Jump to content

Tracy Chapman

Go tswa ko Wikipedia

Mme Tracy Chapman (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlo e le malatsi a le masome a mararo ka ngwaga wa 1964) ke seopedi le mokwadi wa dipina wa Amerika. O ne a thapiwa ke kompone ya Elektra Records e e tlhamilweng ke Bob Krasnow ka ngwaga wa 1987. Ngwaga o o latelang o ne a golola alebamo ya gagwe ya ntlha e e neng ya bidiwa ka leina la gagwe, e e neng ya atlega mo kgwebong, e e neng ya tlhotlhelediwa ke go tlhagelela ga gagwe kwa maitisong a Nelson Mandela 70th Birthday Tribute, mme o ne a newa rurifadiwa garataro ka polatinamo ke ba Recording Industry Association of America . Alebamo e e ne ya tlhophiwa makgetho a le marataro go bona Seetsele sa Grammy, go akaretsa le e le nngwe ya Alebamo ya Ngwaga, o ne a fenya dietsele tse tharo: Moopedi yo Moša yo o Gaisitseng, Moopedi yo o Gaisitseng wa Mosadi wa mminong wa Pop ka pina ya gagwe ya "Fast Car", le Alebamo e e Gaisitseng ya Setso ya Segompieno . Ka ngwaga wa 2025, alebamo e e ne ya bolokwa kwa National Recording Registry ke Library of Congress .

Ka ngwaga wa 1989, o ne a golola alebamo ya gagwe ya bobedi, Crossroads, e e neng ya dira gore a tlhophiwe gape go bona Seetsele sa Grammy ya Alebamo e e Gaisitseng ya Setso ya Segompieno. Alebamo ya gagwe ya boraro, Matters of the Heart, e ne ya latela ka ngwaga wa 1992. Alebamo ya gagwe ya bone, New Beginning, e ne ya gololwa ka ngwaga wa 1995 mme ya atlega lefatshe ka bophara. E ne ya rurifadiwa ga tlhano ka polatinamo ke ba RIAA mme ya ntsha pina e e tumileng ya "Give Me One Reason", e e neng ya dira gore a abelwe Seetsele sa Grammy sa Pina e e Gaisitseng Tsotlhe mo mminong wa Rock .

Go ne ga feta dingwaga di le tlhano pele ga go gololwa ga alebamo ya gagwe ya botlhano, Telling Stories (2000). Let It Rain le Where You Live di ne tsa gololwa ka mo ngwageng wa 2002 le 2005, ka go latelana. Alebamo ya gagwe ya bošeng ya setudio, Our Bright Future, e ne ya gololwa ka ngwaga wa 2008. Alebamo e e dirilweng seša ya Greatest Hits, e a neng a e rulagantse, [1] e ne ya gololwa ka ngwaga wa 2015. Ka ngwaga wa 2023, Mme Chapman o ne a nna motho montsho wa ntlha go gapa maemo a ntlha mo mminong wa country ka tlhamo ya gagwe a le esi, le go fenya Setseele sa Mokgatlho wa Mmino wa Country sa Pina ya Ngwaga, fa Luke Combs a ne a opela pina ya gagwe ya "Fast Car".

Botshelo jwa ntlha le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Chapman o tsholetswe kwa Cleveland mme a godisiwa ke mmaagwe, yo o neng a mo rekela ukulele a le dingwaga di le tharo. [2] Batsadi ba gagwe ba ne ba tlhalana fa a ne a le dingwaga di le nne. O ne a simolola go tshameka katara le go kwala dipina a le dingwaga di le borobabobedi. A re o ka tswa a ne a tlhotlhelediwa la ntlha go tshameka katara ke lenaneo la thelebišene la Hee Haw. [3] Kwa Cleveland kwa a tsholetsweng gone, o ne a kgerisiwa kgapetsakgapetsa le go tlhaselwa ka ntlha ya letso le mmala wa gagwe fa a sa ntse a le ngwana. [4]

