Jump to content

Veikko Nekundi

Go tswa ko Wikipedia
Motlotlegi
Veikko Nekundi
Tona wa tsa pereko le dipalamo
Assumed office
Mopitlo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2025
PresidentNetumbo Nandi-Ndaitwah
Prime MinisterElijah Ngurare
Vice PresidentLucia Witbooi
Pele Ga GagweJohn Mutorwa
Ka Ga Ena
O tsetsweNgwanatsele a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1977
Otshitutuma, kwa kgaolong ya Omusati, Namibia

Veikko Nekundi (o o tshotsweng ka Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1977) ke mopolotiki wa kwa Namibia o o berekang mo palamenteng ya Namibia e le tona wa ditiro le dipalamo fa e sale ka Mopitlo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2025. Ke molaodi gape mo palamenteng fa e sale ka 2015.[1][2] Ka ngwaga wa 2020 o ne a tlhomamisiwa e le leloko la palamente a tlhomiwa mothusa tona.[3]

Botshelo jwa gagwe

[fetola | Fetola Motswedi]

Nekundi o tshotswe ka Ngwanatsele a le masome mabedi le bone ngwaga wa 1977 kwa Otshitutuma, kwa kgaolong ya Omusati.[1] O berekile e le monana wa tlhabololo le katiso kwa toropokgolo Windhoek go tswa ka 2005 go tsena 2015.

Ka 1998, o berekile e le tautona wa khansele e e emetseng baithuti kwa sekolong sa nako eo sa Polyechnic of Namibia.[4] Ka 2013, o ne a aloga ka Masters degree ya tsa kgwebo go tswa kwa University of Namibia. Fa godimo ga foo, o na le B-Tech ya thekiso le papatso, e a alogileng ka 2009, ka 2008 o ne a aloga ka BBA, kwa Namibia University of Science and Technology[1], morago ga gore mokwaledi mogolo wa lekgotla la banana la SWAPO Elijah Ngurare a kobiwe mo maemong a gagwe ka 2015, Nekundi o ne a mo tshwarelela go tswa ka 2015 go tsena 2017.

Nekundi o ne a tlhomiwa tona wa tsa pereko le mesepele ke tautona Netumbo Nandi-Ndaitwah ka Mopitlo a le masome mabedi le bobedi ngwaga wa 2025.[5]

  1. 1 2 3 "Nekundi, Veikko". Namibian Parliament. Retrieved 2025-10-16
  2. info_e12wt4cs (2020-06-17). "Nekundi's taint affects Geingob – Windhoek Observer". Retrieved 2025-10-16
  3. info_e12wt4cs. "Veikko Nekundi – News Stand". Retrieved 2025-10-16
  4. Ngutjinazo, Okeri (2014-09-05). "The colourful Mr Nekundi". Investigation Unit. Retrieved 2025-10-16
  5. Endjala, Martin (2025-03-22). "Nandi-Ndaitwah announces new Cabinet: Lucia Witbooi vice president, Ngurare prime minister". The Namibian. Retrieved 2025-10-16