Jump to content

Veronica Bekoe

Go tswa ko Wikipedia
Veronicah Bekoe
Veronica Bekoe, motlhami wa Veronica Bucket
Ke moGhanaian
ThutoKwame Nkrumah University of Science and Technology
TiroNgaka
Notable work
Veronica Bucket

Veronica Ayele Bekoe ke moitseanape wa ditshedi wa kwa Ghana. O itsege ka seabe sa gagwe mo go tlhameng Veronica bucket e e dirisiwang go fokotsa go anama ga malwetsi a a tshelwanang.[1][2][3][4][5]

Veronica o simolotse dithuto tsa gagwe tse dipotlana kwa sekolong sa basetsana sa puso se gompieno se bidiwang Avenue Basic School kwa Accra. O ne a ya go tsena Aburi Girls School.[6] A ya go tsweledisa sekolo kwa Kwame Nkrumah University of Science and Technology, kwa a neng a aloga ka Bachelor of Science ya Biology ka 1968 go tsena 1972.[7][8][9]

Tiro ya gagwe kwa Ghana Health Service e simolotse ka 1972  go tsena 2008, a bereka kwa laboratoring ya botsogo jwa setshaba, o na le kitso ya dingwaga di feta masome a mararo mo go tsa tirelo ya botsogo.[10][11] O na le maitemogelo mo go tsa tlhokomelo ya dilaboratari, go tlhama melawana ya katiso, go rutuntsha le go tlhama melawana ya go baakanya dilo mo labong.[12]

Veronica o itsege ga tlhamo ya gagwe ya Veronicah bucket, sedirisiwa se se kganelang kgotsa se fokotsa go nama ga malwetsi a a tshwanang le Cholera ka go tlhapa matsogo. Ka 2020, emere e e ne e dirisiwa thata mo Aforika e lefatshe ka bophara go lwantsha segajaja sa COVID-19.[10][13] Itemogelo le tlhamo ya gagwe ya Veronica bucket e ne e le maduo a bothata kgotsa phatlha e a neng a e bone mo tirong ya gagwe, o ne a lemogile gore na le bothata ka metsi a dipompo, ba tshwanelwa ke go dirisa sekotlele sa metsi go tlhapa mabogo morago ga go dira tiro ya kalafi, mo go neng go le borai mo botsogong jwa bone ka mongwe le mongwe a ne a dirisa metsi a a tshwanang go fitlhelela a nna leswe, fa a bona gore se se ka raya eng mo botsong jwa bone, o ne a tlhama emere e e nang le pompo, e gantsi e neng e dirisiwa go rekisa Hausa koko, e gompieno e itsegeng ka Veronica bucket.[8][14][15][16][17]

  • O ne a fiwa seetsele ke Mrs. Rebecca Akufo-Addo ka tlhamo ya gagwe ya go emisa malwetsi a a tshelanwang ka go dirisa metsi le molora.[18]
  • O ne a amogela seetsele sa covetous order of the Volta ka go botlhami jwa gagwe.[19]
  1. "Mrs. Veronica Bekoe".
  2. "Ghana Together Health and Sanitation Projects". ghanatogether.org. Retrieved 2025-10-27
  3. "Inventor of Veronica Bucket laments over unsuccessful attempts to patent it". ABC News Ghana. 2020-04-01. Retrieved 2025-10-27
  4. Adu, Dennis (2020-03-26). "Revealed: Why this bucket is called 'Veronica Bucket'". Adomonline.com. Retrieved 2025-10-27
  5. Acheampong, Kwame (2020-03-23). "Covid-19: You're 99% protected with effective hand washing - Veronica bucket inventor". Starr Fm. Archived from the original on 2020-07-19. Retrieved 2025-10-27
  6. "Veronica Bucket inventor shares intriguing story about its origin - MyJoyOnline.com". www.myjoyonline.com. Retrieved 2025-10-27
  7. Quist, Ebenezer (2020-03-25). "Meet Veronica Bekoe the genius Ghanaian woman who invented veronica buckets". Yen.com.gh - Ghana news. Retrieved 2025-10-27
  8. 1 2 "Veronica Bucket inventor seeks government support for patenting". Graphic Online. April 2020. Retrieved 2025-10-27
  9. "The Ghanaian Woman Who Invented The Veronica Bucket". 30 March 2020
  10. 1 2 Tetteh, Nii Okai. "Veronica Bekoe: The Ghanaian Inventor Of The Life Saving Veronica Buckets | Kuulpeeps - Ghana Campus News and Lifestyle Site by Students". Retrieved 2025-10-27
  11. "Mrs. Veronica Bekoe – CfHSS". Retrieved 2025-10-25
  12. "Why is this bucket called 'veronica bucket'?". New Ghanaweb. 2020-03-26. Retrieved 2025-10-25
  13. Tetteh, Nii Okai. "Veronica Bekoe: The Ghanaian Inventor Of The Life Saving Veronica Buckets | Kuulpeeps - Ghana Campus News and Lifestyle Site by Students". Retrieved 2025-10-27
  14. "I invented the Veronica Buckets for my colleague biological scientists - Veronica Bekoe". www.ghanaweb.com. 30 March 2020. Retrieved 2025-10-27
  15. "Veronica Bucket-Interview of the Ghanaian prof who created it". YouTube.
  16. "HOW VERONICA BUCKET WAS INVENTED BY MADAM VERONICA BEKOE". YouTube.
  17. "SHE INVENTED THE VERONICA BUCKET BUT HMM: SHE TELLS HER STORY". YouTube. 13 April 2020.
  18. "Veronica Bucket: The Ghanaian invention helping in coronavirus fight".
  19. "National Honours: Veronica Bekoe awarded". 2023-03-14. Retrieved 2025-10-27