O ne a godisiwa e le moBaptist, a tsena sekolo se segolo sa Episcopal [3] mme a amogelwa mo lenaneong la A Better Chance, le le rotloetsang baithuti kwa dikolong tse dikgolwane tsa go baakanyetsa kholetšhe kgakala le mafelo a ba nnang kwa go one. O ne a aloga kwa Sekolong sa Wooster kwa Connecticut mme morago ga moo a ya kwa mmadikolong wa Tufts, a dira dithuto tse dikgolo tsa thuto-loago .[2][5] [6] Fa a ne a le moithuti kwa Tufts, o ne a iketla mo mafelong a a gaufi, go akaretsa le Harvard Square le mo dipolatefomong tsa MBTA Red Line . [7] [8] Mme Chapman o ne a gatisa dipontsho tsa dipina kwa seromammoeng sa mmadikolo wa Tufts, WMFO, go fa seromamoa tetla ya go nna le dipina tsa gagwe fa a ne a le moithuti kwa Tufts, go ananya tshwanelo le seromamoa gore se tshameke dipina tsa gagwe. [9]

Mokgwa wa go itshetsa le tswelelopele

[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Chapman o ne a opela la ntlha mo setšhabeng se segolo fa a bulela moopedi wa go simolola women's music e bong Linda Tillery kwa Strand Theatre kwa Boston ka Motsheganong a le malatsi a mararo, ka ngwaga wa 1985. [10] Moithuti yo mongwe wa kwa Tufts, e bong Rre Brian Koppelman, o ne a mo utlwa a tshameka mme a mo itsise kwa go rraagwe, e bong Rre Charles Koppelman, a mmontsha theipi ya pontsho e a neng a e tsere ka bokhukhuntshwane go tswa kwa seromamoeng sa sa kholetšhe e e neng e na le pina ya "Talkin' bout a Revolution". Rre Charles Koppelman, yo o neng a tsamaisa SBK Publishing, o ne a mo thapa ka ngwaga wa 1986. Fa a sena go aloga kwa Tufts ka ngwaga wa 1987, o ne a mo thusa go thapiwa ke Elektra Records . [5] [9]

Chapman kwa Budapest, kwa Hungary, ka ngwaga wa 1988

Kwa Elektra, o ne a golola Tracy Chapman (1988). Alebamo e ne ya akgolwa thata, [11] mme o ne a simolola go opela mo mafelong a farologaneng le go aga balatedi ba gagwe. [12] "Fast Car" e ne ya simolola go tlhatloga mo ditšhateng tsa U.S. ka bonako fela fa a sena go e diragatsa kwa maitisong a thelebišene Nelson Mandela 70th Birthday Tribute a a neng a tlhagisitswe mo setshwantshong sa motshinyego kwa Wembley Stadium kwa Lontone ka Seetebosigo ka ngwaga wa 1988. Kwa maitisong, o ne a simolola go opela ka boripana mo tshokologong, mme a utlwiwa ke bareetsi ba bantsi fa a ne a le moemedi wa motsotso wa bofelo wa ga Rre Stevie Wonder, yo o neng a na le mathata a setegeniki.[13] Ponagalo e e ne ya akgolwa ka theko ya potlako ya pina le alebamo. "Fast Car" e ne ya nna pina ya borataro e e tumileng mo <i id="mwwA">Billboard</i> Hot 100 mo bekeng e e neng ya wela ka Phatwe a le malatsi a le masome a mabedi le bosupa, ka ngwaga wa 1988. Rolling Stone e ne ya baya pina e mo maemong a lekgolo le masome a marataro le bosupa mo lenaaneng la bone la ngwaga wa 2010 la "The 500 Greatest Songs of All Time" . " Talkin' 'bout a Revolution ", e e neng ya latela "Fast Car", e ne ya nna mo maemong a masome a supa le botlhano mme ya latelwa ke "Baby Can I Hold You", e e neng ya fitlha kwa maemong a masome a bane le borobabobedi. [14] Alebamo e ne ya rekwa sentle, ya ya kwa dipolatinamong tse dintsi mme ya gapa Dietsele di le tharo tsa Grammy, go akaretsa le tlotla ya gagwe ya Moopedi yo Moša yo o Gaisitseng. [14] Moragonyana ka ngwaga wa 1988 o ne a tlhagelela e le moopedi mo thulaganyong ya lefatshe lotlhe ya Amnesty International Human Rights Now! Tour. [12]

