Jump to content

Tsheko ya 1956 ya go thankgola puso

Go tswa ko Wikipedia

Tsheko ya thankgolo puso e ne e le tsheko kwa Johannesburg e mo go yone batho ba le lekgolo, masome a matlhano le borataro ba akaretsa Nelson Mandela ba neng ba lebisitswe molato wa go thankgola puso kwa Aforika Borwa ka ngwaga ya 1956.

Tsheko ya boremelelo e tsene go fitlhela ka ngwaga wa 1961, fa basekisiwa ba ne ba sa bonwe molato. Ka nako ya ditsheko, Oliver Tambo o ne a tshabisiwa mo lefatsheng leo. Fa a le kwa mafatsheng a mangwe a Yuropa le Aforika, o ne a tlhama lekgotla le le neng le thusa go tsisa bobegadikgang kwa bokopanong jwa Aforika kwa Aforika Borwa. Bangwe ba basekisiwa ba ne ba atlholwa morago mo tshekong ya Rivonia ka ngwaga wa 1964.

Kgosi Luthuli o ne a bua jaana ka tsheko:

Tsheko ya thankgolo puso e tshwanetse go nna le lefelo le le botlhokwa mo ditsong tsa Aforika Borwa. Ene ya tsisa letshogo mo ditlhaloganyong tse di nang le pelaelo le go bontsha setshaba maikaelelo a babusi go didimatsa kganetso, go ne ga dira lekgolo, masome a matlhano le borataro jwa rona, ba ditso le merafe ya lefatshe la rona, go nna setlhopha sa basekisiwa ba ba neng ba lebanwe ke mengwe ya melato e metona mo ditsamaisong tsotlhe tsa melao.[1]

Tse di diragetseng pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Ka Morule a le malatsi a matlhano ngwaga wa 1956, sepodisi sa Aforika Borwa sa tshireletso se ne sa tlhasela sa bo sa tshwara batho ba le lekgolo le masome a mane mo lefatsheng ka bophara, ka molato wa thankgolo puso fa ba ne ba dirisa go tibela tlase molao wa bosetshaba.[2] Ba ba neng ba sa nne kwa Johannesburg ba ne ba isiwa koo ka sefofane sa sesole ba tshegediwa go fitlhelela ba reediwa ka Morule a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1956.[2] Ditlhaselo di ne di sala morago tse di neng di dirilwe gape ka ngwaga wa 1955, di akaretsa diteseletso tsa go tlhola go batla dipampiri kwa makgotleng a a kgatlhanong le puso a le masomeane le borobabobedi.[2]

Ka Morule a le lesome le borobabongwe ngwaga wa 1956, magolegwa a le lekgolo, masome a matlhano le boraro a ne a kgweelediwa kwa ntlo lohalahala ya Johannesburg Drill go ya go reediwa go tlhatlhoba bosupi jwa lefatshe.[3] Mmakaseterata Frederick Wessels e ne e le ene moatlhodi, J.C van Niekerk e le mmueledi wa lefatshe.[3] Maiteko a mosekisi go tswelela ka tsheko a ne a kgaupediwa makgetho a le mararo ka modumo wa batho bantsho ba Aforika Borwa ba le dikete di le tlhano, ba solofela go tsenelela tsheko, ba ne ba dikaganyetsa ditsela tsa ntlo lohalahala ya Drill ba opela "Nkosi Sikeleli Aforika." [3]Ditsamaiso di ne tsa tshwanela go emisiwa ka nakwana.[3] Labour Party kwa United Kingdom e ne ya supa puso ya Aforika Borwa ka monwana go tshosetsa le go dira batho batswasetlhabelo, ba ba leng kgatlhanong le tlhaolele, ba kgala tsheki ba bo ba bitsa lefatshe la Aforika Borwa lefatshe la sepodisi.[4]

Fa e tswelela ka Morule a le masome mabedi ngwaga wa 1956, tsheko e ne ya kgaupediwa gape fa basekisiwa ba ne ba ngongoregela gore ba ba ba emetseng ba kwa morago ga terata e e kwa godimo ga rataro.[5] Morago ga go phatlalala, go ne ga dumalanwa ke matlhakore o o mabedi go fokotsa terata go ya kwa godimo gane.[5] Mosekisi J.C van Niekerk o ne a bega dintlha tsa bosupi jo bo tswang kwa ngwageng ya 1953 jwa ditiragalo tsa letsholo la kgololesego , mme bosupi jwa gagwe bo ne jwa kgaupediwa fa go nna le tlhakatlhakano kwa ntle ga kgotlatshekelo.[5] Morago ga gore sepodisi se busetse kwa morago morafe wa batho bantsho ba ka nna sekete, lepodise le ne la gobadiwa ka letlapa, mme ba ipusolosetsa ka go thuntsha mo morafeng ba jo ba dikaganyetsa dikoloi le mabentlele, ba gobatsa batho ba le lesome le bone. Piet Grobel mothusa ramapodisi o ne a kgona go emisa banna ba gagwe go thuntsha, mme dilo tsa boela mannong.[5]

  1. Joseph, Helen (1963). If this be Treason: Helen Joseph's Dramatic Account of the Treason Trial, the Longest in South Africa's History and One of the Strangest Trials of the 20th Century. Kwagga Publishers. ISBN 978-0-620-22197-9.
  2. 1 2 3 "South Africa Seizes 140 in Race Dispute". The New York Times. 6 December 1956. Retrieved 1 August 2025
  3. 1 2 3 4 "AFRICANS' SINGING DROWNS OUT TRIAL". The New York Times. 20 December 1956. Retrieved 1 August 2025
  4. "Laborites are critical". The New York Times. 20 December 1956. Retrieved 1 August 2025
  5. 1 2 3 4 "Police Fire on Mob at Trial in Africa". The New York Times. 21 December 1956. Retrieved 1 August 2025