Jump to content

Vivian Jerono Kiplagat

Go tswa ko Wikipedia

Vivian Jerono Kiplagat (o tshotswe ka kgwedi ya Ngwanatsele e le boferabongwe (9) ka ngwaga wa 1991) ke motabogi wa sekgala se seleele wa kwa Kenya yo o gaisanang boditšhabatšhaba mo metshamekong ya marathone le ya go taboga mo tseleng. O fentse dikgaisano di le dintsi tsa marathone, go akaretsa Abu Dhabi Marathon wa ngwaga wa 2019 le Milan Marathon wa ngwaga wa 2019. Rekoto ya gagwe e e gaisang ya marathone ke 2:20:18, e e beilweng kwa Marathone ya Milan ka ngwaga wa 2022.[1] O ne gape a fetsa a le wa boraro kwa Chicago Marathon wa ngwaga wa 2022, karolo ya World Marathon Majors series.[2]

Vivian Kiplagat o simolotse tiro ya gagwe ya boditšhabatšhaba ya marathone ka ngwaga wa 2018.

Mo ngwageng oo, o ne a fenya Buenos Aires Marathon ka nako ya 2:29:03.[3]O ne a latela ka phenyo kwa Honolulu Marathon, a dira nako ya 2:36:22.[4]

Ka ngwaga wa 2019, Kiplagat o ne a fenya Milan Marathon ka 2:22:25.[5]O ne gape a tsaya maemo a ntlha kwa Abu Dhabi Marathon ka nako ya 2:21:11.[1]

Ka ngwaga wa 2021, Kiplagat o ne a tlhoma rekoto ya gagwe ya semmarathone ya 1:06:07 kwa Copenhagen.[1]

Ka ngwaga wa 2022, o ne a taboga marathone ka nako ya 2:20:18 kwa Milan Marathon.[ Moragonyana mo ngwageng oo, o ne a nna wa boraro kwa Chicago Marathon ya 2022 ka nako ya 2:20:52.[2]

Ka ngwaga wa 2020, Kiplagat o ne a tsenela kgaisano wa ngwaga wa 2020 London Marathon, a fetsa a le wa borobongwe. Morago ga lobelo, o ne a bolelela metswedi ya dikgang ya kwa Kenya gore o itumeletse go gaisana mo kgaisanong ya maemo a a kwa godimo jaana. [6]

Ka ngwaga wa 2024, Kiplagat o ne a nna wa bosupa kwa Daegu Marathon ka nako ya 2:26:59.[7]

  1. 1 2 3 "Vivian Jerono KIPLAGAT". World Athletics. Retrieved 31 May 2025
  2. 1 2 "Kenyan runners Kipruto, Chepngetich win 2022 Chicago Marathon". WTTW News. 9 October 2022. Retrieved 31 May 2025.
  3. "Vivian Jerono Kiplagat wins Buenos Aires Marathon". Alamy. Retrieved 31 May 2025
  4. "Titus Ekiru, Vivian Kiplagat win Honolulu Marathon". Honolulu Star-Advertiser. 9 December 2018. Retrieved 31 May 2025
  5. "Kipyego, Kiplagat reign in Milan". Daily Nation. 3 April 2022. Retrieved 31 May 2025
  6. "Vivian Kiplagat happy to play bridesmaid role in London Marathon". Daily Nation. 4 October 2020. Retrieved 31 May 2025
  7. "Kiplagat, Vivian Jerono - RRM Online Guide". Road Race Management. Retrieved 31 May 2025.