Jump to content

Victor Ntweng

Go tswa ko Wikipedia

Victor Bonnye Ntweng (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e thola bongwe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe le masome a robabongwe le botlhano (1995) ke moatlelete wa sekgatshi. Ke motho yo a kileng a nna mmamoratwa wa bosetšhaba wa go feta dimetara di le makgolo a mane (400 )tsa Botswana.[1]

Ke leloko la setlhopha sa diatleletiki sa Maun BDF mme o katisiwa ke Kebonyemodisa Mosimanyane[2] [3]. Ntweng e ne e le motabogi wa dimetara di le makgolo a mane (400) pele a fetogela mo go 400m hurdles. O ne a tlhoma rekoto e ntšhwa ya bosetšhaba ya 49.80 ya metsotswana ya 400m hurdles ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022).[4]O ne a fetsa a le bosupa kwa Dikgaisanyong tsa Aforika tsa Athletics kwa Saint Pierre, Mauritius ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022). [5]O ne a tlhophiwa go emela Botswana kwa Metshamekong ya Commonwealth ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bobedi (2022) kwa Birmingham. [6]

Ka kgwedi ya Tlhakole ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024)'o ne a fokotsa rekoto ya gagwe e e gaisang le ya bosetšhaba go nna 49.14 ya metsotswana.[7] O ne a gapa sekgele sa selefera kwa Metshamekong ya Aforika ya 2023 kwa Accra ka metsotswana e le 49.38. [8]

Ka kgwedi ya Seetebosigo ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), o ne a gapa gouta mo metshamekong ya 400 metres hurdles kwa African Championships kwa Douala, Cameroon. [9]O ne a gaisana kwa Diolimpiking tsa Selemo tsa 2024 kwa Paris ka kgwedi ya Phatwe ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le bone (2024), mo metshamekong ya 400 metres hurdles.[10]

O ne a gaisana kwa 2025 World Athletics Relays kwa China mo go Mixed 4 × 400 metres relay ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025).[11] O ne a tlhophiwa go tsenela dikgaisano tsa bommampodi tsa lefatshe tsa metshameko ya diatleletiki kwa Tokyo, Japan, ka kgwedi Lwetse ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le botlhano (2025), mme o ne a le mo semi-finalling mo metshamekong ya banna ya 400 metres hurdles, o ne a dira rekoto ya gagwe ya metsotso e le 48.54 mo kgaisanong ya ntlha. [12]

Ka kgwedi ya Motsheganong ka ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026)' o ne a gapa sekgele sa selefera mo metshamekong ya go taboga ka dikgoreletsi ya dimetara di le 400 kwa Metshamekong ya Aforika ya ngwaga wa dikete tse pedi le masome a mabedi le borataro (2026 )kwa Accra, Ghana. [13]

  1. Victor Ntweng". World Athletics. Retrieved 22 March 2024.
  2. Botswana: Mosimanyane - Man On Golden Mission". All.Africa. 2 December 2020. Retrieved 22 March 2024.
  3. Ramono, Kitso (1 February 2024). "A star is born". The Voice BW. Retrieved 22 March 2024.
  4. "African Athletics Championships". World Athletics. 8 June 2022.
  5. "NTWENG SETS 400M HURDLES NATIONAL RECORD". Daily News. 14 March 2022. Retrieved 22 March 2024.
  6. Sekgweng, Baitshepi (3 August 2022). "Redemption time". The Voice BW. Retrieved 22 March 2024
  7. "Invitational Track and Field Event". World Athletics. 17 February 2024. Retrieved 22 March 2024.
  8. Chepkoech sets championship record and Zango retains title at African Games". World Athletics. 22 March 2024. Retrieved 22 March 2024.
  9. Brume sails to fourth title as Bass Bittaye and Moraa win at African Championships in Douala". World Athletics. 24 June 2024
  10. Men's 400m Hurdles Results - Paris Olympic Games 2024 Athletics". Watch Athletics. 9 August 2024. Retrieved 30 August 2024.
  11. Mixed 4x400 Metres Relay - World Athletics Relays Championships 2025". Watch Athletics. 11 May 2025. Retrieved 13 May 2025.
  12. "World Athletics Championships, Tokyo 2025". World Athletics. 16 September 2025. Retrieved 23 September 2025.
  13. African Athletics Championships 2026: Lee Eppie leads Botswana charge as Day 3 delivers first medals for hosts Ghana". Olympics. 14 May 2026. Retrieved 14 May 2026.