Tshimo ya dithunya (Botswana)
Tshimo ya dithunya ke tshimo e e botona jwa di heketara di supa e e kwa molelwaneng wa noka ya Notwane, dikhilomithara di le tharo kwa borwa-botlhaba jwa toropokgolo Gaborone.
Tshimo e e simolotswe lantlha ka Ngwanatsele a le malatsi a mabedi ngwaga wa 2007, ka maikaelelo a go sireletsa boswa jwa Botswana[1]. Tshimo e e tlhokometswe mo mohameng wa ditso wa mabolokelo a ditso a lefatshe la Botswana.[2] Ke tshimo ya ntlha ya dithunya mo Botswana, e na le ditlhare tsa bogologolo go tswa mo Botswana ka bophara.[1]
Thulaganyo
[fetola | Fetola Motswedi]Tshimo e e kgaogantswe ga rataro go ya ka dikgaolo tse thataro tsa tikologo mo Botswana.[3] Dikgaolo tse thataro le ditlhare tse di fitlhelwang mo go tsone ke:
- Chobe: Moporota le Mukusi
- Okavango le letšha la letswai: Tsaro le Mokolwane
- Mophane: Mophane le Monepenepe
- Bokone-botlhaba jwa Kalahari: Mokgwapha le Mosunyana
- Mashatu: Motha le More-o mosetlha
- Borwa bophirima jwa Kalahari: Hoodia le ditlhaga
Mo godimo ga go supa ditlhare tsa mo gae, tshimo e e bereka go somarela digopotso tsa ditlhare molefatsheng jaaka morula mo Gaborone, o bokopano jwa ntlha jwa Botswana Democratic Party bo neng bo tshwaretse teng.[4]
Dinepe
[fetola | Fetola Motswedi]

Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 "Botswana Opens its First Botanic Garden". Botanic Gardens Conservation International. 5 November 2007. Archived from the original on 12 June 2012. Retrieved 26 September 2025
- ↑ Menyatso, Diphetogo. "Botswana National Botanical Garden". Southern African Botanical Diversity Network. Archived from the original on 19 June 2013. Retrieved 26 September 2025
- ↑ Ministry of Youth, Sport and Culture Botswana. "National Botanical Garden". Archived from the original on 22 June 2012. Retrieved 26 September 2025
- ↑ "The Morula Tree". 14 March 2009. Archived from the original on 18 October 2013. Retrieved 26 September 2025