Utah
Utah | |||
|---|---|---|---|
| |||
| Nicknames: "Beehive State" (official), "The Mormon State", "Deseret" | |||
| Motto(s): Industry | |||
| Anthem: "Utah...This Is the Place" | |||
| Seat | Salt Lake City | ||
| Area | |||
| • Total | 219,887 km2 (84,899 sq mi) | ||
| • Land | 212,761 km2 (82,147 sq mi) | ||
| • Rank | 13th | ||
| Demonym(s) | Utahn or Utahan[1] | ||
Utah ke kgaolo e e mo bophirima jwa lefatse la United States. Ke nngwe ya dikgaolo tse di nang le dithaba, e tlhakanetse dikhutlo tse nne le dikgaolo tsa Arizona, Colorado le New Mexico. E tlhakanetse molelwane le Wyoming kwa bokone-botlhaba, Idaho kwa bokone le Nevada kwa bophirima. Fa e tshwantshanngwa le dikgaolo tse dingwe tsa United States, Utah ke kgaolo ya bolesome le boraro ka bophara, ya masome a mararo ka bontsi jwa batho. Ditlhabololo di ganeletse thata mo mafelong a le mabedi: Wasatch Front e e kwa bokone legare la kgaolo e, e e akaretsng Salt Lake City e e leng yone toropokgolo ya kgaolo, ebile bobedi mo borarong jwa batho ba nna teng; le Washington County kwa borwa-bophirima, e e nang le banni ba le dikete di le lekgolo masome a ferabobedi.[2] Sephatlho sa bophirima jwa Utah se mo Great Basin.
Utah | |||
|---|---|---|---|
| |||
Utah e sale e nna le banni ba ba farologaneng dingwaga tse di dikete tse di fetileng, ba Puebloan, Navajo le Ute. Ma Yuropa ba ntlha go goroga ke ba kwa Spain. Ka ntlha ya seemo sa bosa se se sa iketlang le popego, e ne ya nna bontlha jo bo kwa thoko ga New Spain. Le ntswa e ne e le bontlha jwa kgaolo ya batho ba Mexico, bontsi jwa banni ba Utah ba ntlha go tswa Yuropa ba ne ba tswa kwa lefatsheng la United States; bontsi jo bo neng bo lemosega e le ba tumelo ya Mormon ba ba neng ba tshaba go seegelwa fa thoko le go bogisiwa mo United States mme ba goroga ka tsela e e neng ya bidiwa Mormon Trail. Ka ngwaga wa 1848 morago ga ntwa ya batho ba America le ba Mexico, kgaolo e ne ya gapiwa ke United States mme ya nna bontlha bongwe jwa kgaolo ya Utah, e e neng e akaretsa dikgaolo tse di neng tsa fetoga go nna Colorado le Nevada. Dikgogakgogano gareng ga batho ba tumelo ya Mormon le puso di ne tsa dia go amogelwa ga Utah go nna kgaolo: ka ngwaga wa 1896, morago ga go boela morago molao o o letlelelang go nyala lefufa; kgaolo e ne ya amogela e le ya masome a mane le botlhano ya lefatshe la America.
Batho ba ba tlholegang kwa Utah ba bidiwa Utahns.[3] Palonyana e sekae e e fetileng sephatlo sa batho ba Utah ke ba tumelo ya Mormon, ba bontsi jwa bone e leng maloko a kereke ya Church of Jesus Christ of Latter-day Saints (LDS), e diofisi kgolo tsa yone di leng kwa Sal Lake City;[4] Utah ke yone fela kgaolo e bontsi jwa banni ba yone ba tsenang kereke e le nngwe.[5] Kereke ya LDS e rotloetsa setso, polotiki le matshelo a malatsi otlhe a batho ba Utah,[6] le fa e sale ka dingwaga tsa 1990 kgaolo e na le ditumelo tse difarologaneng le ba ba sa dumeleng mo Modimong.
Kgaolo ya Utah e na le itsholelo e e anameng, makalana a magolo e le a dipalamo, thuto, maranyane le dipatlisiso, ditirelo tsa puso, meepo, go ithekisa, le bojanala.[7] Ke nngwe ya dikgaolo tse digolang ka lobelo lo lo kwa godimo fa e sale ka ngwaga wa 2000, [8]palobatho ya ngwaga wa 2020 ya United States e tlhomamisa kgolo e e bofefo yadipalo tsa batho fa e sale ka ngwaga wa 2010. St. George e ne e le yone e e neng e gola thata kwa United States go tswa ka 2000 go tsena ka 2005.[9] Kgaolo ya Utah e di goga kwa pele mo go tsa botsogo, puso, thuto le dikago.[10] Komelelo e ntse e golela pele mo Utah ka tlha ya phetogo ya seemo sa bosa,[11] se se ama itsholelo ya kgaolo e bile se oketsa letlhoko la metsi .[12]
Tlholego
[fetola | Fetola Motswedi]Leina la Utah le tswa mo morafeng wa Ute, leina le le raya 'batho ba dithaba'.[13] Mme le fa go ntse jalo, ga go na lefoko leo mo temeng ya batho ba Ute, batho ba koo ba ipitsa Noochee. Go bidiwa batho ba dithaba ga batho ba Ute ke ka ntlha ya lefoko la Apache le le reng Yuttahih, le le rayang 'e e kwa godimo' kgotsa 'ba ba kwa godimo'.[13] Ka puo ya Spanish, e ne e bidiwa Yuta; ka jalo ba ba buang puo ya sekgoa ba ka tswa ba tsere lefoko la Utah mo go one a o.[14]
Ditso
[fetola | Fetola Motswedi]Pele ga Columbia
[fetola | Fetola Motswedi]Dikete tsa dingwaga pee ga kgorogo ya ma Yuropa, bagolwagolwane ba lotso lwa Pueblo le batho ba Fremont ba ne ba nna mo lefelong le le bidiwang Utah, bangwe ba bone ba bua dipuo tsa setlhopha sa Uto-Aztecan. Bagolwagolwane ba batho ba Pueblo ba ne ba aga malwapa a bone ka go epa dithaba, fa ba Fremont bone ba ne ba aga matlo a lotlhaka pele ga ba nyelela mo kgaolong eo.
