Jump to content

Uganda

Go tswa ko Wikipedia
Republic of Uganda
Flag of Uganda
Folaga
Motto: "Kwa Mungu na nchi yangu"
"For God and My Country"
MošateKampala
Diteme tsa semmusôEnglish
Sedumedi

Lefatshe la Uganda, le ka semmuso le bidiwang Republic of Uganda, ke lefatshe le fa gare ga mafatshe a mangwe kwa bontlheng ya Aforika Botlhaba. Kwa mololwaneng wa botlhaba jwa lefatshe le ke lefatshe ka Kenya[1], ga bo gonna le lefatshe la South Sudan[2] kwa bokone, le lefatshe la Democratic Republic of the Congo kwa bophirima, lefatshe la Rwanda kwa borwabophirima le lefatshe la Tanzania wa borwa. Kgaolo e e kwa borwa jwa lefatshe le, e akaretsa karolo ya Letsha la Victoria le le tsamaelang kwa mafatsheng a Kenya le Tanzania. Lefatshe la Uganda le mo kgaolong ya matsha a matona mo Aforika ya African Great Lakes, le mo lekadibeng la Nile gape le nale loapi le le farologaneng ya equator. Mo ngwageng wa 2024, lefatshe la Uganda le nale palo batho ya didikadike tsa dimilone dile masome a mane le borobanongwe, mme bale didikadike tsa dimilone dile borobabobedi le dikete tse makgolo a matlhano ba nna kwa motsemogolo le toropo kgolo ya Kampala.

Lefatshe la Uganda le reeletswe ka bogosi jwa Buganda, jo bo akaretsang kgaolo e tona ya borwa, ke toropo kgolo ya Kampala kwa puo ya Se-Luganda[3]e buiwang thata; puo ya semmuso ke Sekgoa. Kgaolo ena e ne e nale merafe e e farologaneng pele go tla morafe wa Bantu le wa Nilotic e goroga dingwaga tse dikete tse tharo tse di fetileng. Ditlhopha tse dine tsa thama magosi a a nang le tlhotlheletso jaaka Mmusomogolo wa Kitara. Go goroga ba bagwebi ba lefatshe la Arabia ka ngwaga wa 1830 le babatlisi ba lefatshe Britain kwa bofelelong jwa ngwaga wa lekgolo le borobanongwe go ne ga supa tshimologo ya tlhotlheletso ya mafatshe a a sele. Ba lefatshe la Britain ba ne ba thama puso e e sirelesang lefatshe ya Protectorate of Uganda[4] ka ngwaga wa 1894, ba baakanyetsa maemo a dipolotiki a a neng a tla nna teng mo isagong. Lefatshe le ne la tsaya boipuso ka ngwaga wa 1962, mme Milton Obote o ne a nna tonakgolo wa lefatshe wa ntlha. Mathata a Mengo a 1966 a ne a supa kgotlhang e kgolo le bogosi jwa Buganda, gammogo le phetogo ya lefatshe ya go tswa mo tsamaisong ya palamente ya go tsamaisa boeteledipele jwa lefatshe. Go ntshiwa ga puso ke basesole ga ga Idi Amin ka ngwaga wa 1971 go ne ga felela ka puso e e setlhogo e e neng e na le dipolao tsa batho dile dintsi le go phutlhama ga itsholelo, go fitlha a ntshiwa mo go tsa boeteledipele jwa lefatshe ka 1979.


  1. Kenya - Wikipedia
  2. https://en.wikipedia.org/wiki/South_Sudan
  3. Luganda - Wikipedia
  4. https://en.wkipedia.org/wiki/Protectorate_of_Uganda