Tjamuaha
| Tjamuaha | |
|---|---|
| Kgosikgolo ya BaHerero | |
| Tsalo | 1970 Otjikune |
| Leso | 1861 Okahandja |
| Ntlo | Ovaherero |
| Rraagwe | Tjirwe |
Tjamuaha (kgotsa Tjamuaha wa Tjirwe, ka Sekgoa: Tjamuaha morwa Tijwe, a tshotswe ka 1790 kwa Otjikune, o tlhokafetse ka Morule ngwaga wa 1861 kwa Okahandja) e ne e le kgosi ya BaHerero kwa South West Africa, kwa e leng Namibia gompieno, e le rraagwe Maharero. E ne e le tsala le mmereki ka Jonker Afrikaner, kgosi ya batho ba morafe wa Oorlam Afrikaners, a nnile le ene kwa Windhoek ka nako ya bogosi jwa gagwe.[1] Ka loso lwa ga Tjimuaha, go ne ga simolola dikgogakgogano gareng ga batho ba morafe wa Nama le Herero.[2]

Se se ne sa dira gore go tshwanele gore merafe e kopane jaaka setlhopha se le sengwe. Ke ka Seetebosigo a le lesome le botlhano ngwaga wa 1863 kwa Otjizingue (kwa e leng Otjimbingwe), Maherero a neng a tlhophiwa go nna moeteledipele wa merafe ya BaHerero yotlhe. Morago maharero o ne a tlhophiwa go nna kgosikgolo ya BaHerero.[3]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, T. Entry for Ua Tjirwe Tjamuaha". Retrieved 03 October 2025
- ↑ Vedder, Heinrich (1997). Das alte Südwestafrika. Südwestafrikas Geschichte bis zum Tode Mahareros 1890 [The old South-West Africa. South-West Africa's history until Maharero's death 1890] (in German) (7th ed.). Windhoek: Namibia Scientific Society. ISBN 0-949995-33-9.
- ↑ Dierks, Klaus. "Biographies of Namibian Personalities, M. Entry for Maharero". klausdierks.com. Retrieved 03 October 2025.