Jump to content

Tshimo ya Palamente

Go tswa ko Wikipedia

Tshimo ya palamente ke lefelo la itloso bodutu kwa Windhoek, Namibia. E fa gare ga Tintenpalast (kago ya palamente) le Christuskirche. E simolotswe ka 1943 e bidiwa Tshimo ya Titenpalast, mme morago ga boipuso jwa Namibia ka 1990 ya tsaya leina le e le dirisang gompieno.[1]

Tshimo ya palamente e na le segopotso sa ntlha sa Namibia morago ga boipuso: sehikantswe sa borase sa kgosi ya BaHerero Hosea Kutako.[2] Batho ba Namibia ba bangwe ba le babedi ba filwe tlotla ka difikantswe mo tshimong eo: Hendrik Samuel Witbooi le Theophilus Hamutumbangela.[3] Difikantswe tse tharo tse di mo dikgatong tse di yang kwa kgorong ya kago ya palamente.[4]

Go lebagana le Titenpalast
Sehikantswe sa ga Samuel Witbooi kwa tshimong ya palamente kwa Windhoek

Tshimo e e kile ya bo e le ya olive le gompieno e santse e na le olive grove.[3] Gabedi mo kgweding tshimo e e tshwara metshameko ya bodiragatsi mo lefelong leo e e dirwang ke sekolo sa bodiragatsi.[5]

Ka ngwaga wa 2016, go bulwa ga palamente ya Namibia go ne go tshwaretswe kwa tshimong e ka ntlha ya manno a a sa lekaneng mo titenpalast. Ka ntlha ya phetogo ya molaomotheo ka 2014, palo ya mapalamente e ne ya oketsega thata, ka jalo bokopano bo ne bo tshwanela go tshwarelwa go sele.[6]

Rough Guides o tlhalosa tshimo ya palamente e le ntle, e na le moriti, e le e o ka tsayang mosepele wa nakwana mo go yone.[4] Tshimo e e ratega thata ka nako ya dijo tsa motshegare le ka mafelo a beke, fa baithuti ba bala dibuka tsa bone mo tlhageng. E ratega gape go tshwarela itloso bodutu mo go yone.[7]

  1. Olivier, Willie; Olivier, Sandra (2006). African Adventurer's Guide to Namibia. Struik. p. 110. ISBN 9781868728589. Retrieved 06 October 2025.
  2. "Tintenpalast". Lonely Planet. Retrieved 06 October 2025
  3. 1 2 Olivier, Willie; Olivier, Sandra (2006). African Adventurer's Guide to Namibia. Struik. p. 110. ISBN 9781868728589. Retrieved 06 October 2025.
  4. 1 2 "Parliament Gardens". Rough Guides. Archived from the original on 18 October 2016. Retrieved 06 October 2025.
  5. McIntyre, Chris (2011). Namibia. Bradt Travel Guides. p. 145. ISBN 9781841623351. Retrieved 06 October 2025.
  6. "Parliament opening moves to garden due to space constraints". New Era. 9 February 2016. Archived from the original on 10 February 2016. Retrieved 06 October 2025.
  7. "Namibia Tourist Attractions and Sightseeing". World Guides. Retrieved 06 October 2025.