Jump to content

Tsuologo ya Langeberg (go tswa ka 1896 go tsena 97)

Go tswa ko Wikipedia

Tsuologo ya Langeberg ya ngwaga wa 1896 go tsena ka wa 1897, e e itsiweng gape jaaka Ntwa ya Bana ba Mokgothu mo puong ya Setswana, e ne e le ntwa ya tsuologo e e gwetlhilweng ke ditlhopha tsa merafe e mebedi ya Batswana: e bong Batlhaping le Batlharo kgatlhanong le bathibeledi ba Britain mo kgaolong ya Griqualand kwa bokone jwa Kapa.[1] Tsuologo e bakilwe ke go belaela maikaelelo a puso ya bokolone ya Kapa ga ditlhopha tsa Batswana, ka ba ne ba tshaba, gore ba tlaa latlhegelwa ke lefatshe ebile ba seegetswe kwa thoko mo itsholelong e e golelang pele ya Kapa.[2] Tsuologo ya Langeberg e ne e na le metseletsele ya ditlhaselo gareng ga dikgwedi tsa Morule ngwaga wa 1896 le Phatwe ngwaga wa 1897 kgatlhanong le melao ya lefatshe la Britain kwa kgaolong ya Griqualand. Tsuologo e ne e eteletswe pele ke dikgosi Luka Jantjie le Kgosi Galeshewe wa Batlhaping le kgosi Toto Makgolokwe wa Batlharo.[3]

  1. "NC govt to unveil monument". DFA. Retrieved 20 August 2025.
  2. Report Olifantshoek: Inglesby 580 prospecting re a kgona 2014 (PDF). Retrieved 20 August 2025.
  3. Luka Jantjie,Galeshewe and Toto (PDF). Retrieved 20 July 2025