Alebamo ya gagwe e e latelang, e leng Crossroads (1989), e ne ya se ka ya atlega thata jaaka ya gagwe ya ntlha, mme e ne ya fitlhelela maemo a polatinamo kwa U.S. Ka ngwaga wa 1992, o ne a golola Matters of the Heart. Alebamo ya gagwe ya bone, New Beginning (1995), e ne ya atlega, ya rekisiwa go feta didikadike tse tlhano kwa U.S. fela. [15] Alebamo e ne e akaretsa pina e e tumileng ya "Give Me One Reason", e e neng ya gapa Grammy ya ngwaga wa 1997 ya Pina e e Gaisitseng ya Rock mme ya nna pina ya gagwe e e atlegileng go gaisa kwa U.S. go fitlha gone jaana, ya fitlha kwa maemong a boraro mo Billboard Hot 100, mme ya nna polatinamo. [15] Alebamo ya gagwe ya botlhano, Telling Stories, e ne ya gololwa ka ngwaga wa 2000, mme moragonyana ya nna gauta. [15] O ne a golola alebamo ya gagwe ya borataro, e leng Let It Rain, ka ngwaga wa 2002. [16]

Chapman le Eric Clapton mo seraleng kwa dijong tsa maitseboa tsa Diolimpiki tse di Kgethegileng kwa Ntlong e Tshweu, kgwedi ya Sedimonthole ngwaga wa 1998.

O ne a thapiwa ke American Conservatory Theatre go tlhama mmino wa tlhagiso ya Blood Knot ka ga Athol Fugard, e leng motshameko o o neng o bua ka tlhaolele mo Aforikaborwa, o o neng wa tshamekiwa mo tshimologong ya ngwaga wa 2008 [17] Atlantic Records e golotse alebamo ya gagwe ya borobabobedi ya setudio, Our Bright Future (2008). [18] Alebamo e e ne ya dira gore a tlhophelwe seetsele sa Grammy sa Alebamo e e Gaisitseng ya Setso ya Segompieno mo ngwageng o o latelang. [14]

Chapman kwa tiragalong ya ngwaga wa 2007

O ne a tlhomiwa go nna leloko la juri ya ngwaga wa 2014 ya Ditokomane tsa Sundance Film Festival kwa Amerika. [19] O ne a opela pina ya ga Rre Ben E. King ya "Stand By Me" mo nngweng ya dikarolo tsa bofelo tsa pontsho ya Late Show with David Letterman ka Moranang ka ngwaga wa 2015. Tiragatso e e ne ya tuma thata mme e ne ya kwalwa thata mo dipampiring tsa dikgang tse di farologaneng go akaretsa le tsa Billboard le tsa The Huffington Post . [20]

Ka Ngwanatsela a le malatsi a masome a mabedi, ka ngwaga wa 2015, o ne a golola Greatest Hits, e e nang le dipina di le lesome le borababobedi go akaretsa le e a e opetseng fa pele ga setšhaba e leng "Stand by Me". Alebamo ke ya gagwe ya ntlha ya kokoanya baaopedi ba ba farologaneng ya bo e gololelwa lefatshe lotlhe ka bophara. [21] 

