Western Sahara
Western Sahara
Sáhara Occidental | |
---|---|
![]() Map of Western Sahara | |
Coordinates: 25°N 13°W / 25°N 13°W | |
Status | See political status of Western Sahara |
Countries | |
Largest city | Laayoune |
Area | |
• Total | 272,000 km2 (105,000 sq mi) |
[3] | |
Palo batho | |
• Total | 565,581[1][2] |
• Density | 2.03/km2 (5.3/sq mi) |
(2021) | |
Time zone | UTC+01:00 |
ISO 3166 code | EH |
Western Sahara ke kgaolo e e lwelwang kwa bokone-bophirima jwa Aforika. E bophara jwa di dikhilomitara di le dikete tse di makgolo mabedi, masome a supa le bobedi.[4] 30% ya kgaolo e e laolwa ke Sahwari Arab Democratic Republic (SADR); 70% e e setseng yone e laolwa[5][6]ke lefatshe le le mabapi la Morocco.[7] Ke kgaolo e e phatlaletseng thata go feta tse mafatshe otlhe mo Aforika, mme e le ya bobedi mo lefatsheng ka kakaretso. Palo ya batho ba kgaolo e akanyediwa e ka nna dikete tse thataro, lesome le borobabobedi, le makgolo a marataro. 40% ya banni ba nna mo toropong e e laolwang ke Morocco ya Laayoune, e e leng yone toropo e tona mo Western Sahara.[7][8]
Lefatshe la Western Sahara le ne le le mo taolong ya Spain, ka leina la Spanish Sahara go fitlhelela ka ngwaga wa 1975, le sale le nna mo lenaaneng la United Nations la dikgaolo tse di sa itaoleng fa e sale ka ngwaga wa 1963.[9] Ka ngwaga wa 1965, United Nations General Assembly e ne ya tsaya tshwetso ka Western Sahara, e kopa lefatshe la Spain go emisa go laola kgaolo e.[10] Morago ga ngwaga go ne ga ntshiwa molao wa resolution 2229 (XXI) ke ba UN General Assembly ba kopa lefatshe la Spain go dira tlhopo.[11] Ka ngwaga wa 1975, lefatshe la Spain le ne la tlogelela dithata tsa go laola kgaolo e ba le nosi, mme ba e kopanela le ba Morocco le Mauritania[12]. Go ne ga tsoga ntwa gareng ga mafatshe a le lekgotla la Sahrawi la Polisario Front, le le neng le itshupa fa e le lone le le tshwanetseng go etelela pele SADR kwa Tindouf, Algeria. Lefatshe la Mauritania le ne la ikgogela morago ka ngwaga wa 1979, mme lefatshe la Morocco la tsaya taolo ya kgaolo, le ditoropo tse ditona ga mmogo le ditswammung. Lekgotla la UN, le dumela fa Polisario Front e le yone moemedi o o tshwanetseng wa batho ba Sahrawi, ebile ba dumela fa batho ba o e le bone ba tshwanetseng go itseela tshwetso.[13][14]Lefatshe la Western Sahara ke lone le le iseng le tseye boipuso mo Aforika.[15][16]
Fa e sale ka tumalano ya UN ya go emisa ntwa ka ngwaga wa 1991, bontsi jwa kgaolo bo ntse bo eteletswe pele ke puso ya Morocco, ba engwe nokeng ke mafatshe a France le United States. Kgaolo e e setseng e eteletswe pele ke SADR, ka thotloetso ya lefatshe la Algeria.[17] Mafatshe a tshwana le la Russia ga ba tseye lotlhakore fa go tla mo go dumalaneng gore ke mang oo tshwanetseng go etelela pele lefatshe le. Go tsena ka ngwaga wa 2020 go ne go sena mafatshe ape a a mo United Nations a a neng a lemoga ketelelo pele ya Morocco mo dintlheng dingwe tsa Western Sahara.[18][19][20]Ka ngwaga wa 2020, lefatshe la United States le ne la simolola go lemoga se, ka tumalano ya gore ba nne le botsalano le lefatshe la Israel.[21][22] Ka ngwaga wa 2023, lefatshe la Israel le ne la amogela ketelelopele ya Morocco mo Western Sahara.
