Veronica bucket

Veronica bucket[1] ke mothale wa go tlhapa diatla o o tlholegang kwa Ghana, o o akaretsang emere ya metsi, e na le pompo kwa tlase, e tometswe bogodimo jwa lebogo, le sejana kwa tlase go beeletsa metsi a a leswe. Veronica bucket e tlhamilwe ke Veronica Bekoe. Veronica bucket ke tsela e e motlhofo ya go rotloetsa go tlhapa diatla mo go lolameng go dirisiwa metsi a a elelang. Bekoe mo puisanong o ne a supa fa emere e ne e diretswe go mo thusa ene le babereki ka ene go tlhapa diatla mo metsing a a elelang morago ga sebaka mo labong. O ne a re, re tlwaetse go tlhapa diatla mo sejaneng, ba bangwe ba tlhapa mo metsing ao, golo mo go borai. Babereki ka nna ba ne ba leswafatsa diatla tsa bone go na le go di phepafatsa. Fa godimo ga bomolemo jwa go tlhapa diatla ka COVID,a Veronica bucket e mosola mo dikgaolong tse metsi a seng bonolo go bonwa.[2]

Tiriso
[fetola | Fetola Motswedi]Emere e e dirisiwa gape mo mafatsheng a mangwe a Aforika. E tlwaelesegile mo mafelong a tshwana le dikolo, dipatela,dikereke le mafelo a a senang dipompo.[2] E tlwaelesegile mo Ghana morago ga go jwalega ga segajaja sa coronavirus jaaka beng gae ba tlhapa diatla kgapetsakgapetsa go kganela go anama ga yone.[3][4] Kwa kgaolong ya Ekiti kwa Nigeria, molaodi Kayode Fayemi o ne a laola mafelo otlhe go netefatsa gore go na le metsi mo dipompong kgotsa veronica buckets go rotloetsa go tlhapa diatla gangwe le gape e le tsela ya go thibela go anama ga COVID-19.[5]
Pele ga go anama ga COVID-19, tlhamo e e ne e dirisiwa mo dikolong dingwe le dipatela mme jaanong we tlhokega thata ka ntlha ya seabe sa yone mo go thibeleng kanamo ya COVID-19.Gompieno e kgonwa go bonwa mo mabentleleng, dipatela, metheo ya dikgwebo, le diofisi tsa puso. E tlhamilwe ke mme wa kwa Ghana Veronica Bekoe, o e reeletsweng ka ene. O supa fa emere e reeletswe ka ene ka 1933 ke Joan Hetrick.[6] Bekoe o berekile mo botsogong jwa setshaba le labo ya Ghana go tswa ka 1972 go tsena 2008.[7]
Go dirwa ga yone
[fetola | Fetola Motswedi]Tlhamo e e simolotse e dirwa ke badiri ka ditala ba mo gae ka dikotlele tsa tshipi tse di dirisiwang go rekisa Hausa Koko, di napareditswe dipompo. Gompieni di dirwa ka mebala e e farologaneng.[8][9][10]
Ka Tlhakole 2021, Veronica Bekoe o ne a itsise ka emere e e tokafaditsweng go fokotsa go e kgoma, le go thusa go emisa go anama ga COVID-19.[11]
Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ "Veronica Bucket". Asembi.com. Archived from the original on 2021-07-13. Retrieved 2025-10-28
- 1 2 "Why is this bucket called 'veronica bucket'?". Graphic.come.gh. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Saving Lives with a Little Soap and Water: New Behavior Change Communication Package promotes healthy hygiene practices - Global Communities Ghana". www.globalcommunitiesgh.org. Archived from the original on March 26, 2020. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Banks in Suhum step up measures against coronavirus spread". www.msn.com. Retrieved 2025-10-28
- ↑ Ani, Emmanual. "COVID-19: Ekiti shuts down schools, institutions". Daily Post. Retrieved 28 October 2025
- ↑ "Veronica Bucket inventor shares intriguing story about its origin - MyJoyOnline.com". www.myjoyonline.com. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Veronica Bucket: The Ghanaian invention helping in coronavirus fight". www.ghanaweb.com. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Traders cash in on Veronica buckets as demand goes up due to COVID-19". Citinewsroom. 2020-03-25. Retrieved 2025-10-28
- ↑ "Time with Veronica Bekoe (Designer of the Veronica Bucket)".
- ↑ "How to wash your hands using Veronica Bucket - Auntie Vero teaches".
- ↑ "Veronica Bekoe launches new and improved veronica bucket". www.ghanaweb.com. 2021-02-10. Retrieved 2025-10-28