Tshekedi Khama
| Tshekedi Khama | |
|---|---|
| Kgosi ya Bangwato kwa Bechauanaland | |
Dikgosi Tshekedi le Bathoen II mo loetong lwa lolwapa lwa bogosi kwa Britain ka Moranang 1947 | |
| Predecessor | Sekgoma II |
| Tsalo | 17 Lwetse 1905 Bechuanaland |
| Leso | 10 Seetebosigo 1959 a le dingwaga di le masome matlhano le boraro Lontone |
| Rraagwe | Khama III |
| Mmagwe | Semane Setlhoko Khama |
Tshekedi Khama (o o tshotsweng ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le botlhano (1905) kgwedi ya Lwetse ele lesome le bosupa, mme a tlhokafala ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a matlhano le borobabongwe (1959), kgwedi Seetebosigo ele malatsi a le lesome) e ne e le motshwarelela bogosi jwa morafe wa Bangwato ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mabedi le borataro (1926) morago ga Sekgoma II a sena go tlhokafala.[1]
Tse di diragetseng pele
[fetola | Fetola Motswedi]Tshekedi Khama o tsholetswe kwa Serowe, e le morwa Khama III, o a neng a itsege jaaka Khama o mogolo, ke mosadi wa gagwe wa bone Semane Setlhoko.[2][3] O tsene sekolo kwa Serowe, a ya Lovedale, sekolo sa kereke sa Scotland kwa Kapa. Ka ngwaga wa 1923, o ne a tsena kwa sekolong sa Aforika Borwa sa Fort Hare.[2]
Khama III o reile ngwana wa gagwe leina a re Tshekedi e le mojaboswa wa bogosi, a tlola morwaagwe o mongwe Sekgoma II, o a neng a omane le ene. Ka loso lwa ga Khama III ka ngwaga wa 1923, Sekgoma II o ne a kgona go nna kgosi, mme puso ya gagwe e ne ya kgaupediwa ke go tlhokafala ka pele ka ngwaga wa 1925. Mojaboswa wa ga Sekgoma, Seretse Khama, o ne a santse a le mmotlana, Tshekedi a tshwarelela bogosi ka nako e Seretse a neng a santse a gola. Khansele ya botshwarelela bogosi e ne ya tlhamiwa go thusa ka nako ya Tshekedi a le kwa sekolong.[2]
Go tshwarelela bogosi
[fetola | Fetola Motswedi]Tshekedi o ne a bewa motshwarelela bogosi ka Firikgong a robabongwe ngwaga wa 1926, a phatlalatsa khansele ya botshwarelela bogosi. Go netefatsa maemo a gagwe, o ne a koba lolwapa loora Ratshosa lo lo neng lo na le kgogedi e e kwa godimo, a senya dithoto tsa bone. Boora Ratshosa ba ne ba sekisa Tshekedi, o a neng a fenya mo komiting ya khansele ya kgotlatshekelo.[4] Tiragalo e e ne ya baka gore Sir Charles Rey, molaodi wa kwa Britain, a leke go fokotsa maatla a kgosi, ka jalo bobedi joo jwa tlhoka kutlwisisano. Ka ngwaga wa 1933, Tshekedi o ne a kgwathisa motho mosweu Phineas McIntosh mo phatlalatseng. Rey o ne a dirisa tshono e go emisa ka nakwana botshwarelela bogosi ga ga Tshekedi, a romela mophato wa masole a lefatshe le lewatle go tswa kwa Kapa.[5] Tlhotlhomiso e e neng e eteletswe pele ke Admiral Edward Evans, motshwarelela molaodi, e ne ya baka go kobiwa ga ga Tshekedi mo bogosing, mme o ne a busediwa ka bofefo.[6]
Fa a le motshwarela bogosi, Tshekedi o ne a le kgatlhanong le kgatlhanong le go fokodiwa ga dithata tsa segosi le maiteko a go gapa lefatshe ga Aforika Borwa. Ka nako ya ntwa ya bobedi ya mafatshe, o ne a eme nokeng ma Britain ebile a rotloetsa go thapiwa mo sesoleng sa Britain.[2]
Go nna kgatlhanong le lonyalo lwa ga Seretse
[fetola | Fetola Motswedi]Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mane le borobabobedi (1948) Seretse Khama o a neng a ithutela kwa Enyelane, o ne a itsise Tshekedi gore o ikaelela go nyala Ruth Williams, mosadi wa lekgoa. Tshekedi o ne a le kgatlhanong le lenyalo le, jaaka dipuso tsa Aforika Borwa le Rhodesia. Pele Tshekedi o ne a kgona go mo fa kemo nokeng, mme kwa bokopanong jwa kgotla ka Seetebosigo a le malatsi a a masome mabedi ngwaga wa 1949, Seretse o ne a kgona go bona kemo nokeng ya bontsi jwa batho ba gagwe,[7] bangwe ba ne ba belaela fa Tshekedi a ne a le kgatlhanong le Seretse gore a kgone go ikgapela bogosi. Morago ga gore Seretse a tlhomiwe go nna kgosi, Tshekedi le ba ba mo salang morago ba ne ba tshabela kwa Rametsana ka nakwana kwa kgaolong ya Kweneng wa Botswana. Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a matlhano (1950), Seretse le Tshekedi ba ne ba kobiwa ke ba Britain le ntswa Tshekedi a ne a letlelelwa go boa ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe,le masome a mabedi le bobedi (1952) e le motho fela.