Ka Phalane ka ngwaga wa 2018, o ne a sekisa moopedi wa mmino wa Rap e bong Mme Nicki Minaj ka ntlha ya go tlola molao wa tetlokhopi, a bolela gore Mme Minaj o ne a sampola pina ya gagwe ya "Baby Can I Hold You" kwantle ga tetlelelo. [22] Mme Chapman o boletse gore o ne a "ganne gantsi" ka tetla ya gore "Baby Can I Hold You" e sampole. Kgetsi e ne ya bolela gore Mme Minaj o ne a tlola tetlokhopi (sa ntlha) ka go tlhama pina ya "Sorry" le (sa bobedi) ka go e anamisa; o ne a kopa taelo ya go thibela Mme Minaj go golola pina eo. Go ya ka kgetsi, Mme Chapman o na le molao wa go gana dikopo tsotlhe tsa tetla ya go sampola dipina tsa gagwe. Ka Lwetse ka ngwaga wa 2020, moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Kgaolo Mme Virginia A. Phillips o ne a ntsha katlholo e e khutshwane e e neng e solegela Mme Minaj molemo mo kgetsing ya ntlha ya ngongorego ya gagwe, a bolela gore go dira diteko ga ga Mme Minaj ka pina ya ga Mme Chapman go ne go bontsha go dirisa pina ya ga Mme Chapman ka tsela e e siameng go na le go tlola tetlokhopi . [23] Le fa go ntse jalo, moatlhodi o ne a atlhola gore palo ya bobedi ya ngongorego e tshwanetse go ya kwa tshekong. Ka Ferikgong ka ngwaga wa 2021, kganetsano e ne ya rarabologa fa Mme Minaj a ne a duela Mme Chapman diketekete tse makgolo a mane le masome a matlhano a didolara tsa Amerika. [24]

Ka tshimologo ya 2020 United States presidential election o ne a opela "Talkin' 'bout a Revolution" mo Late Night with Seth Meyers, a rotloetsa batho go tlhopha. [25]

Fa mofuta wa pina ya gagwe ya "Fast Car" e e opelwang ke Rre Luke Combs e ne ya nna mo maemong a ntlha mo tšhateng ya Country Airplay ka Phukwi ka ngwaga wa 2023, Mme Chapman e ne ya nna mosadi wa ntlha wa motho Montsho go bona maemo a ntlha a tlhamo ya pina ya mmino wa country a le esi. Kwa 57th Annual Country Music Association Awards ka Ngwanatsele ka ngwaga wa 2023, o ne a nna mosadi wa ntlha wa motho Montsho go ikgapela Seetsele sa CMA, a fenya Pina ya Ngwaga ya "Fast Car", e gape e neng ya dira gore e nne mokwadi wa ntlha wa dipina wa motho Montsho go fenya seetsele seo. [26] [27] Ka 66th Grammy Awards ka Tlhakole a le malatsi a mane, ka ngwaga wa 2024, o ne a opela "Fast Car" le Rre Combs.[28][29]

Bolwela-loago

[fetola | Fetola Motswedi]

Mme Chapman o matlhagatlhaga mo sepolotiking le mo setšhabeng. Mo potsolotsong ya ngwaga wa 2009 le National Public Radio, o ne a re, "Ke latelwa ke mekgatlho e le mentsi le batho ba le bantsi ba ba batlang gore ke rotloetse maiteko a bone a a farologaneng a go thusa batho ka tsela nngwe. Mme ke leba dikopo tseo ke leka go dira se nka se kgonang. Mme ke na le dikgatlhego dingwe tsa me, ka kakaretso ke kgatlhegela ditshwanelo tsa batho." [3] Ka ngwaga wa 1988 o ne a opela kwa Lontone e le karolo ya loeto lwa maitiso a lefatshe ka bophara go gopola ngwaga wa bo masome a mane wa Universal Decalration of Human Rights le Amnesty International. [30] Ka one ngwaga oo o ne a opela kwa maitisong a tlotla a go gopola letsatsi la bo masome a supa la matsalo a molweladitshwanelo le moeteledipele wa Aforikaborwa Nelson Mandela, tiragalo e e neng ya kokoanya madi a Mokgatlho wa Aforikaborwa wa go Lwantsha Tlhaolele le mekgatlho e le mmalwa ya go thusa bana. [31] Gape o ne a opela kwa tiragalong ya go gopola ngwaga wa bo masome a matlhano wa Amnesty International o o neng o tshwaretswe kwa Paris ka Sedimonthole a le malatsi a lesome, ka ngwaga wa 1998, o o neng o bidiwa " The Struggle Continues... ". E ne e le mongwe wa baopedi ba baeng kwa Pavarotti &amp; Friends for Cambodia and Tibet ka Seetebosigo a le malatsi a borataro, ka ngwaga wa 2000, kwa a neng a opela pina le Luciano Pavarotti e e neng ya akgolwa thata ya "Baby Can I Hold You Tonight". [32] Ka ngwaga wa 2004, o ne a opela le go palama mo tiragalong ya AIDS/LifeCycle . [33] 

