Toropo ya Lobatse

From Wikipedia
Jump to navigation Jump to search
Makeshane a Lobatse mo Botswana

Lobatse ke toropo mo borwa botlhaba jwa Botswana,dikhilomitara di le masome a supa go tswa borwa jwa toropo kgolo Gaborone,mo twatswaneng e e yang bokone jwa Gaborone. lobatse o na le batho ba le dikete tse masome a mabedi le boferabongwe le makgolo a le masupa. The town is an administrative district, with a Town Council.[1]Toropo ya kgaolo ya makgotla,katoropo ya khansele.

Ditso[baakanya | edit source]

Bangwaketsi ke bone batho ba ntlha go aga mo lefelong le Botswana, mo le ileng la felela le agilwe ke Bangwaketsi mo lobakeng lwa dingwaga tse di lekgolo la lesome le borobabobedi. Marapo a bogologolo a ntse a teng mo pakeng ya gompieno.

Go filhelela ka boipuso ka ngwaga wa 1966, ,Botswama e ne e le British Protectorate ya Bechuanaland,e ne e nale mathata ka gore e ne e le lefatshe mo toropong e eneng e le kwantle ga molelwane wa lefatshe. Mafikeng, South Africa ka nako eo e ne e le yone toropo kgolo,godimo ga moo toropokgolo e ne e tshwanetse go nna Lobatse kgotsa Gaborone. Gaborone o ne a tlhopiwa e le setilo sa puso ,fa Lobatse a tlhopiwa e le setilo sa molao.

Ka ngwaga wa 1954 barongwa ba development co-operation ba ne ba aga matlhabelo a Lobatse a gompieno a bidiwang B.M.C (Botswana Meat Comission). Lobatse o pharologanyo ka tsela ya ntlha mo Botswana,e e dirilweng ka 1958. Ka boipuso kgwedi ya lwetse a le masome a mararo ka ngwaga wa 1966,dikilomithara tse tlhano e ne e le tsela e e nang le sekonotere lefatshe ka bophara.E ne e le tsela e e tswang maemelo a terena a Lobatse go ya kwa kgotla tshekelong e e neng agilwe ka mo go kgetlhegileng ga loetlo lwa ga kgosi George vi gape le Queen Elizabeth ba England ka ngwaga wa 1947.

Ba Lobatse ba supa lobebe la ngwao[baakanya | edit source]

Kgotla e tona kwa Lobatse e leng ya Peleng, e ne e penologa ka boidiidi jwa batho, go se na lone bobeo jwa lonao e bile bangwe ba eme ka dikgora kwa ntle go jesa matlho monate le gone go itseela ka tsebe. Bafeti ka tsela le bone ba ne ba se ka ba ipona tsapa, ya re go bona mosi o kueletse, ba ikatametsa go tshela matlho bofufu.Dipotso di sa kgale ka mongwe le mongwe a ne a batla go itse gore go eng mo kgotleng. Di ne di sa tlhoke moarabi ka motho o ne a bona fela ka kapari gore fa, go ketekwa letsatsi la ngwao. Bomme ba ne galalela ka mateisi a segilwe ke setswerere ba beile megagolwane e ka re ba ya go batla ngwetsi golo gongwe fa borre bangwe le bone ba tla ba ipapanne ka kapari ya matlalo a Setswana.E re ka toropo ya Lobatse e oletse merafe ka go farologana, ope a se ka a batla gore ngwao ya gaabo e salele kwa morago mme ra bona kapari ka mefutafuta, bangwe ba apere Sezazuru, Sesotho, Seswati, Seherero mme moono wa letsatsi e ne e le go supa le go ipelefatsa ka ngwao ya Setswana ka setlhogo se se reng Ngwao letshego la setshaba.Morafe wa bo o ntse ka tshisibalo go amogela bagaka ba lefatshe leno ba akaretsa matlhogotshweu a toropo ya Lobatse. Bone ba ne ba akaretsa tautona wa pele wa lefatshe leno Sir Ketumile Masire yo e neng e le ene sebui sa tlotla gammogo le moatlhodi mogolo wa kgotla tshekelo, Justice Dibotelo, magosi go tswa kwa dikgaolong tse di farologaneng le motlhatlhelela dithuto kwa mmadikole Dr Roggers Molefi.

Tiro ya simologa, tlhako sa lelela boatleng, dipina, metshameko le maboko e le matsorotsoro, megolokwane le yone e lelela boatleng go supagala tota fa banni ba ne ba nyoretswe letsatsi leo.Banana gammogo le bana ba dikole le bone ba ne ba iketleeditse go tla go anya thuto le maele a Setswana.Kgosi ya Peleng Kgosi Pius Letsholo le ene a nna le sebaka sa go amogela boidiidi jo bo neng bo tshologetse tiro eo.Mo puong ya gagwe, a supa fa a le motlotlo ka jaana toropo eo e le makgatlhanelathapong mme tshwaragano ke ya maemo a ntlha.A re ka one mowa oo wa tirisano, ba ne ba thulanya ditlhogo e le banni gore ngwaga ono ba rulaganya letsatsi la ngwao go itsaya motlhala go leba kwa ba go tswang le gone go amogana thuto le dikitso ka dingwao tsa bone.A re e re ka ngwao e tswa kgakala e tshegeditse e bile e bopa setshaba, maikaelelo a bone e le dikgosi ke go rotloetsa Batswana go e tsosolosa gongwe le gongwe fa ba leng teng, le mo ditoropong tota.Ya re fela a wetsa a nna fatshe, rre mongwe a goa ka lentswe le le kwa godimo a re: Dikgafela tseo! A di goroge kwa kgosing A di goroge ka pula ya masokelele! Fa morafe o thaakanya ditsebe, rre mongwe a suthoga ka letlhaku la moologa a tla a di bokolola dikgafela tseo, a setswe morago ke bomme ba rwele ditlatlana, dinkgo ba bopeletse isa kwa go Kgosi. Kgosi le ene a di amogela ka diatla tsoopedi.