Morago ga go tshwarelela bogosi
[fetola | Fetola Motswedi]Tshekedi le lesika la gagwe Reasebolai Kgamane ba ne ba tlhophiwa go nna maloko a African Authority ke puso ya Britain ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe le masome a matlhano le boraro (1953). Ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe masome a matlhano le borataro (1956) o ne a agisana le Seretse, a ya Lontone go netefatsa go boa ga ga Seretse. Morago ga go boa ga ga Seretse, boraro joo bo ne jwa etelela pele sepolotiki sa lefatshe. Tshekedi o ne a buelela puso ya batho ka batho le phetogo ya molaomotheo, mo go neng ga bana go tsaya boipuso ga lefatshe la Botswana.[2]
Moragonyana ga tumalano ya botlhokwa ya ditswammung, e e neng e simolotswe ke Tshekedi le lekgotla la Rhodesia ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a matlhano le borobongwe (1959), botsogo jwa ga Tshekedi bo ne jwa wela tlase, a ragogesediwa kwa Lontone go tlamelwa. O tlhokafaletse kwa London Clinic ka ntlha ya go tlhoka go bereka sentle ga diphilo ka Seetebosigo a le lesome ngwaga wa 1959, mmele wa gagwe wa busiwa gore o bolokwe fa pele ga matshwititshwiti a batho kwa lefatsheng la diphitlho la lolwapa loo ka Seetebosigo a le lesome le bosupa.[2]
Lolwapa
[fetola | Fetola Motswedi]Tshekedi o ne a nyala Bagakgametse Moloi ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mararo le borataro (1936), mme lenyalo le ne la fela ka bofefo. O ne a nyala labobedi a nyala Ella Moshoela ka ngwaga wa sekete makgolo a robabongwe, masome a mararo le borobabobedi (1938); ba ne ba na le bana ba le batlhano.[2]
Morwadia kgosi Khama, mohumagatsana Semane, o ne a nyalwa ke kgosi ya morafe wa Bafokeng kwa Aforika Borwa. Gareng ga bana ba lenyalo le ke kgosi wa Bafokeng wa gompieno, Leruo Motlotlegi.
Mo setsong
[fetola | Fetola Motswedi]Kgosi Khama o ne a supiwa ke modiragatsi wa Aforika Borwa Vusi Kunene mo filiming ya Hollywood e e bidiwang A United Kingdom.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Crowder, Michael (1985). "Tshekedi Khama and Opposition to the British Administration of the Bechuanaland Protectorate, 1926-1936". The Journal of African History. 26 (2). doi:10.1017/S0021853700036938.
- 1 2 3 4 5 6 7 Henderson, Willie. "Khama, Tshekedi". Oxford Dictionary of National Biography (online ed.). Oxford University Press. doi:10.1093/ref:odnb/36568. (Subscription, Wikipedia Library access or UK public library membership required.)
- ↑ Benson, Mary (1960). Tshekedi Khama. Faber and Faber.
- ↑ Bennett, Bruce S; Wallis, Alison (2012). "Khama v Ratshosa Revisited: The Privy Council Ruling of 1931 on House-burning". Botswana Notes and Records. 44: 25–33. JSTOR 43855557.
- ↑ Laverick, Jonathan (2015). The Kalahari Killings: The True Story of a Wartime Double Murder in Botswana, 1943. United Kingdom: History Press. p. 118. ISBN 978-0750956659.
- ↑ Crowder, Michael (1988). The Flogging of Phinehas McIntosh: a tale of colonial folly and injustice, Bechuanaland, 1933. Yale University Press. ISBN 0 300 04098 9.
- ↑ Hyam, Ronald (December 1986). "The Political Consequences of Seretse Khama: Britain, the Bangwato and South Africa, 1948–1952". The Historical Journal. 29 (4): 921–947. doi:10.1017/S0018246X00019117.