Jump to content

Tlholego

Go tswa ko Wikipedia
Tshimologo

Tlholego ke botsalo jwa sengwe le sengwe se se mo botshelong, e amana le tsotlhe tse di phelang mo lefatsheng le ko legodimong, ke akaretsa dilo tsa go tshwana le dikgwa, melapo le diphologolo tsotlhe tse di phelang mo lefatsheng, ko legodimong eleng letsatsi ngwedi, phefo le dinaledi tseo eleng tsona di tshayang karolo e kgolo mo go tsotlhe tse di phelang mo lefatsheng.Bangwe ba bui ba na le dikakanyo tsa gore ke selo seo se tlodilweng ke modimo,gonne go sena kitso ya gore gona le motho o a kile a tlhola kagego ya seo esale se simolotse botshelo jo esale bo simologile bogologolotala.

Tlholego eke buang ka yona ke o e tlisitseng botlhale mo mothong mo diphologolong le tse dingwe tse di phelang mo yone ka kakaretso ka gore mo nakong ya maloba gona le bangwe ba o ba ileng ba ikagela matshelo a bona gotsweng mo tlholegong jaaka go ipatlela bodulo mme mo go ona ba aga matlo gore ba nne mo tulong e e sireletsegileng, ba jala,ba itse go phedisana le tse dingwe tsa diphologolo mo mafelong ao ba phelang mo go ona.Goya ka nna ke bona seo se le mo tlholegong se tsaya karolo mo go sengwe le seng se se mo botshelong.[1][2]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. https://www.nature.com/
  2. https://onetreeplanted.org/blogs/stories/nature-fun-facts?g_adtype=&g_network=g&g_keyword=nature%20facts%20interesting&g_placement=&g_campaignid=22830480418&g_adid=765688359521&g_merchantid=&g_ifcreative=&g_locphysical=2710&g_source={sourceid}&g_keywordid=kwd-2433330019415&g_campaign=account&g_acctid=611-028-5007&g_partition=&g_productchannel=&g_productid=&g_ifproduct=&g_locinterest=&g_adgroupid=182244914825&gad_source=1&gad_campaignid=22830480418&gclid=CjwKCAiA3L_JBhAlEiwAlcWO56P4a6kfoWwsh8P_D9mYLbxfyT_7PBkFF14xp8jvoe1zTbYl2veZaRoC5JcQAvD_BwE