Jump to content

Tshosa

Go tswa ko Wikipedia
Tshosa
TitleMotshwarelela bogosi jwa Bakwena
Term1803 go tsena 1807
PredecessorMaleke
SuccessorMotswasele II
Batsadi(s)

Tshosa e ne e e le motshwarelela bogosi jwa morafe wa Bakwena go tswa ka ngwaga wa 1803 go tsena 1807. O nnile motshwarelela bogosi morago ga loso lwa motsalwa le ene Maleke, o le ene a neng a tshwareletse, o nnile mo maemong ao go fitlhelela a neela mojaboswa wa Bakwena ebong setlogolo sa gagwe Motswasele II. Morago ga Motswasele a sena go tlhokafala, Tshosa o ne a etelela pele setlhopha sa morafe wa Bakwena se se neng se kgaogane le morafe. O ne a bolawa ke Bakololo mo tlhaselong.

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Tshosa e ne e le morwa Seitlhamo o e neng e le kgosi ya Bakwena, a tshotswe mo ntlong ya boraro, e le monnawe Legwale le Maleke. Fa Legwale a nna kgosi, o ne a simolola tlhaselo kgatlhanong le morafe o mongwe. Tshosa o ne a le kgatlhanong le seo, go bolelwa fa a e ne a tsibosa morafe pele ga nako. Legwale o ne a bolawa mo tlhaselong eo, mme Maleke ya nna ene motshwarelela bogosi.

Tshosa o nnile motshwarelela bogosi ka ngwaga wa 1803,[1] a tsaya maemo a morago ga loso lwa ga Maleke. Fa a ne a le motshwarelela bogosi jwa Bakwena, Tshosa o ne a itebagantse le go sireletsa morafe mo ditlhaselong tse pedi tsa Bangwaketse, ya ntlha e le kwa Mantsho, e e latelang e le kwa Kgomphata. Fa tloga a fetsa sebaka sa gagwe, Tshosa o ne a fudusa bakwena go tswa Dithejane go ya Shokwane.[2] Go tshwarelela ga ga Tshosa go fedile ka ngwaga wa 1807 fa a fetisetsa maemo a bogosi kwa setlogolong sa gagwe ebile e le ene o o latelang mo bogosing, Motswasele II.[3] Morwa Tshosa, ebong Moruakgomo o ne a sa dumalane le tshwetso e, a eletsa gore ke ene a tsee maemo.[2]

Morafe wa bakwena o ne wa kgaogana morago ga loso lwa ga Motswasele, Tshosa a eteletse pele lekgamu le lengwe kwa Borithe Molepolole, le Dithubaruba. O ne a atlega mo go sireletseng Molepolole mo tlhaselong ya Bangwaketse, ba ba neng ba batla go ipusolosetsa mo tatlhegelong ya bone ya pele. Tshosa o ne a dira kagiso le Bangwaketse go itshireletsa kgatlhanong le tlhaselo ya ga Sebetwane le Bakololo ka ngwaga wa 1824, mme morago o ne a tshaba kwa Dithubaruba a letla Bangwaketse go fenngwa. Go tswa foo, o ne a tsaya loeto go ya Lehututu le letšha la Ngami. Morago ga go boela kwa lefatsheng la Bakwena, o ne a agisanya lekgamu la gagwe le la ngwana wa ga Motswasele ebong Sechele I, ba ya kwa Diruthe. Morago ga go itshetlela kwa Diruthe, Bakwena ba ne ba gotlhagotlhana le Bangwato. Bangwato ba ne ba tsamaisana le Bakololo, ba ba neng ba bolaya Tshosa le Moruakgomo mo tlhaselong.[4] Mosadi wa ga Tshosa o ne a tsaya ngwaan wa bone wa mosimane o o mmotlana Kgakge go ya go nna le Bangwaketse.[5]

  1. Morton, Fred (4 July 2017). "To Die For: Inherited Leadership ( Bogosi ) Among the Tswana Before 1885". Journal of Southern African Studies. 43 (4): 699–714. doi:10.1080/03057070.2017.1309838. ISSN 0305-7070.
  2. 1 2 Schapera, I (1980). "Notes on the early history of the Kwena (Bakwena-bagaSechele)". Botswana Notes and Records. 12: 83–87. ISSN 0525-5090. JSTOR 40980796.
  3. Morton 2017, pp. 703–704.
  4. Schapera 1980, p. 86
  5. Schapera 1980, p. 87.