Jump to content

Tumalano ya ga Frere

Go tswa ko Wikipedia

Tumalano ya ga Frere ke tumalano e e beilweng monwana ke mafatshe a Britain le Sultanate of Zanzibar ka ngwaga wa 1873. E beilwe monwana ke Barghash bin Said wa kwa Zanzibar, e ne e emisa go tsisiwa ga makgoba kwa Zanzibar semmuso, e pateletsa le go tswalwa ga marekisetso a makgoba kwa Zanzibar kwa toropong ya Stone. Se se ne sa dira gore go kgonagale gore batho ba Britain ba emise dikepe tsotlhe tsa makgoba kwa lewatleng la Indian, se sa digela kgwebo ya makgoba ya lewatle la Indian kwa tlase.

Tumalano e ne e le maduo a thomo e e dirilweng ke Henry Bartle Frere kwa Zanzibar. Molao o o kgatlhanong le bokgoba, o e neng e le bontlha jwa molao wa mafatshe wa Britain ka ba ne ba emisitse kgwebo ya bone ya makgoba ka ngwaga wa 1807. Thomo e e ne ya rarabolola kgang ya kgwebo ya makgoba kwa Zanzibar gareng ga lotshitshi lwa Shwahili kwa Zanzibar le Oman kwa Arabian Peninsula, kwa bogolo jwa teng e neng e le bontlha jwa kgwebo ya makgoba ya lewatle la Indian.

Kgwebo ya makgoba ya Zanzibar e ne e le bothata jo ba ba kgatlhanong ba kwa Britain ba neng ba bo beile leitlho dingwaga di le lesome. Tumalano ya Moresby ya ngwaga wa 1822 e ne e emisistse thekiso ya makgoba go tswa mo Zanzibar go ya India, fa tumalano ya Harmeton ya 1845 e ne e emisistse thekiso ya makgoba go ya Arabian Peninsula. Tumalano le lefatshe la Britain ka ngwaga wa 1867 e ne ya emisa go nna mo molaong ga kgwebo ya makgoba go tswa kwa Aforika go ya Zanzibar.[1] le fa go ntse jalo, ditumalano tse go ne go itlhophelwa gore a lefatshe le batla go di sala morago. Ka go ne go se mo molaong go reka makgoba go tswa kwa Aforika go ya setlhaketlhakeng sa Zanzibar, go ne go le tahat gore Britain e laole dikepe tsa makgoba le go di itsa go tswelelela kwa Aranian Peninsula. Batho ba Britain ka jalo ba ne ba bona go sthwanela go itsa motsamao wa dikepe tsotlhe tsa makgoba go itsa go rekiwa ga makgoba gareng ga lotshitshi lwa Aforika kwa botlhaba le Arabian Peninsula.

Tumalano ya Frere ya ngwaga wa 1873 e ne ya iletsa theko ya makgoba yotlhe go tswa kwa Aforika go ya Zanzibar Archipelago. Tumalano e e ne ya felela e dira gore go tswalwe marekisetso otlhe a a neng a butswe a makgoba kwa toropong ya Stone Town kwa Zanzibar.[2] E ne ya dira gore dikepe tsa Britain di kgone go emisa dikepe tsotlhe tsa makgoba kwa ntle ga lotshitshi lwa Swahili kwa botlhaba jwa Aforika le go kgona go emisa kgwebo ya makgoba gareng ga lotshitshi lwa Swahili le Oman le go fokotsa kgwebo ya makgoba ya lewatle la Indian. Le fa go ntse jalo, kgwebo ya makgoba e ne e sa fedisiwa. bagwebi ba makgoba ba kwa Zanzibar ba ne ba seka ba emisa kgwebo ya bone, mme ba tswelela ka go nna le makgoba ka go tsaya batho ka dikgoka le go ba rekisa ka go ba tsenya ka bokukuntshwane.[3] Kgwebo ya makgoba ya Zanzibar e ne ya tswelela go fitlhelela ka lekgolo la dingwaga di le masome mabedi. Bokgoba kwa Zanzibar ga bo a ka jwa emisiwa go fitlhela ka ngwaga wa 1879 go stena ka 1909.

Ditshedimosetso tse dingwe

[fetola | Fetola Motswedi]
  1. Mbogoni, L. E. Y. (2013). Aspects of Colonial Tanzania History. Tanzania: Mkuki na Nyota. p172
  2. McMahon, E. (2013). Slavery and Emancipation in Islamic East Africa: From Honor to Respectability. Storbritannien: Cambridge University Press. p. 48
  3. McMahon, E. (2013). Slavery and Emancipation in Islamic East Africa: From Honor to Respectability. Storbritannien: Cambridge University Press. p. 43-44