Valentine Kipketer
Valentine Jepkorir Kipketer (o tshotswe ka kgwedi ya Ferikgong e thola botlhano (5) ka ngwaga wa 1993) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o itsegeng ka sekgala sa halofo ya mmarathone le sa mmarathone. O fentse dimarathone kwa Mumbai le Amsterdam mme o emetse naga ya gagwe kwa Dikgaisanong tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2013 tsa Diatleletiki. O na le diura tse di kwa godimo tsa 2:23:02 mo mmarathoneng le diura di le 1:08:21 mo mmarathoneng wa halofo.
Kipketer o ne a tlhagelela la ntlha mo dikgaisanong tsa go taboga go kgabaganya naga: morago ga go nna mo maemong a botlhano kwa Eurocross ya ngwaga wa 2008 a le dingwaga di le lesome le botlhano,[1]ka ngwaga wa 2009 o ne a nna mo maemong a boraro kwa Dikgaisanong tsa go Kgabaganya Naga tsa Discovery kwa Eldoret mme e ne e le mmampodi wa basha ba North Rift Valley.[2][3]Tiro ya gagwe ya boditšhabatšhaba e simolotse ka ngwaga wa 2010 kwa Netherlands: o ne a taboga dimitara di le 5000 ka metsotso e le 16:22.83 kwa Metshamekong ya FBK, a tsaya maemo a boraro kwa 4 Mijl van Groningen mme a nna mo go ba le lesome ba ba kwa godimo kwa Zevenheuvelenloop.[4]
Phitlhelelo ya gagwe e ne ya tla ngwaga o o latelang fa a ne a fetogela mo dikgaisanong tsa go taboga mo tseleng. O ne a fenya lobelo lo logolo lwa Halofo ya Marathone wa Berlin ka metsotso e le 70:12.[5]Go fetsa mo maemong a bobedi kwa Zwolle Half Marathon go ne ga tla pele ga phenyo e nngwe e e tlhageletseng kwa Lille Half Marathon, kwa nako ya gagwe ya phenyo e neng e le metsotso e le 68:21 (e ne ya nna mo maemong a gagwe a bolesome le bongwe mo lefatsheng ka ngwaga oo).[6]O ne a ina ka fa tlase ga metsotso e le masome a supa gape kwa New Delhi Half Marathon, mme seno se ne se lekane fela go nna wa bosupa mo lebaleng le le neng le gaisana thata.[7] O ne a simolola ngwaga wa 2012 ka phenyo kwa Sejaneng sa Sefapaano sa Lotto sa Hannut.[8]Go tswa ga gagwe go gongwe fela mo ngwageng oo e ne e le go simolola sekgala sa marathone – o ne a etelela pele mo halofong ya tsela mme a nyelela mo halofong ya bobedi, a felela mo maemong a botlhano ka nako ya diura di le 2:28:02.[9]
Kipketer o ne a fenya lobelo lwa gagwe lwa ntlha lwa marathone kwa tshimologong ya ngwaga wa 2013, a tsaya sekgele kwa Marathone wa Mumbai ka nako e e kwa godimo ya diura di le 2:24:33. Le fa a ne a le mo maemong a bone fela kwa Berlin Half Marathon, o ne a tlhophiwa go tsenela Dikgaisano tsa Lefatshe Lotlhe tsa ngwaga wa 2013 tsa Diatleletiki. O ne a tlhobaela mo kgaisanong ya gagwe ya ntlha ya boditšhabatšhaba, a tlogela marathone wa Bommampodi ba Lefatshe Lotlhe. Marathone wa Amsterdam o ne a bona tsosoloso mo masegong a gagwe fa a ne a fenya lobelo lo logolo ka nako e ntšhwa e e gaisang ya diura di le 2:23:02, le fa a ne a bontsha go swaba ka go bo a sa taboga ka lobelo lo lo kwa godimo.[10]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ Hendrix, Ivo (2008-02-18). Dejaeghere the dominant winner at Diekirch Eurocross. IAAF. Retrieved on 2013-10-24
- ↑ Okoth, Omulo (2009-02-14). New faces emerge in Rift Valley as soldiers make good in Nairobi - Kenyan Provincial Championships round-up. IAAF. Retrieved on 2013-10-24
- ↑ Kisorio wins in Eldoret and has hopes for Amman XC. IAAF (2009-01-25). Retrieved on 2013-10-24.
- ↑ Valentine Kipketer. Tilastopaja. Retrieved on 2013-10-24.
- ↑ Wenig, Jörg (2011-04-03). Teenagers triumph at Berlin Half Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-24.
- ↑ 2011 Women's Half Marathon. IAAF. Retrieved on 2013-10-24
- ↑ Krishnan, Ram. Murali (2011-11-27). In close races, Desisa and Kabuu prevail in New Delhi Half. IAAF. Retrieved on 2013-10-24
- ↑ Michiels, Paul et al. (2012-01-23). Hannut Cross. Association of Road Racing Statisticians. Retrieved on 2012-01-23.
- ↑ Butcher, Pat (2012-04-29). Dawit again sub-2:06 as course records tumble in Hamburg. IAAF. Retrieved on 2013-10-24
- ↑ Chebet breaks Amsterdam course record with third victory in a row. IAAF (2013-10-20). Retrieved on 2013-10-24.