Jump to content

Tuti Faal

Go tswa ko Wikipedia
Tuti Faal
Mohumagadi wa Gambia
In office
Ngwanatse le a le malatsi a marataro ngwaga wa 1996  1997
PresidentYahya Jammeh
Pele Ga GagweFanta Singhateh
Morago Ga GagweZeinab Jammeh
Ka Ga Ena
O tsetsweKembujeh, The Gambia
Mo/BakapeloYahya Jammeh

Tuti Faal, o o itsegeng gape ka leina la Tuti Faal Jammeh (o o tshotsweng ka 1953 kwa Kembujen, ke mohumagadi wa pele wa lefatshe la bophirima jwa Aforika la Gambia. Jaaka mosadi wa ntlha wa ga tautona Yahya Jammeh, e ne e le mohumagadi go tswa ka 1994 go fitlhelela ba kgaogana ka 1998.

Ka botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Lolwapa lwa ga Tuti Faal lo ne lo tswa kwa Mauritania. Faal o bereketse kompone ya ditlhaeletsanyo ya Gambia, Gambia Telecommunications Company.[1]

Yahya Jammeh o nyetse Tuti Faal ka Lwetse 1994,dikgwedi fela morago ga go atlega mo go thankgoleng puso.[2] E ne e le lonyalo lwa ntlha lwa ga Jammeh.[3]

Tuti Faal o buile kwa bokopanong jwa mafatshefatshe jwa basadi kwa Beijing ka 1995, ka seemo sa basadi kwa Gambia.[4] Ka Phalane 1997,o ne a ya kwa United States le monna wa gagwe mo loetong lwa tiro.[5]

Ka a ne a sena bana mo lonyalong lwa bone,tautona Jammeh go bolelwa fa a ne a mo romela Saudi Arabia ka 1997 go tlhatlhobiwa. Ka Morule 1997, o ne a nyala Zeinab Jammeh a tlhala Tuti Faal fa a santse a le mo tlhatlhobong. Morago ga tlhalo,Tuti Faal o ne a tswa kwa ntlong ya botautona a ya go itshetlela kwa gae kwa Kembujeh.

O ne a ya go fetsa dingwaga tse pedi kwa Mauritani pele ga a boela Gambia ka 2006.[6] Babegadikgang ba Gambia ba ne ba bega gore Jammeh o agetse Faal ntlo ebile o mo etela kgapetsakgapetsa. Go ne go na le magatwe a gore Jammeh o nyala gape.[7]

Ka 2015, o ne a dira kopo ya botshabi kwa United States, a fudugela kwa Seattle, Washington.[1]

  1. 1 2 "Gambia's Former First Lady Is Seeking Political Asylum In The United States; As Jammeh's Fall Is Imminent". Freedom Newspaper. 2016-01-15. Archived from the original on 2020-04-24. Retrieved 2025-10-24
  2. Emmanuel Kwaku Akyeampong, Henry Louis Gates, Mr Steven J. Niven (2012-02-02), Dictionary of African Biography (in German), OUP USA, ISBN 9780195382075, retrieved 2025-10-24
  3. Sillah, Ebrima (2001-10-17). "Gambia election: Candidates' profiles". BBC News. Archived from the original on 2022-05-15. Retrieved 2025-10-24
  4. "Fourth World Conference On Women - Beijing, 4 - 15 September, 1995, Speech Delivered By Mrs. Tuti Faal-Jammeh, First Lady of the Gambia". United Nations. 1995-09-04. Archived from the original on 2005-02-27. Retrieved 2025-10-24.
  5. "October 1997 archives". Monarchy of the United Kingdom. October 1997. Retrieved 2025-10-24
  6. "Is Yahya Jammeh cheating on First Lady Zeinab Suma Jammeh?". Blogger News Network. 2007-07-22. Archived from the original on 2008-08-28. Retrieved 2025-10-24
  7. Barry, Momodou (2010-01-20). "Gambia: Jammeh Secretly Remarried Former First Lady Tuti Faal Jammeh". Freedom Newspaper. Archived from the original on 2010-01-24. Retrieved 2025-10-24