O ntse a amega le dikolo tsa bo botlana tsa Cleveland, a dira ditshwantso tsa motshikinyego tsa dipina tse di rutang gape di tlhagisa diphitlhelelo mo ditiragalong tsa bogologolo tsa ya MaAforika le MaAmerika. O ne a rotloetsa "Crossroads in Black History", e e leng kgaisano ya dipolelo ka baithuti ba dikolo tse digolwane kwa Cleveland le kwa ditoropong tse dingwe. [34]

O amogetse setlankana tsa tlotla sa bongaka go tswa kwa Saint Xavier University kwa Chicago ka ngwaga wa 1997. [35] Ka ngwaga wa 2004 o ne a newa setlankana sa tlotla sa bongaka go tswa kwa lenaneong la bodiragatsi kwa mmadikolong wa gagwe ya Tufts, e le go lemoga boineelo jwa gagwe mo go lweleng loago. [36]

Ka Moranang 16, ka ngwaga wa 2023, South African Presidency e ne ya itsise gore Mme Chapman ga mmogo le ba bangwe ba tla abelwa Sekgele sa Bosetšhaba – The Order of the Companions of O.R. Tambo se se "lemogang batswakwa ba ba filweng boagedi ba bo ba supa botsalano jo ba bo bontshitseng Aforika Borwa. Ka jalo ke Sekgele sa kagiso le tirisanommogo le sesupo se se tseneletseng sa bojammogo le thotloetso." Taelo e ne ya abelwa ene ka selefera "ka ntlha ya seabe sa gagwe mo ntweng ya kgololesego ka go tsaya karolo mo maitekong a go golola Nelson Mandela le go lemosa batho ka dikgatako tsa ditshwanelo tsa batho lefatshe ka bophara." Moletlo wa go beeletsa kabelo e o ne wa tshwarwa ka Moranang a le malatsi a masome a mabedi ke borobabobedi, ka ngwaga wa 2023. [37]

Gantsi Mme Chapman o opela kwa meketeng ya go thusa batho e tshwana le Make Poverty History, amfAR, le AIDS/LifeCycle . Ke mofemedi . [4]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Le fa Mme Chapman a ise a ke a bue phatlalatsa ka tshekamelo ya gagwe ya thobalano, mokwadi Mme Alice Walker o rile ene le Mme Chapman ba ne ba ratana mo bogareng jwa dingwaga tsa bo 1990 . [38] [39] Mme Chapman o tshegeditse kgaogano e e tseneletseng fa gare ga botshelo jwa gagwe le tiro ya gagwe. [40] "Ke na le botshelo jwa setšhaba jo e leng botshelo jwa me jwa tiro mme ke na le botshelo jwa me jwa sebele", a bua. "Ka ditsela dingwe, tshweetso ya go kgaoganya dilo tse pedi tse e tsamaisanya le tiro e ke e dirang." [40]

Mme Chapman o nna kwa San Francisco. [41]

Mmila o reeletswe ka Mme Tracy Chapman kwa Saint-Jean-d'Heurs, kwa legaeng kwa Fora . [42]

Disikokerafi

[fetola | Fetola Motswedi]

Dialebamo tsa setudio

[fetola | Fetola Motswedi]
  • Tracy Chapman (1988)
  • Crossroads (1989)
  • Matters of the Heart (1992)
  • New Beginning (1995)
  • Telling Stories (2000)
  • Let It Rain (2002)
  • Where You Live (2005)
  • Our Bright Future (2008)

Dietsele le ditlhopho

[fetola | Fetola Motswedi]

Dietsele tsa Grammy

[fetola | Fetola Motswedi]