Tlholego
[fetola | Fetola Motswedi]Lefatshe la Western Sahara le kwa bokone-bophirima jwa lotshitshi lwa bophirima jwa Aforika gaufi le bokone jwa Aforika, le mo molelwaneng wa lewatle la Atlantic kwa bokonebophirima, lefatshe la Morocco kwa bokone le bokone-botlhaba, Algeria kwa botlha le bokone-botlhaba le Mauritania kwa botlhaba le borwa. [23]


Metswedi
[fetola | Fetola Motswedi]- ↑ ""World Population Prospects 2022"". population.un.org. United Nations Department of Economic and Social Affairs, Population Division. Retrieved July 17, 2022.
- ↑ "World Population Prospects 2022: Demographic indicators by region, subregion and country, annually for 1950-2100" (XSLX). population.un.org ("Total Population, as of 1 July (thousands)"). United Nations Department of Economic and Social Affairs, Population Division. Retrieved July 17, 2022.
- ↑ Encyclopædia Britannica: Western Sahara summary
- ↑ Encyclopædia Britannica: Western Sahara summary
- ↑ "A/RES/35/19 – E – A/RES/35/19". Question of Western Sahara. p. 214. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ Christian Walter; Antje von Ungern-Sternberg; Kavus Abushov (5 June 2014). Self-Determination and Secession in International Law. OUP Oxford. p. 264. ISBN 978-0-19-100692-0.
- ↑ 7.0 7.1 City Population: Western Sahara (disputed territory)
- ↑ Department of Economic and Social Affairs Population Division (2009). "World Population Prospects, Table A.1" (PDF). 2008 revision. United Nations. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ Mariano Aguirre, Vers la fin du conflit au Sahara occidental, Espoirs de paix en Afrique du Nord Latine Archived 13 November 2013 at the Wayback Machine in: Le Monde diplomatique, Novembre 1997
- ↑ United Nations General Assembly (16 December 1965). "Resolutions Adopted by the General Assembly During Its Twentieth Session – Resolution 2072 (XX) – Question of Ifni and Spanish Sahara".
- ↑ "Milestones in the Western Sahara conflict". Archived from the original on 13 March 2025.
- ↑ González Campo, Julio. "Documento de Trabajo núm. 15 DT-2004. Las pretensiones de Marruecos sobre los territorios españoles en el norte de África (1956–2002)" (PDF) (in Spanish). Real Instituto Elcano. p. 6. Archived from the original (PDF) on 13 March 2025.
- ↑ Stefan Gänzle; Benjamin Leruth; Jarle Trondal (15 November 2019). Differentiated Integration and Disintegration in a Post-Brexit Era. Taylor & Francis. p. 191. ISBN 978-0-429-64884-7.
- ↑ "United Nations General Assembly Resolution 34/37, The Question of Western Sahara". undocs.org. United Nations. 21 November 1979. A/RES/34/37. Retrieved 13 March 2025
- ↑ "Western Sahara: A Rare Look Inside Africa's Last Colony as U.S. Recognizes Moroccan Occupation". Democracy Now!. 4 December 2020. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ Connett, David (23 January 2016). "Africa's last colony has taken its struggle for self-determination to European courts". The Independent. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ Baehr, Peter R. The United Nations at the End of the 1990s. 1999, page 129.
- ↑ "Report of the Secretary-General on the situation concerning Western Sahara (paragraph 37, p. 10)". 2 March 1993. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ Watch, Western Sahara Resource. "Western Sahara not part of EFTA-Morocco free trade agreement – wsrw.org". www.wsrw.org. Archived from the original on 28 December 2016. Retrieved 13 March 2025.
- ↑ "International law allows the recognition of Western Sahara – Stockholm Center for International Law and Justice". 7 November 2015.
- ↑ Magid, Jacob (10 December 2020). "'Historic decision': Israel and Morocco agree on full ties 'as soon as possible'". Times of Israel. Retrieved 10 December 2020.
- ↑ "Joint Declaration of the Kingdom of Morocco, The United States of America and the State of Israel" (PDF).
- ↑ "Western Sahara | Facts, History, & Map". Encyclopedia Britannica. Retrieved 13 March 2025.