Jump to content

Tumalano ya Gbadolite

Go tswa ko Wikipedia

Tumalano ya Gbadolite, e e beilweng monwana ka Morule a le masome a mararo le motso ngwaga wa 2002, kwa Gbadolite, kwa Democratic Republic of the Congo, e ne ya dira maiteko a go fedisa ntwa ya bobedi ya Congo mme ya retelelwa. Ba bei ba menwana, ba botlhe ba neng ba engwe nokeng ke puso ya Uganda, ke lekgotla la Movement for the Liberation of Congo (MLC), phathi ya ditsuolodi ya Rally for Congolese Democracy (RCD-N) le lekgotla la Rally for Congolese Democracy-Liberation Movement (RCD-ML).[1]

Ba tsaya karolo ba ne ba dumalana go emisa ntwa mo metseng e mene ya Isiro-Bafwasende-Beni-Watsa, le go amogela baeleadilotlhoko ba United Nations mo kgaolong eo. E ne e akaretsa tlhomamiso ya kgololesego ya metsamao ya beng gae le makgotla a mautlwelobotlhoko go tswa kwa kgaolong e nngwe go ya kwa go e nngwe.

Jaaka ka ditumalano tsa pele, tumalano ya Gbadolite e ne ya retelelwa ke go fedisa ntwa.

  1. Kulkarni, D.V. (2017)Sustainable Peace in the Twenty?First Century: Bridging the Gap from Theory to Practice.Peace Education. Information Age Publishing, Incorporated. ISBN 978-1-68123-751-0.Retrieved 28 July 2025