Tunde Onakoya
Tunde Onakoya (yo o tshotsweng ka kgwedi ya Phalane a le borataro (6) ka ngwaga wa 1994) ke motshameki wa chess wa kwa Nigeria le mokatisii, yo o tshotseng Guinness World Record ya motshameko o moleele go gaisa wa marathone wa chess.[1][2][3][4] Jaaka mothei le modiri wa Chess in Slums Africa,[5][6][7] o rulagantse bokopano bo le mmalwa jwa bana go kgabaganya metsana ya batho ba ba humanegileng mo kgaolong ya Lagos go akaretsa Majidun (Ikorodu), Makoko le bosheng jaana, Oshodi.
Tshimologo le Tiro
[fetola | Fetola Motswedi]Onakoya o ne a ithuta go tshameka chess kwa lebenkeleng la go beola moriri kwa Ikorodu, Lagos, kwa a goletseng teng.[8] E re ka a ne a sa kgone go duelela sekolo sa gagwe se segolwane, mmaagwe o ne a ithaopela go bereka kwa sekolong e le mophepafatsi gore a tle a kgone go duela madi a sekolo.[9][10] O ne a tla bewa jaaka motshameki wa chess wa bolesome le boraro kwa Nigeria.[10]
Onakoya o ne a bona diploma ya maranyane a dikhomputara kwa Yaba College of Technology koo a neng a gapa sekgele sa gouta a emela sekolo kwa Nigeria Polytechnic Games le kwa RCCG Chess Championship. Gape o fentse National Friends of Chess le Chevron Chess Open.[10]
Onakoya o ne a tlhagisiwa mo go CNN African Voices.[11][12] Onakoya ke leloko la boto ya New York City e e sa direng poelo ya The Gift of Chess.[13]
Ka kgwedi ya Moranang e le masome a mabedi ka ngwaga wa 2024, Onakoya o ne a roba rekoto ya lefatshe ya marathone ya chess kwa New York, United States. O ne a tshameka dioura tse di fetang masome a marataro ka go latelana.[14]
Chess in Slums Africa
[fetola | Fetola Motswedi]Mo go Tunde, Chess ga se motshameko fela, e mo naya boitshupo jwa gagwe jo bo sa fetogeng: "Go bona chess go mphile sengwe. E ne ya nnaya botho, jwa botlhale, mme e ne ya dira gore ke dumele gore le nna ke ne ke ka nna botlhale, mme e ne ya dira gore ke dumele gore gape ke ne ke ka nna motlhalefi. Ka motshameko ono fela, ke ne ka kgona go bona lefelo lame mo lefatsheng gape", Onakoya o ne a bua jalo ka go ribolola ga gagwe Chess ka nako ya fa a ne a bua kwa Jeremane.[15]
Ka kgwedi ya Lwetse 2018,[16] Chess in Slums Africa e simolotse jaaka mokgatlho o o sa direng poelo o o gogwang ke baithaopi o o ikaelelang go nonotsha bašha mo merafeng e e humanegileng ka go tshameka chess.[17][18]
Chess in Slums Africa e ne ya dirisana le Chess.com ka Lwetse 2020 jaaka sediriswa sa thuto sa diphaposi tsa borutelo, ditlhopha tsa chess, le batsadi.[18]
Go tloga ka kgwedi ya Seetebosigo 2021, Chess in Slums Africa e ne e katisitse bana ba ba fetang makgolo a mabedi mme ba ne ba amogela dibasari tsa botshelo jotlhe mo go ba le masome mabedi ba bone.[19]
Ka kgwedi ya Motsheganong 2021, Ferdinand, mosimane wa dingwaga tse lesome yo o nang le cerebral palsy o ne a fenya kgaisano ya chess kwa Makoko.[20][21][22] Moragonyana o ne a kopana le go gaisana le Babajide Sanwo-Olu, mmusi wa Naga ya Lagos.[23]
Guinness World Record
[fetola | Fetola Motswedi]Motshameko wa chess o ne wa tshwarelwa kwa Times Square, kwa New York City, kwa United States. O simolotse ka mokgele wa go feta rekoto ya lefatshe e e fetileng ya dioura di le masome matlhano le borataro, metsotso e ferabongwe le metsotswana e le masome mararo le bosupa, e e tlhomilweng ke batshameki ba kwa Norway e bong Hallvard Haug Flatebø le Sjur Ferkingstad ka 2018. Mokgele wa ntlha wa ga Onakoya e ne e le go tshameka dioura di le masome matlhano le boferabobedi, mme o ne a di feta, a oketsa lebaka lwa gagwe la go tshameka go nna dioura di le masome marataro.[24][25][26][27]
Tiro e e Fetang Chess
[fetola | Fetola Motswedi]Maiteko a ga Onakoya e ne e se fela a go batla go roba direkoto; e ne e le tiro e e nang le boikaelelo jo bogolo. O ne a ikaeletse go kgobokanya US$1 million go thusa thuto ya bana mo Aforika, segolo thata ba ba senang thuto ya boleng.[28][29] Fa a ntse a leka go tlhoma rekoto e ntšha, o ne a bona tshegetso go tswa mo baaging ba Nigeria kwa New York, mothusa tautona wa maloba wa Nigeria Yemi Osinbajo, mmogo le Kashim Shettima, go akaretsa le go tlhagelela ga dinaledi tsa Afrobeats jaaka Davido le Adekunle Gold.[30][31][32][33]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ O'Neill, Natalie (2024-04-19). "Nigerian chess whiz stays up more than 50 hours playing in Times Square to break world record". Retrieved 2024-04-20.
