Tlhokomelo ya Tikologo
Tlhokomelo ya Tikologo
[fetola | Fetola Motswedi]Tikologo ya tlhokomelwa, diporofense tsotlhe tsa Aforika Borwa e bong mafelo ao re tshelang mo go ona ka metlha ke maikarabelo a mongwe le mongwe go netefatsa gore a phepa. Tlhokomelo ya tikologo mo setšhabeng sa Aforika Borwa e botlhokwa.

Goreng re Tlhokomela Tikologo
[fetola | Fetola Motswedi]Tikologo ke karolo e e botlhokwa mo botshelong jwa rona. Ke yone eo e re fang dilo tsotlhe tse di re tlhokang go tshela re lebile metsi, mowa o o phepa, dijo, ditlhare, mmu le mafelo a o re agang mo go one. Fa re sa tlhokomele tikologo ya rona sentle, botshelo jwa rona bo ka tsena mo kotsing. Ke maikarabelo a rona jaaka setšhaba go netefatsa gore tikologo e tlhokomelwa ka kelotlhoko ka metlha le matsatsi.
Ditiro tsa Tlhokomelo
[fetola | Fetola Motswedi]Go tlhokomela tikologo go akaretsa ditiro di le dintsi tseo di akaretsang go boloka ditlhare, le go dirisa dilo ka botswerere tseo re di fitlhelang mo lefatsheng. Mo motseng kgotsa mo lefelong le le nang le batho, batho ba tshwanetse go tsibosa batho botlhe ka botlhokwa jwa go boloka tikologo.[1] Fa tikologo e senngwa, go nna le ditla morago tseo di sa siamang tse dikgolo jaaka komelelo, maemo a mowa a a bosula, le malwetse a a rileng.
Dikgato kgatlhanong le Kgotlelo ya Tikologo
[fetola | Fetola Motswedi]Kwa metseng mengwe, batho ba ka tsaya dikgato tse difarologaneng go sireletsa tikologo ya bona, ka go sela matlakala mo ditseleng. [2]Seno se akaretsa go lema ditlhare, go fokotsa tiriso ya dipolasitiki, go tlhoma mafelo a a kgethegileng a go latlhela matlakala, le go tlhotlheletsa bana kwa dikolong go itse ka tikologo le go tsibosa bagolo ba motse ka tshedimosetso eo. Diporojeke tse di jaaka di ka tlhomiwa ngwaga ka ngwaga go rotloetsa tlhokomelo ya tikologo.
Bokhutlo
[fetola | Fetola Motswedi]Tlhokomelo ya tikologo ke tiro ya mongwe le mongwe, ga se tiro ya puso fela kgotsa makalana a tshireletso a tikologo, mme ke tiro ya mongwe le mongwe yo o nnang mo lefelong leo. Tirisano mmogo, e ka tlhomamisa gore lefatshe la rona le nne le botsogo, le nne le le siameng.[3] Ka jalo, a re tlhokomeleng tikologo ya rona, ka ntlha ya gore e kgotlela ke rona le bana ba rona.Tikologo e phepha e netefatsa botshelo jo boleele.
- ↑ https://www.sowetanlive.co.za/news/south-africa/2024-06-28-residents-roll-up-sleeves-to-keep-their-area-clean-and-healthy/
- ↑ https://www.sagoodnews.co.za/september-15-world-clean-up-day-are-you-a-litter-hood-or-will-you-pick-up-litter-in-your-hood/
- ↑ https://www.goodthingsguy.com/environment/5-simple-steps-environment-cleaning/