Toropo ya Maun

Go tswa ko Wikipedia
Maun
Maun from the air in 2007
Maun from the air in 2007
Location of Maun in Botswana
Location of Maun in Botswana
Country Botswana
DistrictNorth-West District
Palo batho
 (2001)[1]
 • Total43,776

Maun ke toropo ya botlhano mo ditoropong tse di kgolo tse di mo Botswana Jaaka ka ngwaga wa 2001 e ne e na le palo ya batho bale dikete di le masome a mane le boraro le makgolo a supa le masome a supa le borataro.[1] Ke motse wa sebobego se se tswakangtsweng jaaka o na le dikago tsa sesa le tsa setswana. Maun ke lefelo la konokono la bojanala jwa Botswana le baokamedi ba legare la kgaolo ya Ngamiland

Gape ke tlhogo ya makalana a le mantsi a safari le difofane a a rulaganyetsang mesepele go ya Okavango Delta.

Le fa e le motse, Maun o tlhabologile ka bofefo go tsweng toropo seka kgaolo gape o gola go bapisa noka ya Thamalakane. O na le marekisetso, dihotele le dilodge ga mmogo le pheriso ya dikoloi, le fa a setse a tshwere tebego ya kgaolo gape barui ba motse ba tswelela ba tisa dikgomo mo Maun go direkisa. Batho ba Maun thata ba agile go tsamaela mo matshitshing a a ikadileng a noka ya Tlhamalakane kwa o kgonang go bona matswee a fula le ditonki, dipudi ga mmogo le dikgomo.Maun o sekgele se se dikhilomethara tse di masome a mararo le motse wa Toteng.

Ditso[fetola | Fetola Motswedi]

Go tsweng go tlhamiweng ga Maun ka 1915 jaaka e le motse mogolo wa Batawana[2] o tlwaelesegile thata ka botshelo jwa dikgwa tsa borwa tsa toropo tse di thusang mo thuo ya dikgomo le ditiragalo tsa letsomo. Lefa go ntse jalo, kgolo ya madirelo a bojanala le go fetswa ga tsela ya sekonotere e e kopanyang Maun le Nata ka dingwaga tsa bo 1990, Maun o godile fela thata a latlhegelwa ke tebego ya segologolo. Ke motse wa batho ba ba feta dikete dile masome a mararo.

Mo bo gompieno Maun ke toropo e e golang ya bojanala,e etseging thata ka ditoki tse di gobeyang mo mebileng ga mmogo le dipudi tse di seng kalo kalo. Diphologolo tse o ka di bona di eme eme mo tikologong ya toropo jaaka barui ba motse ba goroga ka dipalo tse di kwa go dimo ka dipalamo tsa setshaba go tla go rekisa dithoto tsa bone fa tlhoko ga ditsela kgotsa mo ditseleng.

Ka kgorogo e ntsi ya madi ka tsa bojanala,tota fela matlo a setso a kgapetswe ntle ke matlo a sesa a a ruletsweng ka disenke gape a na le bodilo jwa manobonobo jwa ditile.

Ditirelo tsa tlhaeletsanyo ya megala ya lotlheka ga e ikanyege20 to 25 kilometres (12 to 16 mi), e laolwa ke maemo a bosa.

Maun e nna konokono ya tsa mesepele ya ditlhotlo mo kgaolong jaaka e tsamaisa didirisiwa le thuso ya kamogano dithoto ke batho ba ditirelo tsa dikampa tsa motse le makalana a disafari le didirisiwa tsa dikampa tsa meepo e e mo bokone bophiriba jwa Botswana. Go na le ditirelo tse dimalwa mo mabenteleng ga mmogo le bontsi jwa dikgwebo tsa batho ba motse tse di dirang nosetso ya ditshipe ka fa mahuri.

Bajanala gantsi ba fofela mo lebaleng la difofane la Maun International Airport. Gantsi bajanala ba ba adima dikoloi tse di dirilweng sentle tsa di 4x4 go didirisa go kampa le go bona diphologolo mo diphakeng, kgotsa ba fofela kwa dikampeng tsa bojanala tse di kwa Okavango Delta kgotsa Makgadikgadi.

Maun jaaka mafelo a mantsi mo Borwa jwa Aferika, o na le ditso tsa lebaka le leele la ditso tsa difofane.

