Tumisang Orebonye
Tumisang Orebonye (o tshotswe ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le borataro ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le borataro (1996) ke motshameki wa kgwele ya dinao wa Motswana yo o tshamekang jaaka motshameki wa bogare wa setlhopha sa Al-Shomooa sa Libyan Premier League le setlhopha sa bosetšhaba sa Botswana. [1]Orebonye e ne e le motshameki wa ntlha wa Botswana go fenya sekgele sa kontinente, a fenya CAF Confederation Cup ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023) le USM Alger .[2]
Tiro ya go tshameka
[fetola | Fetola Motswedi]USM Alger
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Tlhakole e thola bongwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), Orebonye o ne a ya kwa USM Alger ka konteraka ya dingwaga di le pedi le halofo, a tlogela OC Khouribga ya kwa Morocco. [3]Kwadiso ya gagwe e ne ya diegisiwa ka gore o ne a sa ntse a le mo kgolegelong e e neng e beilwe ke Royal Moroccan Football Federation, e e neng ya mo thibela go tlhagelela mo kgaisanong ya selegae go fitlha ka Tlhakole. [4]Orebonye o ne a tshamekela setlhopha sa gagwe sa ntlha kwa CAF Confederation Cup fa ba ne ba fenya Saint-Éloi Lupopo. Beke morago ga moo mo kgaisanong e e tshwanang kgatlhanong le Al Akhdar, Orebonye o ne a tsenya bolo ya gagwe ya ntlha mo setlhopheng.[5]
Ka kgwedi ya Seetebosigo e thola boraro ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le boraro (2023), Orebonye o ne a gapa sekgele sa ntlha le setlhopha sa gagwe ka go fenya CAF Confederation Cup, koo a neng a nna motshameki wa ntlha wa Botswana go gapa sekgele sa kontinente[6].[7]O ne a fenya gape le USM Alger, CAF Super Cup ya 2023, morago ga go fenya Al Ahly ka qkgwedi ya Lwetse. [8]
Ka kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), USM Alger e ne ya fedisa konteraka ya ga Orebonye ka tumelano, e mo letla go tlogela setlhopha jaaka moemedi yo o gololesegileng. [9][10]
AS FAR
[fetola | Fetola Motswedi]Moragonyana ga go tswa kwa Algeria, Orebonye o ne a boela kwa Morocco go ya go saena le AS FAR Rabat ka tumelano ya dingwaga di le pedi le sephatlo kwa tshimologong ya kgwedi ya Ferikgong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024).[11]
Al-Ittihad Tripoli
[fetola | Fetola Motswedi]Orebone o ne a nna kwa AS FAR mme morago ga moo a tsaya kgato e nngwe: ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), setlhopha sa kwa Libya sa Al Ittihad Tripoli se ne sa tsenya tirisong tumelano ya gagwe ya go mo golola, e go neng ga begwa gore e ka nna $500,000, gore a kgone go bona ditirelo tsa gagwe go tswa kwa AS FAR, mme seo sa dira gore a kopane le mokatisi Juan Carlos Garrido, yo o neng a kile a mo thapisa kwa USM Alger.[12]
Tiro ya boditšhabatšhaba
[fetola | Fetola Motswedi]Ka kgwedi ya Mopitlwe e le masome a mabedi le botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le bosupa (2017),Tumisang Orebonye o ne a tshameka motshameko wa gagwe wa ntlha le setlhopha sa bosetšhaba sa Botswana kgatlhanong le Tanzania mo motshamekong wa botsalano. Ka kgwedi ya Lwetse e le masome a mararo ka ngwaga wa dikete tse pedi le lesome le borobabobedi ( 2018),Orebonye o ne a tsenya bolo ya gagwe ya ntlha ka mebala ya Botswana kgatlhanong le Namibia. Ka kgwedi ya Phukwi e le lesome ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bongwe (2021), Orebonye o ne a dira hat-trick kgatlhanong le Lesotho mo kgaisanong ya ditlhopha tsa COSAFA Cup.
Dipalopalo tsa ditiro
[fetola | Fetola Motswedi]Club
[fetola | Fetola Motswedi]Go tloga ka kgwedi ya Ferikgong e thola botlhano ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024)[13]
[14][15]Ditlotla
[fetola | Fetola Motswedi]Dithuthuntshwane tsa Township Rollers
[fetola | Fetola Motswedi]- Botswana Premier League: 2018-19
USM Alger
[fetola | Fetola Motswedi]Motho a le mongwe
[fetola | Fetola Motswedi]Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "T. Orebonye - Al-Shomooa SC". Retrieved 9 March 2026
- ↑ Pheko, Isaac (9 August 2023). "Orebonye talks life and football". Guardian Sun. Retrieved 5 January 2026.
- ↑ Mercato : Tumisang Orebonye signe à l'USMA". mediafootdz.dz. 1 February 2023. Retrieved 1 February 2023.
- ↑ USMA : Tumisang Orebonye est-il suspendu ?". competition.dz. 1 February 2023. Retrieved 6 June 2023.
- ↑ CAF CC : Bonne opération de l'USMA en Libye". dzfoot.com. 19 February 2023. Retrieved 7 June 2023.
- 1 2 USM Alger Lift CAF Cup Despite Home Loss To Young Africans". barrons.com. 3 June 2023. Retrieved 4 June 2023.
- ↑ Tumisang Orebonye won CAF Confederation Gold Medal". enole.co.bw. 5 June 2023. Retrieved 7 June 2023.
- 1 2 L'USMA remporte la Supercoupe de la CAF face au Ahly". mediafootdz.dz. 15 September 2023. Retrieved 15 September 2023
- ↑ Tumisang Orebonye veut quitter l'USMA". Planete Sport. 3 January 2024. Retrieved 5 January
- ↑ USM Alger : Résiliation du contrat de Tumisang Orebonye". DZfoot. 9 January 2024. Retrieved 9 January 2024.
- ↑ Orebonye returns to Morocco". Orebonye returns to Morocco. 9 January 2024. Retrieved 23 December 2025.
- ↑ Géthox, Sonangnon (8 February 2025). "Transfert – Équipe du Botswana : Tumisang Orebonye rejoint officiellement Al-Ittihad Club". AfricaFootUnited (in French). Retrieved 23 December 2025.
- ↑ Tumisang Orebonye at Soccerway
- ↑ Zambia vs. Botswana". National Football Teams. Retrieved 5 June 2025.
- ↑ Botswana vs. Namibia". National Football Teams. Retrieved 5 June 2025.
- ↑ https://web.archive.org/web/20200702210143/http://www.dailynews.gov.bw/mobile/news-details.php?nid=38243&flag=https://web.archive.org/web/20200702210143/http://www.dailynews.gov.bw/mobile/news-details.php?nid=38243&flag=
- ↑ Galaxy are the new Mascom Top 8 stars | Sunday Standard". www.sundaystandard.info. Archived from the original on 19 May 2019.