Dietsele tse dingwe le ditlhopho

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditshupiso

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. ↑ Monger, James Christopher. "Greatest Hits – Tracy Chapman". AllMusic. Archived from the original on January 7, 2019. Retrieved January 6, 2019.
  2. 1 2 Williamson, Nigel (March 11, 2008). "Tracy Chapman's Biography". About-Tracy-Chapman.net. Archived from the original on August 19, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  3. 1 2 3 Martin, Michel (August 20, 2009). "Without Further Ado, Songster Tracy Chapman Returns". https://www.npr.org/2009/08/20/112056043/without-further-ado-songstress-tracy-chapman-returns?ft=1&f=1003.
  4. 1 2 Fleming, Amy (October 31, 2008). "Amy Fleming on Tracy Chapman, the quiet revolutionary". https://www.theguardian.com/lifeandstyle/2008/oct/31/tracy-chapman-women-pop-usa.
  5. 1 2 Erlewine, Stephen Thomas. "Tracy Chapman". All Music Guide. Retrieved January 25, 2024.
  6. ↑ "Tracy Chapman: Our 1988 Interview". August 18, 2019. https://www.spin.com/2019/08/tracy-chapman-self-titled-july-1988-interview/.
  7. ↑ "Tracy Chapman: On snakes, faith and busking for food". The Independent (in Sekgoa). 2003-02-23. Archived from the original on June 13, 2022. Retrieved 2022-06-13.
  8. ↑ Rosenwald, Michael S. (November 26, 2003). "To Chapman, underground music is pure performance". https://archive.boston.com/news/local/articles/2003/11/26/to_chapman_underground_music_is_pure_performance/.
  9. 1 2 "100 Best Albums of the Eighties: Tracy Chapman, 'Tracy Chapman'". Rolling Stone. November 16, 1989. Archived from the original on July 12, 2012. Retrieved January 25, 2024.
  10. ↑ McLaughlin, Jeff (May 1, 1985). "Linda Tillery's 'healing music'". The Boston Globe (Boston, MA): p. 78.
  11. ↑ Murphy, Peter. "On this day in 1988: Tracy Chapman starts a three-week run at No. 1 with her eponymous debut album". Hotpress. Archived from the original on November 3, 2020. Retrieved April 7, 2020.
  12. 1 2 Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "auto".
  13. ↑ Springer, Jacqueline (June 12, 2018). "BBC Radio 4 – Front Row, Tracy Chapman: remembering her remarkable debut 30 years on". BBC (in British English). Archived from the original on March 21, 2022. Retrieved 2022-03-21.
  14. 1 2 3 "Tracy Chapman". The Recording Academy. Archived from the original on July 5, 2023. Retrieved July 1, 2023.
  15. 1 2 3 Cite error: Invalid <ref> tag; no text was provided for refs named "riaa".
  16. ↑ "CD: Tracy Chapman, Let It Rain". The Guardian. October 18, 2002.
  17. ↑ . pp. 28–30.
  18. ↑ "Happy Birthday To Danbury's Tracy Chapman". Danbury Daily Voice. March 30, 2014. Archived from the original on January 12, 2022. Retrieved January 12, 2022.
  19. ↑ "Tracy Chapman, Dana Stevens, Bryan Singer, Max Mayer and More Among 2014 Sundance Film Festival Jurors". BroadwayWorld. January 9, 2014. Archived from the original on July 21, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  20. ↑ "Tracy Chapman Singing 'Stand By Me' Will Break Your Heart". HuffPost. June 12, 2015. Archived from the original on September 21, 2019. https://web.archive.org/web/20190921054038/https://www.huffpost.com/entry/tracy-chapman-stand-by-me_n_7192080.
  21. ↑ "Tracy Chapman Greatest Hits releases on November 20, 2015". About Tracy Chapman. October 16, 2015. Archived from the original on July 21, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  22. ↑ "Tracy Chapman sues Nicki Minaj over unauthorised sample". The Guardian. October 23, 2018. https://www.theguardian.com/music/2018/oct/23/tracy-chapman-nicki-minaj-lawsuit.