Setlhopha se sengwe sa ma Amerika a pele ba lotso lwa Navajo, ba thibeletse mo kgaolong dingwa tse di diketekete di le lesome le boferabobedi tse di fetileng. Merafe e mengwe ya Uto-Aztecan e akaretsa Goshute, Paitute, Shoshone le ba Ute, le bone ba ne ba thibelela mo kgaolong. Ditlhopha tse tlhano tse di ne di le teng fa batlhotlhomisi ba Yuropa ba ntlha ba goroga.[15][16]
Popego le maje
[fetola | Fetola Motswedi]Diphologolo tsa naga
[fetola | Fetola Motswedi]Kgaolo ya Utah ke legae la diphologolo tse di nang le lerapo la mokwatla di feta makgolo a marataro[17] le tse di senang lerapo la mokwatla le ditshidinyana.[18]
Diphologolo tse di amusang
[fetola | Fetola Motswedi]Diphologolo tse di amusang di fitlhelwa mo karolong nngwe le nngwe ya Utah. Tse di kgolwane di akaretsa dinare,[19] [20]dikukama,[21] dikgama, podi ya naga, le dinku. Tse ditona le tse dinnye tse di jang nama di akaretsa bera e ntsho, puma, thwane, metlhose, boramoswe le tse dingwe.
Dinonyane
[fetola | Fetola Motswedi]Ka Firikgong ngwaga wa 2020, go ne go na le mefuta e le makgolo a mane, masome a marataro le borataro ya dinonyane tse di kwadilweng mo dikwalong tsa Utah Bird records.[22][23] Mo go tsone, di le lekgolo lesome le boferabongwe ke tse di leng fa di sa solofelwang teng, di le masome a mabedi le boferabongwe ke tse di sa tlwaelesegang mme di bonwa gangwe le gape, di le masome a matlhano le bosupa e le tse di sa solofelwang koo gotlhelele, di le lesome e le tse disha mo Utah le mo bokone jwa America.
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Utah (Online Dictionary ed.), Merriam-Webster, http://www.merriam-webster.com/dictionary/Utah
- ↑ "Introduction: Urban Growth in Utah", ; QGET Databook, Quality Growth Efficiency Tools (QGET) Technical Committee, Governor's Office of Management & Budget, State of Utah, 1997, archived from the original on November 4, 2014, retrieved February 19, 2025
- ↑ Deseret News, Opinion: Utahns are highly taxed and not stressed. How is that even possible?, published 30 March 2022, accessed 19 February 2025
- ↑ "Adults in Utah - Religion in America". Pew Research Center. Retrieved February 19 2025.
- ↑ "American Religious Identification Survey (2001)". ISSSC. Archived from the original on November 3, 2011. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ Canham, Matt (April 17, 2012). "Census: Share of Utah's Mormon residents holds steady". The Salt Lake Tribune. Archived from the original on February 19, 2025.
- ↑ Lindsey, Daryl (September 8, 2016). "Follow the profit: How Mormon culture made Utah a hotbed for multi-level marketers". Retrieved February 19, 2025.
- ↑ The Fastest-Growing States in America (and Why They're Booming)—Jordan Weissmann Archived May 25, 2017, at the Wayback Machine. The Atlantic (December 22, 2012). Retrieved on February 19, 2025.
- ↑ "Appendix E.—Ranking Tables" (PDF). State and Metropolitan Area Data Book: 2006. U.S. Census Bureau. December 22, 2008. Archived (PDF) from the original on March 25, 2009. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Best States Rankings". U.S. News & World Report. 2021.
- ↑ Amy Joi O'Donoghue (February 14, 2022). "How bad is the Western drought? New study says worst in 1,200 years. You read that right". Deseret News. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "If we want growth, we need water solutions". Okoren. N. www.utahbusiness.com. May 11, 2022. Retrieved February 19, 2025.
- 1 2 "Utah Quick Facts". Archived from the original on April 25, 2021. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ Carvajal, Guillermo (January 13, 2014). "El desconocido origen español del nombre de ocho Estados de Norteamérica" [The unknown Spanish origin of the name of eight States of North America]. ABC. Archived from the original on June 3, 2016. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Native Americans in Utah". historytogo.utah.gov. Archived from the original on June 25, 2017. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Utah's American Indians". ilovehistory.utah.gov. Archived from the original on June 25, 2017. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Vertebrate Animals". Utah Division of Wildlife Resources. Archived from the original on May 2, 2017. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Insects and Mollusks". Utah Division of Wildlife Resources. Archived from the original on May 25, 2017. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ Stewart, Ron; Nielson, Allen (January 2011). "American Bison (Bison bison)". Utah Division of Wildlife Resources. p. 3. Archived from the original (PDF) on April 15, 2021. Retrieved February 19, 2025..
- ↑ "American bison". Utah Division of Wildlife Resources. Archived from the original on July 19, 2020. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Elk or Wapati". Utah Division of Wildlife Resources. Archived from the original on July 19, 2020. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Birds of Utah". Utah Birds Records Committee. January 2020. Retrieved February 19, 2025.
- ↑ "Auxiliary Lists". Utah Birds Records Committee. May 2017. Retrieved February 19, 2025.