- ↑ Admin 2 (2024-04-20). "JUST IN: Tunde Onakoya breaks world record for longest chess marathon". Champion Newspapers LTD. Retrieved 2024-04-20.
- ↑ "Tunde Onakoya: Launching Stars Through Chess". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 2021-06-27. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "How chess is changing children's lives". BBC News. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ He helps Nigerian kids turn chess moves into scholarships - CNN Video, 23 August 2021, retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Aisha Salaudeen and Yvonne Kasera (3 November 2021). "Chess coaches in Africa are building the next generation of grandmasters". CNN. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "How chess became an escape for children living in a Nigerian slum". Olympics.com. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Deinde-Sanya, Oluwadunsin (2021-05-24). "Through "ChessinSlums", Tunde Onakoya is Changing the Lives of Children One Piece at a Time". BellaNaija. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ ""My Mum Worked As A Cleaner to Send Me to School" - Onakoya". Nigeria Info FM. Retrieved 19 Ngwanatsele 2025.
- 1 2 3 "Chess Saved My Life — Man Like Tunde Onakoya". Zikoko!. 2021-09-26. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "Two chess masters feature on CNN African Voices". The Guardian Nigeria News - Nigeria and World News. 2021-08-20. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ African chess players are making moves for their communities - CNN Video, 23 August 2021, retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "The Gift of Chess goes global". www.fide.com. International Chess Federation. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Aradi, Gloria; Howard, Jacqueline (20 April 2024). "Tunde Onakoya: Nigerian breaks chess marathon record". BBC News. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Olujobi, Bethel (2024-04-19). "Who is Tunde Onakoya? Nigerian chess master, coach and founder". Businessday NG. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "Chess Offers Nigerian Slum Children New Move". Channels Television. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Welle (www.dw.com), Deutsche, 'Chess in Slums' gets Nigerian kids playing for keeps | DW | 17.09.2021, retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- 1 2 Chess.com (News). "Chess.com Partners With Chess In Slums-Africa". Chess.com. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "Children In Nigeria's Slum Are Finding Solace Through Chess". HumAngle Media. 2021-12-16. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ From slum to Chess champion: Meet 10-year-old Chess prodigy from Earth's largest slum, Makoko, 17 June 2021, retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ [EXCLUSIVE] The Story Of A Cerebral Palsy Chess Prodigy, Maumo Ferdinard, 28 June 2021, retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Parodi (Alessandro_Parodi), Alessandro (3 June 2021). "Nigerian Child With Cerebral Palsy Becomes Chess Superstar". Chess.com. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "ICYMI: Sanwo-Olu meets boy who turned chess champion despite cerebral palsy". TheCable Lifestyle. 2021-06-17. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Okechukwu, Rejoice (2024-04-20). "Nigerian chess master, Tunde Onakoya, breaks GWR's longest chess marathon". Peoples Gazette Nigeria. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "Nigerian Chess Master Tunde Onakoya Shows Resilience in Times Square Marathon". Nigerian Bulletin. 2024-04-19. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Gloria Aradi & Jacqueline Howard (2024-04-19). "Tunde Onakoya: Nigerian breaks chess marathon record". BBC. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Browning, Oliver (2024-04-20). "Nigerian chess champion plays for marathon 58 hours to break record in Times Square". Yahoo News. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Presse, AFP-Agence France. "Nigerian Tunde Onakoya Breaks Record For Longest Chess Marathon". www.barrons.com. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ "Chess champion plays for marathon 58 hours to break record - and raise cash for child education". Sky News. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ MINCHILLO, CHINEU ASADU and JOHN. "A Nigerian chess champion plays the royal game for 60 hours — a new global chess record". The Atlanta Journal-Constitution. ISSN 1539-7459. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Onuh, Chioma (2024-04-17). "Osinbajo backs Onakoya's 58-hour chess marathon Guinness World Record attempt". Businessday NG. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Itodo, Sunny Green (2024-04-19). "Guinness World Record: Davido drums support for Nigerian chess master, Tunde Onakoya". Daily Post Nigeria. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.
- ↑ Omidiji, Rachael (2024-04-19). "GWR: Davido, Adekunle Gold, other celebrities support Tunde Onakoya in New York". Tribune Online. Retrieved 19 Ngwanaatsele 2025.