Jump to content

Tobi Amusan

Go tswa ko Wikipedia

Oluwatobiloba Ayomide "Tobi" Amusan OON( o tshotswe ka kgwedi Moranang e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa 1997)[1] ke motshameki wa mmele wa Nigerian track and field yo o dirang mo 100 meters hurdles gape a gaisana e le sprinter.Gone jaana Amusan ke ene yo o kwadilweng mo lefatsheng e le ene yo o fentseng mo 100 m hurdles mo dikgaisanong tsa bofelo mo Eugene,Oregon.Ke moeteledipele wa jaanong wa kgaisano wa Commonwealth le African champion mo 100 m hurdles,gape ke ene yo go buiwang ka ene mo dikgaesanong tseo tse pedi.Amusan o ne a nna motshameki wa ntlha wa Nigerian world champion go fenya kgaisano ya lefatshe le go tshwara rekoto ya lefatshe mo tirong ya metshameko ya mmele fa a fenya kgaisano ya 2022 World champion tsa 100 m hurdles ka medal wa gauta, a simolola world record ya 12.12 seconds (+0.9 m/s) mo semi-final, mme morago a bona 12.06 seconds (+2.5 m/s) mo bofelong. O fentse dikgaisano tsa Commonwealth le African titles ka ngwaga wa 2018 le 2022 mo 100 m hurdles, gape ke moeteledipele wa dikgaisano tse pedi tsa African Games champion.O nna gape moeteledipele wa Diamond League champion tsa 100 metres hurdles fa a fenya motshameko wa bofelo ka 12.33 seconds (+1.8 m/s), a simolola letsholo la go fenya mo 2021, 2022 le 2023.

Ka ngwaga wa 2015,Amusan o nea tsaya gauta mo 100 m hurdles kwa African Junior Champions ka ngwaga fela o ne oo,a le dingwaga di le lesome le boferabobedi, o ne a fenya e le lantlha kwa African Games.Ka ngwaga wa 2021, Amusan o ne a nna motshameki wa ntlha wa Nigeria go fenya mo Diamond League fa a tsaya 100 m hurdles trophy, a senya rekoto ya Aforika e e neng e tshwarwa ke Glory Alozie ka nako eo. O bolokile go itsiwe ka go fenya ga gagwe ka 2022 le 2023.

BOTSHELO JWA PELE LE THUTO

[fetola | Fetola Motswedi]

Tobi Amusan o tshotswe ka kgwedi ya Moranang e tlhola malatsi a le masome a mabedi le boraro ka ngwaga wa , mo Ijebu Ode, Ogun State, mo Nigeria, ke Rre le Mme Amusan, ba bobedi jwa bone e leng barutabana. Tobi, e le jaaka ba mo bitsang ka teng ka lorato, ke ene yo monnye mo baneng ba bararo. O ile a ya sekolong se segolo sa Our Lady of Apostles mo toropong ya kwa ga bone. Ka kgwedi ya Motsheganong 2023, Amusan o ne a fetsa ka Master of Arts degree mo Leadership Studies and Sports Management kwa University of Texas at El Paso, United States.

Go tloga e sa le monnye, Amusan o ne a setse e le motshameki wa mmele yo o atlegileng. E ne e le 200 meters silver medallist kwa 2013 African Youth Champions tse di neng di tshwaretswe mo Warri. Ngwaga o le mongwe morago ga moo, o ne a fenya medale wa gagwe wa ntlha wa botlhokwa mo 100 metres hurdles, o o neng o le wa selefera gape, mo Dikgaisanong tsa African Youth Games. O tsweletse ka go tsaya medale wa gauta mo tirong ya 2015 African Junior Athletics Champions mo Addis Ababa. Gape ka ngwaga 2015, fa a tsena lekgetlo la ntlha mo Dikgaisanong tsa All-Africa Games a le dingwaga di le lesome le borobabobedi, o fentse medal wa gauta mo 100 m hurdles.

  1. "Tobi AMUSAN – Athlete Profile". World Athletics. Retrieved 1 January 2021.