Dikgakgamatso tsa kwa Maun[fetola | Fetola Motswedi]

Ngwana mongwe o tlaa re o leboga Modimo le monnawe morago ga go falola loso ka bobi jwa Segokgo ngwaga tlola ka Letsatsi la Keresemose.Tshepo Boiphetso o ne a longwa ke kwena fa ba ile go tlhatswa kwa nokeng kwa morakeng wa Dikgatlhong go bapa le motse wa Maun le mmaagwe e bong Botho Boiphetso, le monnawe wa dingwaga tse tlhano e bong Gaone Boiphetso.Mo puisanong le BOPA, Mme Boiphetso o boletse fa a ne a tlhatswa mme a kopa Tshepo le monnawe gore ba e go ga metsi mo nokeng.O ne a tlhalosa gore kwena e ne ya tshwara Tshepo mo leotong la moja, mme e rile Gaone a lemoga fa Tshepho a tshwerwe ke kwena, a tlolela fa godimo ga kwena a e tshwara mo molaleng, mme ya tlogela Tshepho, ya siela mo metsing.E rile ba re ba tswa mo metsing ya boa gape ya tshwara Tshepo mo letsogong la molema mme a kgopola a sia.E ne ya tlogela ngwana yo ka dintho tse di masisi, mme ba mo ragosetsa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun, kwa a fetileng a bona ba bongaka le go sidilega teng.Maun ke toropo kgolo ya dikgakgamatso e okametse metsana ya Okavango yotlhe,ka jalo o kgona go bona tlou fa kokelong go sa itsege kwa e go tswang,pasop!!

Motlakase wa dikarata o tla dirisiwa mo ditoropong[fetola | Fetola Motswedi]

Mopalamente wa Selebi Phikwe Bophirima Rre Gilson Saleshando a re thulaganyo ya motlakase o o dirisiwang kwa magaeng e mo go yone motho a rekang motlakase wa tlhotlhwa e a e batlang o o seng turu, e tlaa re mo bogaufing e bo e tsene mo ditoropong.O buile mafoko bosheng a tshwere phuthego ya kgotla kwa lekeishaneng la Kagiso kwa Selebi Phikwe, e mo go yone a neng a rolela banni ba kgaolo tse di buisantsweng kwa palamenteng.A re motlakase oo o tshwana fela le di-units tse e reng di fela o bo o tsenya tse dingwe.Rre Saleshando a re Mme Mothobi o ne a tswa ka mogopolo wa gore babereki ba Ipelegeng ba dirisiwe go aga dikolo tsa bananyana, mme ga o a amogelesega ka mabaka a gore bone ba bereka kgwedi e le nngwe fela.Mo go tse dingwe Rre Saleshando o ne bolela gore sekolo sa Letlhakane le sa Boswelakgomo di tlhaelelwa ke dibuka, mme seemo se se kgoreletsa barutabana mo tirong ya bone.O ne a kgothatsa batsadi go tsena diphuthego tsa mokgatlho wa batsadi le barutabana go bona gore go diragala eng mo thutong ya bana.Ntlha e nngwe a re palamente e dumalane gore ba ba amogelang go simolola ka P3 000 go ya kwa godimo ke bone ba tlaa kgethisiwang.O tsweletse a tlhalosa fa go na le ditshekatsheko tsa gore go nne le madirelo a dithoto tse di tlaa rekisiwang kwa ntle ga lefatshe leno, mme e le tsa boleng jo bo kwa godimo.

A re Selebi Phikwe e siametswe ke thulaganyo eo,ka gore go na le dikago tsa difeme tse di ntseng fela di sa dirisiwe, ga go tlhokege gore gotwe go a agwa.A re mo metseng e e gaufi le Selebi Phikwe go na le batho ba ba nang le boitsenanape jwa go roka mme ba ntse fela kwa malapeng.Mo dikgannnyeng tse dingwe mopalamente a re kwa palamenteng e e tlang go ya go buisanngwa gore a molao motheo wa lefatshe leno o siilwe ke nako, ka ba bangwe ba re o fetolwe fa bangwe ba re o tlogelwe fela.Ntlha e nngwe a re go na le kgang ya gore fa motho a tlhophilwe mo phathing a bo a fudugela kwa go e nngwe ke go dirwe jang.Batsena phuthego eo ba ne ba araba ka gore fa motho a tlhophilwe ke batho a bo a ba tlogela a ya kwa phathing e nngwe, go bidiwe ditlhopho sesha.Ntlha e nngwe e banana ba neng ba lela gore fa go nna le kwelo tlase ya itsholelo dikgwebo tsa bone di a amega mme fa ba lebisa ba ba ba adimileng madi kgang e ga ba reediwe. A re potso ke gore a kwelo tlase e ama lefatshe fela bone ga ba reediwe?.

