Jump to content

When Rain Clouds Gather

Go tswa ko Wikipedia
When Rain Clouds Gather
Setshwantsho:When Rain Clouds Gather cover.png
Pati ya kgatiso ya ntlha
MokwadiBessie Head
LefatsheUnited Kingdom
TemeSeEsemane
MofutaPadi
ModiriVictor Gollancz
Letsatsi le dirilweng ka lone
Tempolete:Date and age
ISBN0435909614
OCLC251800534
Followed byMaru 

When Rain Clouds Gather ke lokwalo la padi la ntlha ka ga Bessie Head, mokwadi wa Motswana-ka-MoAforika Borwa, e gatisitswe ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabbongwe, masome a marataro le borobabobedi.[1][2][3]

A sa bolo go tswa kwa Aforika Borwa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le bone, Head o kwadile lokwalo lo a le mo botshabelong mo Botswana, a tla a e fetsa ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a marataro le bosupa.[4] E gatisitswe la ntlha mo Lontone ke Victor Gollancz ya gatisiswa gape ke William Heinemann ka ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a supa le bobedi, fa mo Amerika gone e gatisitswe ke ba Simon & Schuster.[5]

Neelano ya ditiragalo

[fetola | Fetola Motswedi]

Makhaya o siela kwa Botswana go tswa kwa Aforika Borwa ka nako ya puso ya tlhaolele. Kwa motseng wa Golema Mmidi o kopana le Gilbert, monna wa lekgoa o o lekang go ntshafatsa ditsela tse temo e diriiwang ka tsone. Ba kopanya ditlhogo go dira lefelo le batho ba berekang sentle mmogo, mme kgosi wa motse o kgatlhanong le se.[5]

David P. Bargueno o kwadile gore buka e e gatelela dikgang tsa tsholofelo le boitlhobogo, e supa lorato e le selo se se ka fenyang mathata ape, se e le kakanyo e e seong mo tirong ya ga Head ya ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, masome a supa le boraro ya A question of Power, e e kwadilweng morago ga gore a nne le go tshwenyega thata mo maikutlong.[6]

Helen Oyeyemi o kwadile ka When Rain Clouds Gather le Head a re "banna ba gagwe [ ] ba na le go itemoga mo go tseneletseng, ba na le maikutlo a basadi, se se ba tomola kwa godimo ga seelo sa banna ba bangwe, ba Head a ne a ngongorega gore banna ba Aforika ka setso ba ngotlilwe go nna jalo.[7]

Fa a kwala mo Open Cultural Studies ka ngwaga wa dikete pedi, lesome le borobabongwe, Gerd Bayer a re When Rain Clouds Gather e ne e bua ka polotiki ya dingwaga di le makgolo a a le masome mabedi. Go golagana ga baanelwa bangwe ba ka tsela nngwe ba tlolang molao go ntsha mogopolo wa gore dikakanyo le ngwao di baka dikgogakgono tsa lefelo.[8]

Ka ngwaga wa dikete pedi, masome a mabedi le bobedi, When Rain Clouds Gather e ne e akareditswe mo Big Jubilee Read, motseletsele wa dibuka di le masome a supa ka bakwadi ba mafatshe a selekanye ba ba neng ba di kwadile go ipelela dingwaga tsa ga Mma Mosadinyana di le masome a supa a ntse a le mo pusong.[9][10]

Buka e inolwa mo porojekeng ya When Rain Clouds Gather: Black South African Women Artists, ngwaga wa sekete, makgolo a robabongwe, le masome a mane go tsena ngwaga wa dikete tse pedi, e rulagantswe ke Portia Malatje le Nontokobelo Ntombela.[11]

  1. "When Rain Clouds Gather | Encyclopedia.com". www.encyclopedia.com.
  2. "248. When Rain Clouds Gather by Bessie Head*". ImageNations. 12 July 2013.
  3. Accone, Darryl (6 July 2021). "Why Bessie Head wrote". News24.
  4. Jagne, Siga Fatima; Parekh, Pushpa Naidu (12 November 2012). Postcolonial African Writers: A Bio-bibliographical Critical Sourcebook. Routledge. ISBN 9781136593970 – via Google Books.
  5. 1 2 Head, Bessie (22 April 1968). "When Rain Clouds Gather". openpublishing.psu.edu.
  6. Irele, Abiola (22 April 2010). The Oxford Encyclopedia of African Thought. Oxford University Press. ISBN 978-0-19-533473-9 via Google Books.
  7. Head, Bessie (2 September 2010). When Rain Clouds Gather And Maru. Little, Brown Book Group. ISBN 9780748125685 via Google Books.
  8. Bayer, Gerd (1 January 2019). "When Earth Matters: Bessie Head's When Rain Clouds Gather". Open Cultural Studies. 3 (1): 448–455. doi:10.1515/culture-2019-0038. S2CID 198490260 via www.degruyter.com.
  9. Sherwood, Harriet (18 April 2022). "The God of Small Things to Shuggie Bain: the Queen's jubilee book list". The Guardian. London.
  10. "BBC Arts - BBC Arts - The Big Jubilee Read: Books from 1962 to 1971". BBC. 17 April 2022.
  11. Moloi, Nkgopoleng (October 2022). "'When Rain Clouds Gather: Black South African Women Artists, 1940–2000". Artforum. Retrieved 09 July 2026