Jump to content

Victoria Hamunyela

Go tswa ko Wikipedia

Victoria Hamunyela (yo o tshotsweng ka Firikgong a le masome mabedi le bobedi ka 2003) ke motshameki wa kirikete wa Namibia.[1] O ne a tshameka mo kgaisanong ya Women's Twenty20 International (WT20I) mo setlhopheng sa basadi sa Namibia sa kirikete ka Phatwe a le masome a mabedi ka 2018, kgatlhanong le Malawi, kwa kgaisanong ya 2018 Botswana Cricket Association Women's T20I Series.[2] E ne e le motshameko wa ntlha wa WT20I go tshamekiwa ke Namibia.[3]

Ka kgwedi ya Phatwe ka 2019, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Namibia sa 2019 ICC Women's World Twenty20 Qualifier kwa Scotland.[4][5] O ne a tshameka mo motshamekong wa ntlha wa Namibia wa kgaisano, ka 31 Phatwe 2019, kgatlhanong le Ireland.[6] Ka Motsheganong wa 2021, o ne a bidiwa mo setlhopheng sa Namibia sa kgaisano ya 2021 Kwibuka Women's T20 kwa Rwanda.[7] Mo motshamekong wa Namibia wa pulamadibogo, kgatlhanong le Nigeria, Hamunyela o ne a tsaya diwikete di le nne mo metabogong e robabobedi mme a bidiwa motshameki wa motshameko.[8][9] Morago ga go fela ga kgaisano, Hamunyela o ne a bidiwa mo setlhopheng sa kgaisano,[9][10] se se neng se tlhophilwe ke Rwanda Cricket Association.[11]

  1. "Victoria Hamunyela". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  2. "2nd Match, Botswana Cricket Association Women's T20I Series at Gaborone (Oval 2), Aug 20 2018". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  3. "Botswana 7s tournament: A complete round-up". Women's Criczone. Retrieved 16 February 2025.
  4. "Match official appointments and squads announced for ICC Women's T20 World Cup Qualifier 2019". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
  5. "Namibia announces women's cricket World Cup qualifier squad". Xinhua News. Archived from the original Retrieved 16 February 2025.
  6. "4th Match, ICC Women's T20 World Cup Qualifier at Arbroath, Aug 31 2019". ESPN Cricinfo. Retrieved 16 February 2025.
  7. "Irene van Zyl backs Namibia batting to come good in Kwibuka T20 Tournament". Women's CricZone. Retrieved 16 February 2025.
  8. "Victoria Hamunyela too good for Nigeria as Namibia start Kwibuka T20 with a win". Women's CricZone. Retrieved 16 February 2025.
  9. 1 2 Uugwanga, Michael (18 February 2022). "Meet a 19-year-old female cricket prodigy". Confidente. Retrieved 16 February 2025.
  10. "Kenya win fourth Kwibuka Women's Twenty20 title in Kigali". Daily Nation. Retrieved 16 February 2025.
  11. "Global Game: Kenya win the Kwibuka T20 Women Tournament, beat Namibia in Finals". International Cricket Council. Retrieved 16 February 2025.
[fetola | Fetola Motswedi]