Tsa loapi[fetola | Fetola Motswedi]

Climate data for Maun
Month Jan Feb Mar Apr May Jun Jul Aug Sep Oct Nov Dec Year
Average high °C (°F) Bad rounding here32
(90)
Bad rounding here32
(89)
Bad rounding here31
(88)
Bad rounding here31
(87)
Bad rounding here28
(82)
Bad rounding here25
(77)
Bad rounding here25
(77)
Bad rounding here28
(83)
Bad rounding here33
(91)
Bad rounding here35
(95)
Bad rounding here34
(94)
Bad rounding here33
(91)
Bad rounding here31
(87)
Average low °C (°F) Bad rounding here19
(66)
Bad rounding here19
(66)
Bad rounding here17
(63)
Bad rounding here14
(58)
Bad rounding here9.4
(49)
Bad rounding here5.6
(42)
Bad rounding here5.6
(42)
Bad rounding here8.3
(47)
Bad rounding here13
(55)
Bad rounding here18
(64)
Bad rounding here19
(66)
Bad rounding here19
(66)
Bad rounding here14
(57.0)
Precipitation Expression error: Unexpected < operator.m (inches) 4.3 3.8 3.5 1.1 0.2 0.1 0 0 0.1 0.5 1.9 2.8 18.3
Source: Weatherbase [3]

Keletlhoko le tlhaloso ya mafoko le trisanyo le ditirelo tsa batho[fetola | Fetola Motswedi]

Leina la Maun le tswa mo lefokong la Basarwa la 'maung' le le tlhalosang 'lefelo la letlhaka le le khutshwane '. Motse o o simolotse ka ngwaga wa 1915 e le motse mogolo wa morafe wa Batawana Motse mogolo o dule kwa Toteng morago ga go fenngwa ga ga Kgosi Lobengula wa matebele.

Ka tebelelo e kgolo ya tlhaloganyo le maikutlo Maun ke konokono e kgolo e go ka tsamaelang teng go ya go bona bokone jwa Botswana; sekai ke palo e kwa godimo ya baeti go tswa kwa ntle ga kgaolo go tla go bona le go ithuta ka Ditlhaba tsa Tsodilo le Mapapana a Makgadikgadi. Noka ya Tlhamalakane e tshela noka ya Boteti e ka metsi a mantsi a paka e fitlhelelang Makgadikgadi.

Ditlhabololo tse di amanang le tsa kgwebo le madi[fetola | Fetola Motswedi]

Ka ngwaga wa (2011) Maun e na le makalana a banka ya Barclays,banka ya First National Bank Botswana,banka ya Stanbic le banka ya Standard Chartered tse di nale mechini ya di ATM. Gakologelwa gore di karata tse di bitswang di mastercards ga dikgone go dirisiwa go tsaya madi mo mechineng ya ATM (sekgoreletsi ke sa banka ya Stanbic gaufi le maemelo a difofane).

Maun o na le dihotele tse ditona di le tlharo - Sedia Riverside Hotel, Riley's Hotel le Maun Lodge.

Go na le mafelo a boroko a le malwa le dikampa, tse di agilweng thata kwa dikgwebong tsa safari  di tshwana le Okavango River Lodge, Thamalakane Lodge, the old Bridge Backpackers ga mmogo le tse dingwe. 

Metswedi[fetola | Fetola Motswedi]

Mola wa makwalo[fetola | Fetola Motswedi]

  1. 1.0 1.1 "Population of Towns, Villages and Associated Locatlities" (PDF). 2001 Population and Housing Census. Gaborone: Central Statistics Office. April 2002. p. 128. Retrieved 5 September 2009.
  2. Maun Local History
  3. "Weatherbase: Historical Weather for Maun, Botswana". Weatherbase. 2011. Retrieved on November 24, 2011.

Dikgoge tsa kwa ntle[fetola | Fetola Motswedi]

Tempolete:Commonscat-inline

Tempolete:Capitals of Districts of Botswana Tempolete:Botswana largest cities

[[Category: Mafelo a a nang le batho ba bantsi mo Botswana]] [[Category:Sekaka sa Kalahari ]]