Visiline Jepkesho
Visiline Jepkesho (o tshotswe ka kgwedi ya Sedimonthole e le masome a mararo (30) ka ngwaga wa 1989) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya. O ne a gaisana mo kgaisanong ya marathone kwa 2015 World Championships in Athletics le ka ngwaga wa 2016 Summer Olympics.[1]
O simolotse tiro ya gagwe ya go taboga mo tseleng ka ngwaga wa 2013 mme a fenya kgaisano ya Darıca Half Marathon. O ne a simolola go taboga marathone kwa Milan Marathon ka ngwaga wa 2014, mme a fenya ka nako ya 2:28:40. O ne a nna le diphenyo tse dingwe tse pedi tsa maemo a a kwa godimo mo ngwageng oo, a fenya podiamo kwa Gifu Seiryu Half Marathon le Lisbon Marathon, a tlhoma rekoto ya gagwe ya 1:10:53 le 2:26:47 mo tseleng.[2]
O ne a tsenela lebelo la maemo a a kwa godimo la ngwaga wa 2015 Paris Marathon mme a tsena mo go ba bararo ba ba kwa godimo ka nako ya 2:24:44. Seno se ne sa dira gore a tlhophiwe lekgetlho la ntlha go ya kwa dinageng di sele. Kwa tshimologong ya ngwaga wa 2016 o ne a tswa mo marathong a gagwe a ntlha (a palelwa ke go fetsa sekgala kwa Nagoya Women's Marathon), mme a boa a fenya gape kwa Paris Marathon.[2]
Ka ngwaga wa 2018 o ne a roba rekoto ya Ljubljana Marathon ka nako ya 2:22:58.[3]