TransNamib

TransNamib Holdings Limited (TransNamib) ke kompone ya diporo ya puso ya Namibia. Kompone e e bereka le tsa dithoto ka seporo le ka tsela, ga mmogo le terena ya bapagami. Diofisikgolo tsa yone di kwa toropokgolong ya lefatshe leo ebong Windhoek.[1]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Seporo sa ntlha sa mo gae se agilwe ka ngwaga wa 1895 ke kompone ya Damaraland Guano. Seporo sa ntlha sa morafe ebile e le boremelelo jwa magokaganyane a gompieno, se agilwe ke puso ya bokolone ya Jeremane. Kopanyo ya dikhilomithara di le makgolo a mararo, masome a robabobedi le boraro gareng ga Swakopmund le Windhoek e ne ya tlhilomowa semmuso ka Seetebosigo a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1902. Seporo sa ma Jeremane se ne sa okamelwa ke Railways of South Africa morago ga ntwa ya ntlha ya mafatshe, ya amanngwa le magokaganyane a Aforika Borwa. Morago ga boipuso jwa Namibia, TransNamib e ne ya tsaya taolo ya magokaganyane a seporo.
Ditirelo
[fetola | Fetola Motswedi]TransNamib e simolotse go dira ka seporo sa dikhilomithara di le dikete pedi, makgolo a robabobedi, masome a robabobedi le boraronka ngwaga wa 1995. Fa e sale jalo, go okeditswe seporo mo magokaganyaneng ka kanamiso ya kwa bokone.[1]
Ka ngwaga wa 2011, tsela ya Karasburg - Ariamsvlei e ne ya senngwa ke dipula tse di matsorotsoro, ditirelo di ne tsa emisiwa ka nakwana.[2]
Ditsela le maemelo
[fetola | Fetola Motswedi]- Windhoek-Tsumeb/Walvis Bay
- Windhoek Railways Station
- Okahandja
- Karibib
- Swakopmund
- Walvis Bay
- Omaruru
- Otjiwarongo
- Tsumeb
- Northern Extension[3]
- Tsumeb
- Ondangwa (e feditswe ka 2006)
- Oshikango (e santse e baakangwa, e tlaa amana le Angola mo bokamosong)
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "About Us". transnamib.com.na. Retrieved 02 October 2025.
- ↑ "NAMIBIAN WASHAWAYS". Railways Africa. Retrieved 2025-10-03
Seeheim-Lüderitz
- ↑ Update 2006 re Northern extension