Fa a tlhalosa ka seo, Rre Kebinakgabo Baabina a tlhalosa fa dikgafela di ne di isiwa kwa kgosing e le sesupo sa go itumelela thobo.E ne ya re a nankola ditso tsa Lobatse, Rre Molefi a tlhalosa fa toropo eo e humile ditso tse di tlhokwang go kwalwa gore dikokomane di di fitlhele, a tlatsa ka gore le mo go tlhabololeng lefatshe leno banni ba Lobatse ba nnile le seabe.A re toropo eo e itsege thata ka ngwao e e faphegileng le ditlhabololo tse di nonofileng a kaya fa bommantswitswidi ba tsa thuto, metshameko le kgwebo ba tlholega kwa Lobatse. A re banna le basadi ba ba nnileng le seabe mo go fetoleng le go tokafatsa matshelo a ba bangwe ba bonwa kwa Lobatse mme ka jalo batho bao ba tshwanelwa ke go lemogwa le go fiwa tlotla ka go kwala ka ditiro tsa bone.Dr Molefi o boletse fa mo tlholegong, toropo eo e le ya bagwebi a tlhalosa fa batho ba ntlha go thibelela teng e le Bangwaketse le Bahurutshe mme ba fitlhelwa ke Bazezuru. A re merafe eo e ne e le dikwankwetla tse di neng di itshetsa thata ka ditiro tsa diatla ka mefuta ya bone a tlatsa ka gore go ne go se motlhofo gore ba ka fuduga fa ba leng teng.

Itsholelo[baakanya | edit source]

Kgotla tshekelo e bonwa kwa Lobatse, le tsone diofisi dikgolo tsa lephata la tshekatsheko ya lefatshe gape le sepatela sa balwetse ba tlhalogayo sa Lobatse Mental, se eleng sepatela balwetse ba tlhaloganyo fela mo Botswana. Madirelo ka bontsi a kwa Lobatse,,e leng mathabelo (BMC), ka go rua ka e le konokono mo itsholelong ya Botswana pele ga go lemogwa ga diteemane e le botlhokwa e bo e sala e le bontlha bongwe jo bo mosola jwa ngwao. Kakana tse di nosetsang tsa FLO-TEK , ke kompone e tona e e seng ya puso e e tlhapang.

Khansele ya Lobatse e tsaya sekgele[baakanya | edit source]

Makhanselara a Lobatse a akgoletse bodiredi jwa khansele tiro e ntle ya go neela setshaba ditirelo tse di ba kgotsofatsang.Ba galaleditse bodiredi morago ga go begelwa fa khansele eo e ikgapetse sekgele sa go gaisa dikhansele tse dingwe mo go neeleng setshaba ditirelo.Mmatoropo Mme Caroline Lesang o ne a lekodisa makhanselara a Lobatse fa mo dikhanseleng di le lesome le borataro, khansele ya Lobatse e se lwa ntlha ba iponela maemo ao ka jaana le ngogola ba ile ba ikgapela kopi.O ne a ba itsise gape fa ba lephata la makgotla le bone ba tlotlomaditse toropo eno ka go ikgapela maemo a ntlha kwa phutheogong e e neng e tshwaretswe kwa Jwaneng bosheng.Makhanselara a ne a iteela bodiredi legofi ba re ba supa fa ba dira ba le ngata e bile ba ikemiseditse go direla setshaba ka manontlhotlho le ka bopelotelele.Ba re go supagala fa bodiredi bo ikemiseditse go dirisana le morafe, bogogi jwa toropo go tlhabololo.Ba supile fa le bone ba lemoga pharologanyo ka jaana ditirelo ka bontsi di tokafetse ba supa sekai ka melemo kwa dikokelwaneng.Mokhanselara Rre Molaodi Mantle o ne a leboga mokwaledi wa toropo a re mogopolo wa gagwe ya go akaretsa makhanselara mo bokopanong jwa go itshekatsheka e le bodiredi o dule maduo mme a mo rotloetsa go tswelela ka mowa o montle oo.Le fa go ntse jalo, makhanselara ba ne ba ikuela ka go bewa ka fa mosing ke bobega dikgang jwa thelebeshine.Ba re khansele ya Lobatse e dira tiro e ntle mme go sa supiwe mo thelebeshineng le ntswa fa go dikhansele tse dingwe di ne di ka tsaya malebela mme ba tokafatse ditirelo tsa bone.

Dikgoge tsa kwantle[baakanya | edit source]

Boswana/Lobatse

Polokelo[baakanya | edit source]

Template:Image gallery

O ka tsibogela[baakanya | edit source]

  • Boemelo jwa terena mo Botswana

Dipadi tse dingwe.[baakanya | edit source]

  1. Melao ya Botswna,lephata la selegae.

Coordinates: 25°13′S 25°40′E / 25.217°S 25.667°E / -25.217; 25.667 Template:Botswana largest cities

[[Category: Mafelo a a nang le batho ba bantsi mo Botswana]]