Tiso ya kgwebo ya makgoba ya Aforika
Tiso ya kgwebo ya bokgoba mo Aforika ya lefatshe la United States e ne e le bontlha jwa go emisa kgwebo ya makgoba a Aforika go fokotsa kgwebo ya makgoba ya Atlantic gareng ga ngwaga wa 1819 le tshimologo ya ntwa ya selegae kwa America ka ngwaga wa 1861. Ka ntlha ya letsholo la go emisa kgwebo ya makgoba kwa United States, mophato wa sesole sa United States sa dikepe tsa ntwa o ne wa neelwa tiro ya go tshwara bagwebi mo Aforika le tikologo . Mo dingwageng di le masome a mane le bobedi, dikepe tsa makgoba di le lekgolo di ne tsa tshwarwa.[1][2]
Ditiro
[fetola | Fetola Motswedi]Tshimologo
[fetola | Fetola Motswedi]Mophato wa ntlha wa America o ne wa romelwa kwa Aforika ka ngwaga wa 1819, mme morago ga gore dikepe di dikolosiwe kwa ntle kwa, go ne go sena masole a America kwa Aforika go fitlhelela ka ngwaga wa 1840. Mo dingwageng tse di masome mabedi tse di af gare, dikepe di le mmalwa fela di ne tsa tshwarwa ka go ne go sena dikepe tse di lekaneng tsa America go disa lotshitshi lwa di mile di le dikete tse tharo, ga mmogo le matshitshi a America le lewatle fa gare. Bagwebi ba makgoba ba ne ba itse gore fa ba fofisa folaga ya lefatshe la Spain kgotsa Portugal, ba ka falola. Bokopano jwa matona a puso bo ne bo dira gore go nne tahat gore sesole se nne le mophato kwa Aforika go fitlhelela ka ngwaga wa 1842 fa tumalano ya Webster le Ashburton le lefatshe la United kingdom e bewa monwana. Matthew C Perry o e neng e le mongwe wa sesole o ne a romelwa go laola mophato wa Aforika gape morago ga go nna ramasole ka ngwaga wa 1821. Go goroga ga gagwe go ne go tshwaya tshimologo ya go kgona ga lefatshe la America mo phokotshong, ka le ntswa dikatlego tse di ne di sena mosola fa di tshwantshiwa le mophato wa segosi wa botlhaba jwa Aforika ka nako eo. Ba Britain ba ne ba tshwara dikepe tsa makgoba di le makgolo, ebile ba lwa dintwa tsa sesole di le dintsi; katlego ya bone e ne e le ka ntlha ya bontsi jwa masole a bone le mafelo ba nnang mo go one a a kwa Aforika ka sebele. Maiteko a a kopantsweng a Britain le America a ne a falotsa makgoba a le dikete, mme kgwebo e ne ya tswelela, mme tiro ya anamisediwa kwa botlhaba jwa indies, Brazil le lewatle la Indian. Mophato wa kwa Brazil, West Indies le wa kwa botlhaba jwa India le wa mo gae yotlhe e e ne ena le maikarabelo a go tshwara palo potlana ya bagwbi ba makgoba, mongwe le mongwe wa bone.[3][2]
Go tshwarwa ga Spitfire
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa 1844, Seetebosigo a le lesome le boraro, sekepe sa USS Truxtun se ne sa neelwa ramasole Henry Bruce o a nenga le mo taolong. Morago ga dibeke tse pedi, se ne sa tsamaya mo nokeng ya Delaware sa ya Atlantic. Morago ga go etela Funchal, Madeira, sekepe se ne sa tsena mo maemelong a Aforika kwa setlhaketlhakeng sa Canary.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "African Slave Trade Patrol". Naval History and Heritage Command. 2017. Archived from the original on June 1, 2019. Retrieved 24 June 2025.
- 1 2 Heritage Auctions, Inc, pg. 34–36.
- ↑ Dow, pg. 270–276.