Jump to content

Tsitsi Dangarembga

Go tswa ko Wikipedia

 

Tsitsi Dangarembga (o tshotswe ka Tlhakole a le malatsi a mane ka ngwaga wa 1959) ke mokwadi wa padi, mokwadi wa metshameko le modiri wa difilimi wa kwa Zimbabwe. Padi ya gagwe ya ntlha, Nervous Conditions (1988), e e neng e le ya ntlha go gatisiwa ka Seesemane ke mosadi wa Montsho go tswa kwa Zimbabwe, e ne ya bidiwa ke BBC ka 2018 jaaka nngwe ya dibuka di le lekgolo tse di kwa godimo tse di bopileng lefatshe.[1] O fentse ditlotla tse dingwe tsa dikwalo, go akaretsa le Commonwealth Writers' Prize le PEN Pinter Prize. Ka 2020, padi ya gagwe ya This Mournable Body e ne ya tlhophiwa go bona Booker Prize.[2] Ka 2022, Dangarembga o ne a bonwa molato kwa kgotlatshekelong ya Zimbabwe ya go tlhotlheletsa tirisodikgoka ya setšhaba, ka go bontsha, mo tseleng ya setšhaba, setshwantsho se se kopang diphetogo; moragonyana go bonwa molato ga gagwe go ne ga fetolwa.

Botshelo jwa pele le thuto

[fetola | Fetola Motswedi]

Tsitsi Dangarembga o tshotswe ka kgwedi ya Tlhakole e le malatsi a le mane ka ngwaga wa 1959 kwa Mutoko, kwa Rhodesia Borwa (e jaanong e leng Zimbabwe), torotswana e batsadi ba gagwe ba neng ba ruta kwa go yone kwa sekolong sa borongwa se se gaufi.[3][4][5][6] Mmaagwe, Susan Dangarembga, e ne e le mosadi wa ntlha wa montsho kwa Rhodesia Borwa go bona dikirii ya bachelor,[7] mme rraagwe, Amon, moragonyana o ne a tlaa nna mogokgo wa sekolo.[8][9] Go tloga ka dingwaga di le pedi go ya go di le thataro, Dangarembga o ne a nna kwa Enyelane, fa batsadi ba gagwe bone ba ne ba tswelela ka thuto e kgolwane.[3][4][5][6][10] Koo, jaaka a gakologelwa, ene le morwarraagwe ba ne ba simolola go bua Seesemane "jaaka tlwaelo mme ba lebala bontsi jwa Seshona se re neng re se ithutile."[10] O ne a boela kwa Rhodesia le balelapa la gagwe ka 1965, ngwaga wa Kgoeletso ya Boipuso ya Koloni.[3][4][6] Kwa Rhodesia, o ne a ithuta Seshona gape, mme o ne a tsaya gore Seesemane, e leng puo e a neng a e dirisa kwa sekolong, e le puo ya gagwe ya ntlha.[10]

Dingwaga tsa bo 1980 le tsa bo 1990

[fetola | Fetola Motswedi]

2000 go ya pele

[fetola | Fetola Motswedi]

Dietsele le ditlotla tse di tlhophilweng

[fetola | Fetola Motswedi]

Lenaane la ditiro

[fetola | Fetola Motswedi]

Ditiro tse di kwadilweng

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. "The 100 stories that shaped the world". BBC. 22 May 2018. http://www.bbc.com/culture/story/20180521-the-100-stories-that-shaped-the-world. Retrieved 28 September 2020.
  2. "Most diverse Booker prize shortlist ever as Hilary Mantel misses out". 15 September 2020. https://www.theguardian.com/books/2020/sep/15/most-diverse-booker-prize-shortlist-is-also-almost-all-american-hilary-mantel. Retrieved 28 September 2020.
  3. 1 2 3 "Know Your Author: Dangarembga". 2012-05-20. https://www.herald.co.zw/know-your-author-dangarembga/.
  4. 1 2 3 Grady, Rebecca (2014-06-10). "Dangarembga, Tsitsi". Postcolonial Studies (in American English). Emory University. Retrieved 2020-03-27.
  5. 1 2 Khulumani (in Sekgoa). Women's Action Group. 1988. p. 92.
  6. 1 2 3 George, Rosemary Marangoly; Scott, Helen (Spring 1993). "An Interview with Tsitsi Dangarembga". Novel: A Forum on Fiction. 26 (3): 309–319. doi:10.2307/1345839. JSTOR 1345839.
  7. Mutambara, Arthur G. O. (2017-10-15). "An ode to Susan Dangarembga". The Sunday Mail (in American English). Retrieved 2020-03-29.
  8. Madhomu, Betha (2010-06-21). "Dangarembga's new venture". https://www.news24.com/Africa/Zimbabwe/Dangarembgas-new-venture-20100621.
  9. "President Sends Condolences to Bakasa, Dangarembga Families". 2002-09-07. https://allafrica.com/stories/200209070113.html.
  10. 1 2 3 Agatucci, Cora (2010-01-02). "African Authors: Tsitsi Dangarembga & Nervous Conditions". Central Oregon Community College. Retrieved 2020-03-28.