Mopitlo a rogwa ka nako ya bone mo mosong, ntwa e meme, metsamao ya go tlola molelwane go tsena le go tswa mo Namibia le yone e eme.[2] Kakantsho ya ga mokwaledi mogolo e ne ya dumalanwa ke SWAPO ka Mopitlo a le lesome le borobabobedi le puso ya Aforika Botrwa ka Mopitlo a le masome a mabedi le motso.[2]
Thulaganyo ya ntwa
[fetola | Fetola Motswedi]Sesole sa kgaolo sa Aforika Borwa le South West Africa
[fetola | Fetola Motswedi]- Sepodisi sa South West Africa le Koevoet
- 101 Battalion
- 102 Battalion
- Setlhopha sa 61 Mechanised Battalion
- Setlhopha sa batalione ya bone sa Aforika Borwa / setlhopha sa 62 Mechanised Battalion
- Kompone ya 6 SAI Bn
- Batalione ya borobabobedi ya Aforika Borwa/ batalione ya masome a marataro le boraro
- Setlhopha sa bo lesome le bone sa parachute sa batalione
- ditlhopha di le mmalwa tsa SWATF
- Difofane tsa SAAF
Sesole sa PLAN le sa SWAPO
[fetola | Fetola Motswedi]- Ditsuolodi di le sekete le makgolo a matlhano go tsena sekete le makgolo a robabobedi
Tlolo molao wa melelwane ga SWAPO go a simologa
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Mopitlo e le masome a mararo le motso, Martti Ahtisaari, moemedi wa tlhwatlhwa wa UNTAG o ne a goroga kwa Windhoek, moletlo wa dijo tsa maitseboa wa tshwarwa boosigo joo ke motsamaisi wa SWA wa Aforika Borwa, Louis Pienaar, bosigo pele ga go tlhomamisiwa ga tharabololo ya makgolo a mane, masome a mararo le botlhano.[2][3] Kwa moletlong o o go ne go na le babusi ba SWA, bo tona ba puso ya Aforika Borwa, matona a lekgotla la United Nations le moeteledipele wa setlhopha sa thuso sa United Nations Transition Assistance Group (UNTAG).[3] Tona wa maaftshe a sele wa Aforika Borwa Pik Botha o ne a bolelela Martti Ahtisaari gore boramatlhale ba sesole sa Aforika Borwa ba ntse ba etse tlhoko go nna teng ga masole a PLAN a le makgolo a matlhano go tsena a le makgolo a supa kwa bokone jwa molelwane wa South West Africa (SWA), le gore ditsuolodi tsa PLAN di le lekgolo le masome a matlhano ba setse ba kgabagantse molelwane le ntwa tumalano ya kwa New York ya 1988 e ne e le kgatlhanong le seo, e e neng e supile gore PLAN e tshwanetse go nna kwa Angola, kwa bokone.[3] Ditsuolodi tsa PLAN go ne go bolelwa fa di tshotse dibetsa ebile di apere paka.[2] Martti Ahtisaari o ne a sa dumele fa SWAPO e ka tlola molao ka jalo a sa dumele mafoko a ga Pik Botha, mme le fa go ntse jalo a bolelela mokwaledi mogolo wa UN ka magatwe a.[3]
Dikgotlhang di a diragala
[fetola | Fetola Motswedi]Mopitlo a le masome mararo le motso / Moranang a rogwa
[fetola | Fetola Motswedi]Mo bosigong jwa Mopitlo a le masome a mararo le motso le Moranang a rogwa, ditsuolodi tsa PLAN di ka nna sekete di ne di le kwa bokone jwa molelwane.[4] Ba ne ba tshotse dibetsa tsa bone le ditlhobolo tse di tona tsa SAM-7, mortar le RPG-7 ba aname le mafelo a a dikhilomithara di le makgolo a mararo.[4] Mephato ya sepodisi sa SWA a ne a ntse a tlhokometse molelwane fa e sale ka Firikgong, mme a kopana le masole a PLAN e le lantlha ka nako ya borataro mo mosong wa Moranang a rogwa.[4] Ditsuolodi tsa PLAN di le masome a mararo le mapodisi a le mabedi ba ne ba tlhokafala mo kopanong eo ya ntlha. Fa ba ntse ba kopana le ba bangwe ba le bantsi, dintwa di simologa, mapodisi a SWA a ne a lemoga fa tlhaselo e kgolo e tla.[4] Pele badirisi ba ditlhobolo ba sefofane ba SAAF ba ne ba lebelela se ba sa tswe thuso epe, ba bona mephato ya SWAPOL e tlhaselwa, mme morago ditaelo tsa bone tsa fetoga ba neelwa dibetsa.[5] Mapodisi le one a ne a sa tshola dibetsa tse di lekaneng, dibetsa tsa bone di ne di ntshitswe mo dikoloing e le bontlha jwa go emisa ntwa, ka jalo ba tshotse tse e seng tsa sepe fela go iphemela.[3] Tona wa mafatshe a sele Pik Botha o ne a leletsa mokwaledi mogolo Javier Perez de Cuellar go mmolelela gore SWAPOL e ka se emise ditlhaselo le gore fa UNTAG e sa kgone go laola seemo, mephato ya SADF e tla ntshiwa kwa boremelong jwa bone.[2] Martti Ahtisaari o ne a nna sebete se molangwana go ntsha palo e e lekanentseng ya mephato ya SADF morago ga gore maloko a UNTAG a fofele kwa molelwaneng a tlhomamisa ditlhaselo tsa ditsuolodi tsa PLAN, tshwetso e a tla a e kgalelwang morago.[4]
Setlhopha sa 101 Battalion ke sone sa ntlha gore mephato ya sone e bidiwe ebo e nelwe dibetsa.[4] 102 Battalion, ba difofane, 61 Mechanised, 4 SAI Gp le ba bangwe ba tla a sala morago.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 George, Edward (2005). The Cuban intervention in Angola : 1965-1991 : from Che Guevara to Cuito Cuanavale (1. publ. ed.). London [u.a.]: Frank Cass. ISBN 0415350158.
- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 10 "Namibia - UNTAG Background". United Nations. Retrieved 15 July 2025.
- 1 2 3 4 5 6 Scholtz, Leopold (2013). The SADF in the Border War 1966-1989. Cape Town: Tafelberg. ISBN 978-0-624-05410-8.
- 1 2 3 4 5 6 Steenkamp, Willem (1989). South Africa's border war, 1966-1989. Gibraltar: Ashanti Pub. ISBN 0620139676.
- ↑ Lord, Dick (2012). From Fledgling to Eagle: The South African Air Force during the Border War (Kindle ed.). Solihull, England: Helion & Company Ltd. ISBN 0415350158.