  23. ↑ "Judge Rules in Favor of Nicki Minaj in Tracy Chapman Copyright Dispute". Variety. September 16, 2020. https://variety.com/2020/music/news/nicki-minaj-copyright-lawsuit-tracy-chapman-1234772693/.
  24. ↑ "Nicki Minaj to pay Tracy Chapman $450k in 'Sorry' copyright infringement lawsuit". The Independent. January 9, 2021. https://www.independent.co.uk/arts-entertainment/music/news/nicki-minaj-tracy-chapman-copyright-lawsuit-sorry-b1784702.html.
  25. ↑ "Tracy Chapman makes rare TV appearance as she urges Americans to vote". The Independent (in Sekgoa). 2020-11-03. Archived from the original on April 5, 2022. Retrieved 2022-04-05.
  26. ↑ Yahr, Emily (2023-11-09). "CMA Awards 2023: Complete list of winners, best and worst moments". https://www.washingtonpost.com/entertainment/2023/11/09/cma-awards-2023-best-worst-moments/.
  27. ↑ Ives, Mike (2023-11-09). "35 Years After Its Debut, Tracy Chapman's 'Fast Car' Wins a Song of the Year Award". https://www.nytimes.com/2023/11/09/arts/music/tracy-chapman-cma-awards-fast-car.html.
  28. ↑ Hudak, Joseph (February 4, 2024). "Tracy Chapman Performs 'Fast Car' Live for First Time in Nine Years at 2024 Grammys With Luke Combs". Rolling Stone. Retrieved February 4, 2024.
  29. ↑ Flam, Charna; Wenger, Stephanie (4 February 2024). "Tracy Chapman Delivers Rare 'Fast Car' Performance with Luke Combs at 2024 Grammys". People. Archived from the original on 5 February 2024. Retrieved 5 February 2024.
  30. ↑ Paul Paz y Miño (January 24, 2014). "An Activist Remembers the Concert That Moved a Generation". Amnesty International. Archived from the original on July 21, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  31. ↑ "Live Aid's Legacy of Charity Concerts". June 30, 2005. https://news.bbc.co.uk/2/hi/entertainment/4627249.stm.
  32. ↑ McGregor, Claire (July 11, 2022). "Tracy Chapman and Luciano Pavarotti's Gorgeous Duet of Baby Can I Hold You". The Music Man. Archived from the original on October 2, 2022. Retrieved October 2, 2022.
  33. ↑ "AIDS LifeCycle 2004". Online Posting. YouTube. Archived from the original on May 2, 2016. Retrieved July 21, 2019.
  34. ↑ "School Uses Video To Teach Black History". Curriculum Review. 29 (8): 11. 1990.
  35. ↑ "Previous honorary degree recipients". Saint Xavier University. Archived from the original on July 21, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  36. ↑ "Commencement Speaker Announced". E-News. Tufts University. May 23, 2004. Archived from the original on July 21, 2019. Retrieved July 21, 2019.
  37. ↑ "Announcement of the 2023 National Order Awards nominated names by Director-General of The Presidency, Phindile Baleni". Presidency of South Africa. April 16, 2023. Archived from the original on April 18, 2023. Retrieved April 20, 2023.
  38. ↑ [Sara Wajid "No retreat"]. Archived from the original. Tempolete:Citation error. Sara Wajid.
  39. ↑ "Tracy Chapman, Valentine's Day and the subversive stories of our lives". https://epgn.com/2024/02/15/tracy-chapman-valentines-day-and-the-subversive-stories-of-our-lives/.
  40. 1 2 "2002 - Tracy Chapman still introspective?". About Tracy Chapman (in American English). 2002-10-15. Archived from the original on 2009-08-23. Retrieved 2024-02-06.
  41. ↑ Sisario, Ben; Knight, Heather (February 6, 2024). "Where Has Tracy Chapman Been? Her Grammys Triumph Has Fans Wondering". The New York Times. https://www.nytimes.com/2024/02/06/arts/music/tracy-chapman-career.html.
  42. ↑ "Rue Tracy Chapman: Saint-Jean-d'Heurs (63364)". data.gouv.fr. October 8, 2023. Retrieved June 2, 2025.